Ke Eng se se Phoso ka go Kopisa mo Ditlhatlhobong?
Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Eng se se Phoso ka go Kopisa mo Ditlhatlhobong?
“Mongwe le mongwe wa itse gore go kopisa go phoso, mme gone ke selo se se motlhofo go se dira.”—Jimmy, yo o nang le dingwaga tse 17.
AO KILE wa raelesega go okomela mo pampiring ya tlhatlhobo ya moithuti mmogo le wena fa o kwala tlhatlhobo kwa sekolong? Fa e le gore go ntse jalo, itse gore ga se wena fela. Jenna, yo o dirang mophato wa bo12, o bolela kafa baithuti mmogo le ene ba sa tlholeng ba tlhabiwa ke ditlhong ka teng fa ba kopisa: “Ba a ikgantsha fa ba bua ka tsela e ba kopisang ka yone. Ba go tsaya o le motho yo o sa tlhabologang fa o sa kopise!”
Go ya ka patlisiso nngwe e e dirilweng kwa United States, diperesente di le 80 tsa basha ba ba boneng maduo a a kwa godimo mo mophatong wa bone ba a amogela gore ba ile ba kopisa, mme diperesente di le 95 tsa baithuti bano “ba ba neng ba bona maduo a a kwa godimo” ga di a ka tsa lemogiwa fa di ne di kopisa. Fa Setheo sa Melao ya Boitsholo sa Josephson se sena go dira dipatlisiso mo baithuting ba feta 20 000 ba sekolo sa bogareng le ba sekolo se segolo, se ile sa swetsa jaana: “Fa go tsenwa mo kgannyeng ya boikanyegi le bothokgami dilo di senyegela pele.” Barutabana ba gakgamadiwa thata ke tsela e go kopisa go setseng go tlwaelegile ka yone! Mokaedi wa sekolo e bong Gary J. Niels o ile a ba a bolela jaana: “Ke ba sekae fela ba ba sa kopiseng.”
Batsadi ba le bantsi ba lebeletse gore bana ba bone ba ikanyege mo tirong ya bone ya sekolo. Le fa go ntse jalo, ka maswabi, bana ba le bantsi ba bontsha go sa ikanyege ka go kopisa. Ke mekgwa efe e mesha e ba e dirisang go kopisa? Ke ka ntlha yang fa basha bangwe ba ineelela go kopisa? Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go tila mokgwa ono?
Go Kopisa ka Didiriswa Tsa Boranyane Jwa Saense Jwa Maemo a a Kwa Godimo
Batho ba ba ratang go kopisa gompieno ba dirisa mekgwa e le mmalwa e ba ka kgonang go e dirisa ya go se ikanyege. Tota e bile, go kopisa ka go kwalolola tirogae go tswa mo moithuting yo mongwe kana ka go dirisa pampitshana e go kwadilweng dikarabo tsa tlhatlhobo mo go yone, ga se sepe fa go bapisiwa le mekgwa ya segompieno ya go kopisa ka didirisiwa tsa boranyane jwa saense jwa maemo a a kwa godimo. Mekgwa eno e akaretsa go dirisa di-pager go amogela dikarabo tsa dipotso tsa ditlhatlhobo go tswa kwa bathong ba bangwe; di-calculator tse di tsentsweng tshedimosetso e “ntsi go feta tse di tlwaelegileng”; dikhamera tse dinnye tse di fitlhiwang mo diaparong, tse di dirisediwang go romelela motho mongwe go sele dipotso gore a go thuse ka dikarabo; didiriswa tse di dirisediwang go romelela moithuti yo mongwe mo phaposing melaetsa ka marang a infrared; le eleng diaterese tsa Internet tse di nang le pampiri ya tlhatlhobo e e setseng e kwadilwe ya tlhatlhobo ya serutwa sepe fela!
Barutabana ba leka go thibela mokgwa ono o o tshosang wa go kopisa, mme ga go motlhofo go dira jalo. Ka gonne tota e bile ga se moithuti mongwe le mongwe—kana morutabana—yo o dumalanang le tlhaloso e e ntshiwang ya go kopisa. Ka sekai, fa baithuti ba dira tiro nngwe ka ditlhopha go ka nna ga se
ka ga lemotshega sentle gore ke leng go ka tweng ba bereka mmogo ka go thusana le gore ke leng go ka tweng ba a kopisetsana. Mo godimo ga moo, go na le ba bangwe ba ba ka nnang ba ja baithuti ba ba mo setlhopheng sa bone ntsoma ka go dira gore e nne bone fela ba dirang tiro yotlhe. Yuji yo o kwa kholejeng a re: “Bangwe ba baithuti bano ba botswa thata—ga ba dire sepe! Mme morago ga moo, ba bo ba fiwa maduo a a tshwanang le a ba ba dirang ka natla. Ke akanya gore seno se tshwana fela le go kopisa!”Go Reng ba Kopisa?
Go ya ka patlisiso nngwe, lebaka la konokono le le dirang gore baithuti ba le bantsi ba kopise ke go se ipaakanyetse tlhatlhobo. Baithuti ba bangwe, ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke moya wa go rata go gaisana wa kwa sekolong kana ke go bo batsadi ba bone ba lebeletse gore ba bone maduo a a kwa godimo, ba ka bona e kete ga go na ka tsela e nngwe. Sam, yo o nang le dingwaga tse 13, a re: “Batsadi ba me ba tsaya maduo e le selo sa botlhokwa. Ba rata go mpotsa jaana: ‘O bone maduo a kana kang mo tlhatlhobong ya gago ya dipalo? O bone maduo a kana kang mo tlhatlhobong ya gago ya Seesemane?’ Ga ke rate go nna ke bodiwa dipotso tseno!”
Ba bangwe ba kopisa ka ntlha ya go bo ka metlha ba utlwa ba patelesega go bona maduo a a kwa godimo. Buka ya The Private Life of the American Teenager ya re: “Go na le sengwe se se sa tsamayeng sentle mo thulaganyong e mo go yone motho, mo boemong jwa go itumelela go ithuta, a ikutlwang a patelesega go fitlhelela maduo a a kwa godimo fela, mme ka dinako tse dingwe a tshwanelwa ke go a fitlhelela ka ditsela tsa boferefere.” Baithuti ba le bantsi ba dumalana le seno. Ka gonne tota e bile, ga go ope yo o batlang go palelwa ke go falola tlhatlhobo, re sa re sepe ka go palelwa ke go falola mophato otlhe. Jimmy, yo e leng moithuti wa sekolo se segolo a re: “Batho ba bangwe ke fela gore ba tshaba gore ba tlile go tlholega mo ditlhatlhobong. Tota le fa ba itse dikarabo, ba kopisa fela go tlhomamisa gore a ba kwadile dikarabo tse di siameng.”
Bontsi jwa batho ba ba sa reng sepe ka go ikanyega ba ka dira gore go kopisa go lebege go se kotsi. Ka dinako tse dingwe go kopisa go ka lebega go le molemo tota. Greg, yo o nang le dingwaga tse 17, a re: “Maabane ke ne ka bona mosha mongwe a kopisa fa re kwala tlhatlhobo. Fa re amogela dipampiri tsa rona tsa tlhatlhobo gompieno, o ne a bone maduo a a kwa godimo go gaisa a me.” Ba le bantsi ba tlhotlhelediwa ke go bona dithaka tsa bone di tlwaetse go kopisa. Yuji a re: “Baithuti bangwe ba na le maikutlo a gore ‘fa ba bangwe ba kopisa, le nna ke tshwanetse go kopisa.’” A mme go ntse jalo?
Mokgwa o o Tsietsang
Bapisa go kopisa le go utswa. A lebaka la go bo batho ba le bantsi ba utswa le dira gore go utswa go tsewe go se phoso? ‘Tota ga go a nna jalo,’ o ka nna wa rialo—segolobogolo fa e le gore ke madi a gago a a utswilweng! Go kopisa go dira gore re amogele maduo a tota a sa re tshwaneleng—gongwe e bile re je batho ba ba dirang ka boikanyegi ntsoma. (Baefeso 4:28) Tommy, yo o sa tswang go fetsa dithuto tsa gagwe tsa sekolo se segolo o bolela jaana: “Tota ga se selo se se siameng. O ipolelela gore o itse selo, mme tota go sa nna jalo. Ka mantswe a mangwe o bua maaka.” Se Baebele e se buang ka kgang eno se tlhalosiwa sentle mo go Bakolosa 3:9 e e reng: “Lo se ka lwa akelana.”
Go kopisa e ka nna mokgwa o o tshwakgolang o go leng thata go kgaogana le one. Jenna a re: “Batho ba ba kopisang ba simolola go akanya gore ga ba tlhoke go ithuta gore ba kgone go falola ditlhatlhobo, ka gone ba ikaega fela ka go kopisa. Mme fa ba setse ba ikemetse ka nosi, ba palelwa ke go itirela dilo ka bobone.”
Molaomotheo o o kwadilweng mo go Bagalatia 6:7 o bontsha dilo fela jaaka fa di ntse, fa o re: “Le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.” Ditlamorago tsa go kopisa kwa sekolong di ka akaretsa go nna le segakolodi se se molato, ga dira gore ditsala tsa gago di se ka tsa tlhola di go tshepa le go palelwa ke go ithuta ka ntlha ya go bo o ne wa se ka wa ithuta go dirisa mokgwa o o molemo wa go ithuta. Fela jaaka kankere e e feleletsang e bolaya, mokgwa ono wa go tsietsa o ka anamela mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo jwa gago mme wa senya dikamano tsa gago le ba bangwe ba o ba ratang thata. Ruri go tla senya le kamano ya gago le Modimo, yo o sa itumedisiweng ke go tsietsa.—Diane 11:1.
Batho ba ba tshelang fela ka go kopisa ba itsietsa ka bobone. (Diane 12:19) Ditiro tsa bone di dira gore ba tshwane le babusi ba ba bosula ba motse wa bogologolo wa Jerusalema: “Re dirile maaka botshabelo jwa rona e bile re iphitlhile ka maaka.” (Isaia 28:15) Le fa go ntse jalo, tota motho yo o kopisang ga a ka ke a fitlhela Modimo ditiro tsa gagwe.—Bahebera 4:13.
O se Ka wa Kopisa!
Mo makgetlong a le mantsi basha ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang gore ba kopise—e leng matsapa a ba neng ba ka a dirisa ka tsela e e molemo go bona thuto ka tsela e e siameng. Jaaka Abby yo o nang le dingwaga tse 18 a bolela, “fa ba ne ba ka tseela go ithuta matsapa fela jaaka ba dira ka go kopisa, seo se ne se ka ba thusa thata.”
Mme gone, ke boammaaruri gore o ka ikutlwa o raelesega thata go kopisa. Mme o tshwanetse go tila serai seno! (Diane 2:10-15) O ka dira seo jang? Sa ntlha, gakologelwa lebaka la go bo o tsena sekolo—o se tsena ka gonne o batla go ithuta. Ke boammaaruri gore o ka nna wa bona go se mosola go ithuta dilo di le dintsi tse o ka nnang wa se ka wa di dirisa. Mme gone fa motho a efoga go ithuta ka go kopisa, o dira gore a se ka a nna le bokgoni jwa go ithuta dilo tse disha le go dirisa se a se ithutileng. Go tlhokega maiteko gore motho a kgone go tlhaloganya selo sentle; o tshwanetse go dira sengwe. Baebele e bolela jaana: “Reka boammaaruri mme o se ka wa bo rekisa—botlhale le kotlhao le tlhaloganyo.” (Diane 23:23) Ee, o tshwanetse go tsaya go ithuta le go ipaakanyetsa tlhatlhobo e le dilo tse di masisi. Jimmy o gakolola jaana: “O tshwanetse go dira tiro ya gago. Seno se tla dira gore o itshepe ka o itse gore o itse dikarabo.”
Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe go ka direga gore o se ka wa itse dikarabo tsotlhe, mme seo se ka dira gore o bone maduo a a kwa tlase mo tlhatlhobong. Le fa go ntse jalo, fa o tswelela pele o dira se se siameng, o ka kgona go lemoga se o tshwanetseng go se dira go tokafatsa maduo a gago.—Diane 21:5.
Yuji, yo o umakilweng pelenyana, ke Mosupi wa ga Jehofa. O tlhalosa se a se dirang fa baithuti mmogo le ene ba batla a ba thusa go kopisa, a re: “Selo sa ntlha—ke ba itsise gore nna ke Mosupi. Seo se nthusitse thata ka gonne ba itse gore Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba ikanyegang. Fa mongwe a nkopa gore ke mo thuse ka karabo fa re kwala tlhatlhobo, ke mmolelela fela gore ga ke batle. Fa re setse re feditse go kwala tlhatlhobo, ke gone nka mo tlhalosetsang gore ke eng fa ke ganne go mo neela karabo.”
Yuji o dumalana le se moaposetoloi Paulo a neng a se kwalela Bahebera, a re: “Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.” (Bahebera 13:18) Go tshela ka ditekanyetso tsa maemo a a kwa godimo tsa boikanyegi e bile o sa batle go di tlola ka go kopisa go dira gore maduo a a kwa godimo a o a amogelang a go tshwanele tota. O tlisetsa batsadi ba gago nngwe ya dimpho tse di gaisang tsotlhe tse o ka ba tlisetsang tsone go tswa kwa sekolong—e leng go ikanyega ga gago jaaka Mokeresete. (3 Johane 4) Mo godimo ga moo, o nna le segakolodi se se phepa e bile o itumedisiwa ke go itse gore o ipedisa pelo ya ga Jehofa Modimo.—Diane 27:11.
Ka jalo, le fa go kopisa go ka tswa go tlwaelegile go le kana kang, o tshwanetse wa tila go go dira! Fa o dira jalo, o tla sireletsa kamano e e molemo e o nang le yone le batho ba bangwe, mme se se botlhokwa le go feta, o tla sireletsa kamano ya gago le Jehofa, Modimo wa boammaaruri.—Pesalema 11:7; 31:5.
[Mafoko a a mo go tsebe 22]
Gantsi motho yo o kopisang o palelwa ke go lemoga gore tota o a bo a utswa
[Mafoko a a mo go tsebe 22]
Gantsi go kopisa go dira gore motho a dire ditiro dingwe tse di masisi tsa go se ikanyege
[Mafoko a a mo go tsebe 23]
Motho yo o kopisang ga a ka ke a fitlhela Modimo ditiro tsa gagwe
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Go ithuta sentle pele ga o kwala ditlhatlhobo go tla go thusa gore o itshepe