Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Sotla Bana go Tloga go Fela!

Go Sotla Bana go Tloga go Fela!

Go Sotla Bana go Tloga go Fela!

“MOKGATLHO wa Ditšhaba Tse di Kopaneng o ne wa bolela mo Maikanong a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Batho gore bana ba tshwanetse go newa tlhokomelo le thuso e e kgethegileng.” Puo ya ntlha ya Kopano eno e e buang ka Ditshwanelo Tsa Bana e ne ya oketsa jaana ka botlhokwa jwa lelapa: “Gore ngwana a gole sentle, o tshwanetse go golela mo lelapeng, mo tikologong ya batho ba ba itumetseng ba ba lorato le ba ba kutlwelobotlhoko.” Le fa go ntse jalo, seno se kgakala le go fitlhelelwa.

Ga go a lekana go bua fela ka lefatshe le le botoka le bana ba ka tshelang mo go lone. Boitsholo jo bo maswe bo a anama mme batho ba le bantsi ba bo tsaya e le jo bo itshiametseng fela. Molao ga o ka ke wa laola go anama ga boitsholo jo bo maswe le bopelotshetlha. Tota le batsadi, go na le gore ba rate bana ba bone le go ba sireletsa, gantsi ke bone ba letlelelang dilo tseno. Ka jalo, re na le tsholofelo efe ya gore go dirisiwa ga bana jaaka diaka go tla fela?

Le mororo tsamaiso e e bosula eno e sa kgona go dira gore bana botlhe ba nne le magae a go nang le lorato le isagwe e e sireletsegileng mo go one, Mmopi wa rona o tla tloga a fedisa mofuta mongwe le mogwe wa ditiro tse di bosula le go repa ga boitsholo, go akaretsa le go dirisiwa ga bana jaaka diaka. Go ise go ye kae, Jehofa Modimo o tla tsaya kgato mo mererong ya batho ka Bogosi jwa gagwe mme seno se tla gakgamatsa lefatshe lotlhe. Batho ba ba rotloetsang ba bangwe go itshwara ka tsela e e sa siamang le ba ba dirisang ba bangwe ka bopelotshetlha ba tla atlholwa ke Modimo. Batho ba ba ratang beng ka bone, ke bone fela ba ba tla falolang le go tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo. “Bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.”—Diane 2:21, 22.

Akanya fela ka boitumelo jo bo tla nnang teng fa bana le bagolo ba kgona go tshela go se na bosula le go sotliwa ka tlhakanelodikobo! Tota le go utlwa botlhoko mo maikutlong le mo mmeleng go go bakiwang ke go dirisiwa ke ba bangwe ka bopelotshetlha le bothubaki di tla bo di sa tlhole di le teng. Batho ba ba kileng ba sotliwa ka tlhakanelodikobo ba tla kgona go tshela ba sa gakologelwe dilo tse di kileng tsa ba diragalela kgotsa go gopola matswela a tsone. “Dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.”—Isaia 65:17.

Ka nako eo, ga go na ngwana yo o tla tsholelwang go tla go tshwarwa makgwakgwa kgotsa go sotliwa ka tlhakanelodikobo. Boitumelo, lorato le kutlwelobotlhoko e tla bo e se toro fela. Isaia 11:9 e bolela jaana ka banni ba lefatshe le lesha la Modimo: “Ga di kitla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya.”

Eleruri, go tla nna le boitumelo jo bogolo fa go tla bo go sa tlhole go na le lehuma, go sa dirisiweng sentle ga diokobatsi, malapa a a sa itumelang le boitsholo jo bo maswe! Go tla rena kagiso, tshiamo le polokesego. “Batho ba me ba tla nna mo lefelong la bonno le le nang le kagiso le mo maagong a tshepo e e feletseng le mo mafelong a boikhutso a a nnang a sa tshwenyege.”—Isaia 32:18.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Tlhokomelo ya Batsadi e ka Thibela go Thubega ga Malapa

● “Batsadi ba me ba nkgothaleditse go dirisa dingwaga tsa me tsa go tsena sekolo ka botlhale le go ithutela tiro nngwe. Ga ba a ka ba mpateletsa go ithuta dithuto tse bone ba neng ba di batla, mme ba ne ba nthusa go tlhopha dikolo tse di rutang dithuto tse ke neng ke di batla.”—Tais.

● “Fa nna le kgaitsadiake re ne re ya mabenkeleng, mmè o ne a tsamaya le rona. Kwantle ga go re ruta go somarela, gape o ne a re ruta go tila diaparo tse di mo fesheneng e e feteletseng le tse di bonaletsang.”—Bianca.

● “Fa re ne re ya kwa diphathing, batsadi ba me gantsi ba ne ba botsa gore go ne go tla bo go na le bomang koo, go tla bo go tshamekiwa mmino wa mofuta ofe le gore phathi e ne e tla simolola le go fela leng. Re ne re ya re le lelapa kwa bontsing jwa diphathi tseno.”—Priscila.

● “Fa ke ne ke sa ntse ke le monnye le fa ke le mo dingwageng tsa bolesome, nna le batsadi ba me re ne re buisana ka tsela e e molemo ka metlha. Mongwe wa bana ba ke tsenang sekolo le bone o ne a lemoga seno mme a re: ‘Ke rata tsela e o buisanang le batsadi ba gago o phuthologile ka yone. Ga ke ikutlwe ke gololesegile go bua le mmè, mme gantsi se ke batlang go se itse ke se ithuta mo bathong ba bangwe.’”—Samara.

● “Ke ne ke le mosha yo o itumetseng wa dingwaga tsa bolesome. Ke ne ke sa bone sepe se se sa siamang mo bathong ba bangwe, mme ke ne ke tlhola ke tshegetse ruri. Ke ne ke ikutlwa ke phuthologile fa ke na le ditsala tsa me mme ke ne ke rata go bua ka dilo tse di tshegisang. Batsadi ba me ba ne ba tlhaloganya gore ke tsela e ke neng ke le ka yone mme ba ne ba sa leke go mphetola. Mme ba ne ba nthusa ka bopelonomi go tlhaloganya gore ke tshwanetse go nna kelotlhoko le go dira dilo ka tsela e e siameng fa ke dirisana le batho ba bong bo sele.”—Tais.

● “Jaaka basha ba bangwe ba bantsi, ke ne ka simolola go kgatlhegela batho ba bong bo sele. Rre o ne a mpeetse dingwaga tse ke neng nka simolola go ratana fa ke le mo go tsone. Ke ne ke se na bothata le seno. Go na le moo, ke ne ka lemoga gore batsadi ba me ba ne ba amega ka nna mme ba ne ba batla go ntshireletsa gore ke se ka ka gobala mo isagweng.”—Bianca.

● “Ke ne ke leba lenyalo e le selo se se itumedisang bogolo jang ka ntlha ya sekao sa batsadi ba me. Ba ne ba na le kamano le puisano e e molemo ka dinako tsotlhe. Ke gakologelwa gore fa ke ne ke intsha le mongwe, mmè o ne a nkgakolola gore ke itshware jang mo maemong mangwe a a rileng a bo a ntlhalosetsa le gore seno se ne se tla ama jang lenyalo la me.”—Priscila.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Mo lefatsheng le lesha la Modimo, ga go na ngwana ope yo o tla sotliwang