Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Tshwanetse go Robala mo go Lekaneng!

O Tshwanetse go Robala mo go Lekaneng!

O Tshwanetse go Robala mo go Lekaneng!

A go na le mongwe yo o ka ganelang gore go robala sentle go botlhokwa thata gore motho a nne le botsogo jo bo siameng? Ga go bonale a ka nna teng. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba tseye boroko bo le botlhokwa go le kalo. Shawn Currie, yo e leng ngaka ya malwetse a tlhaloganyo e bile e le motlatsa porofesa kwa Yunibesithing ya Calgary, kwa Canada a re: “Mme gone o utlwa ditlamorago tsa teng mo letsatsing le le latelang.” Fa o sa robale mo go lekaneng, seo se ka dira gore o nne motho yo o felafelang pelo mme ka dinako tse dingwe o tshwenyege thata mo maikutlong.

Lokwalodikgang lwa Calgary Herald lwa re: “Baitsesaense ba dumela gore go robala go lapolosa boboko, le gore motho o tswelela pele a ithuta a ntse a robetse.” Porofesa Currie o bolela jaana: “Fa o robetse bosigo dilo tse o di gakologelwang di simolola go kopana mmogo mme sengwe le sengwe se o se ithutileng motshegare se bolokiwa ka tsela e e tshwanetseng. Fa o sa ikhutse ka tsela eno, tota o a bo o kgoreletsa go ithuta ga gago.” Mo godimo ga moo, o bolela gore “go robala mo go lekaneng go bonala ka tsela nngwe go thusa go dira gore o ritibale mo maikutlong.”

Ka jalo motho o tshwanetse go robala nako e e kana kang? Baitse ba le bantsi ba bolela gore motho o tshwanetse go robala diura di le robedi, mme Currie ene a re: “Batho ga ba tshwane.” Ka ntlha ya seno o akantsha gore motho a leke go robala boroko. Mme gone motho a ka dira jalo jang, segolobogolo batho ba ba nang le bothata jwa go tlhorega boroko? Dikakantsho di le mmalwa ke tseno:

▪ Tlhapa ka metsi a a bothitho pele ga o robala.

▪ Ikatise mo go lekaneng makgetlo a le mmalwa mo bekeng; mme o se ka wa ikatisa thata pele fela ga o robala.

▪ Dira gore kamore ya gago e se ka ya nna modumo, e nne lefifi le gore e nne tsiditsana go se kae.

▪ Leka go tsoga ka nako e e tshwanang moso mongwe le mongwe gore mmele o tlwaele go tsoga ka nako eo ka metlha.

E re ka go bonala gore boroko bo molemo mo botsogong, nna botlhale mme o dire gore boroko e nne sengwe sa dilo tse di botlhokwa mo go wena.