Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Siria—Bosupi Jwa Hisitori e e Kgatlhang

Siria—Bosupi Jwa Hisitori e e Kgatlhang

Siria—Bosupi Jwa Hisitori e e Kgatlhang

ENE e le mo go bongwe jwa makopanelo a ditsela mo lefatsheng bogologolo—lefelo le ditsela tsa ditlhopha tsa bagwebi tse di neng di tswa Mediterranean di ya China le tse di tswang Egepeto di ya Anatolia di neng di kopana mo go lone. Masole a Akkad, Babelona, Egepeto, Peresia, Gerika le Roma a kile a feta mo go yone. Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, Ba-Turkey le Batlhabanelatumelo ba ne ba e ralala. Mo motlheng wa segompieno, masole a Fora le a Boritane a ne a lwela go e laola.

Gompieno karolo nngwe ya kgaolo eo, e sa ntse e bidiwa ka leina le e neng e bidiwa ka lone dingwaga di le diketekete tse di fetileng—Siria. Le fa gone go ile ga nna le diphetogo tse dintsi mo lefelong le, re sa ntse re kgona go bona bosupi jwa hisitori ya lone. Baithuti ba Baebele ba kgatlhegela naga eno thata ka gonne Siria e nnile le seabe mo hisitoring ya Baebele.

Damaseko—Motse wa Bogologolo

Ka sekai, akanya ka Damaseko motsemogolo wa Siria. Go bolelwa gore ke mongwe wa metse ya bogologolo thata mo lefatsheng e fa e sa le e tlhomiwa e ntseng e na le banni. E re ka Damaseko e le kwa tlase ga dithaba tsa Anti-Lebanon, e bile noka ya Barada e elela go e ralala, go setse go fetile makgolo a dingwaga e le lefelo le le rategang le le le lapolosang le le mo molelwaneng wa Sekaka se segolo sa Siria. Tlhogo ya lotso e bong Aborahame, a ka tswa a ile a feta mo motseng ono fa a ne a ya ntlheng ya borwa kwa Kanana. Mme o ne a tsaya Eliesere, “motho wa Damaseko,” a mo dira mongwe wa ba lelapa la gagwe e le motlhanka.—Genesise 15:2.

Mo e ka nnang dingwaga di le sekete moragonyana, dikgosi tsa Soba tsa Basiria di ne tsa lwantsha kgosi ya ntlha ya Iseraele e bong Saulo. (1 Samuele 14:47) Kgosi ya bobedi ya Iseraele e bong Dafide, le ene o ne a lwa le dikgosi tsa kwa Arama (leina la Sehebera la Siria), a di fenya mme a “baya ditlhopha tsa masole a a sireletsang kwa Siria wa Damaseko.” (2 Samuele 8:3-8) Go tswa foo, Baiseraele le Basiria ba ne ba nna baba ka lobaka lo loleele.—1 Dikgosi 11:23-25.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., go lebega bobaba jwa Basiria le Bajuda bo ne bo kokobetse. E bile go ne go na le disinagoge di le mmalwa tsa Bajuda kwa Damaseko ka nako eo. O tla gakologelwa gore Saulo (yo morago a neng a bidiwa Paulo) wa Tareso o ne a le mo tseleng e e tswang Jerusalema a ya Damaseko fa a tla sokologela mo Bokereseteng.—Ditiro 9:1-8.

Gompieno kwa Damaseko, ga go na bosupi jwa gore Aborahame o kile a feta teng kgotsa gore Dafide o kile a fenya motse oo. Mme go na le matlotla a motse ono wa Roma wa bogologolo le tsela e kgolo e e fetang mo motseng wa bogologolo e ka nako eo e neng e le Via Recta ya Roma (Mmila wa Tlhamalalo). Ananiase o ne a fitlhela Saulo mo ntlong e e neng e le mo mmileng ono fa Saulo a sena go sokologela mo Bokereseteng ka kgakgamatso ka fa ntle fela ga Damaseko. (Ditiro 9:10-19) Le fa mmila ono gompieno o sa tshwane gotlhelele le kafa o neng o ntse ka teng mo metlheng ya Roma, moaposetoloi Paulo o simolotse tiro ya gagwe e e tlhomologileng ya botshelo jotlhe fano. Mmila wa Tlhamalalo o felela fa kgorong ya Bab-Sharqi kwa Roma. Dipota tsa motse, tse matlo a agilweng mo godimo ga tsone, di re thusa go tlhaloganya gore Paulo o ne a kgona jang go tshaba ka go folosediwa kwa tlase a le mo serotong ka phatlha e e mo loboteng.—Ditiro 9:23-25; 2 Bakorintha 11:32, 33.

Palmyra—Lefelo le le Lapolosang le le Itsegeng mo Hisitoring

Kwa bokonebotlhaba jwa Damaseko, mo e ka nnang sekgala se se ka tsamaiwang diura di le tharo ka koloi, go na le lefelo le le tlhomologileng la baithutamarope: Palmyra, e e bidiwang Tadamore mo Baebeleng. (2 Ditiragalo 8:4) Lefelo leno le le lapolosang le nosediwa ke metswedi e e phunyegang mo dithabeng tse di ka fa bokone, mme e fa gare ga Lewatle la Mediterranean le Noka ya Euferatese. Tsela ya bogologolo e e neng e dirisiwa ke bagwebi fa gare ga Mesopotamia le dinaga tse di kwa bophirima e ne e tsamaya mo Sekhutlong se se Nonneng, mme ka jalo e ne e le kgakala kwa bokone jwa Palmyra. Le fa go ntse jalo, mo lekgolong la ntlha la dingwaga B.C.E., go sa tlhomamang ga maemo a dipolotiki kwa bokone go ne ga dira gore tsela e khutshwane e e kwa borwa e nne yone e rategang. Ka jalo Palmyra e ne ya simolola go atlega thata.

E re ka Palmyra e ne e le kwa molelwaneng o o kwa botlhaba wa mmusomogolo wa Roma, mmusomogolo ono o ne o kgona go itshireletsa ka yone, ka jalo Palmyra e ne ya tsenngwa mo porofenseng ya Roma ya Siria, mme kgabagare go ne ga bolelwa fa e le motse o o ipusang. Ditempele tse dikgolo, difikantswe, dikago tse di nang le dibata le lefelo la bobogelo di ne di agilwe go bapa le tsela e ntlentle e e nang le dipilara. Batho ba ba tsamayang ka dinao ba ne ba diretswe bophaphatho jwa tsela mo matlhakoreng a tsela eno e e nang le dipilara, mme tsela e kgolo e e fa gare e ne e sa dirwa bophaphatho gore e dirisiwe ke mekoloko e e neng e feta foo ya dikamela. Mekoloko ya bagwebi e e neng e tsamaya ka tsela e e dirisiwang ke bagwebi e e fa gare ga China le India kwa Botlhaba, le dinaga tsa Gerika le Roma kwa Bophirima, e ne e tle e eme kwa Palmyra. Fa ba le koo, ba ne ba patelediwa go duela lekgetho la matsela a sei, ditswaiso le dithoto tse dingwe tse ba neng ba di rwele.

Mo motlheng wa Palmyra wa katlego ka lekgolo la boraro la dingwaga C.E., e ne e na le baagi ba ka nna 200 000. Ke ka yone nako eno Mohumagadi Zenobia yo o ikgodisang a neng a lwa le Roma mme kgabagare a fenngwa ka 272 C.E. Ka go dira jalo, Zenobia a sa lemoge, o ne a diragatsa karolo ya boporofeti jo bo kwadilweng ke moporofeti Daniele dingwaga di ka nna 800 pele ga foo. * (Daniele, kgaolo 11) Fa Palmyra e sena go fenya Zenobia, e ne ya tswelela e le teng ka nakwana e le seiphemelo se se mo lefelong le le tshwanetseng sa Mmusomogolo wa Roma, mme ga e a ka ya tlhola e nna le maatla le kgalalelo jaaka pele.

Go ya Euferatese

Fa o ya bokonebotlhaba, o tsamaya diura di le tharo ka koloi go kgabaganya sekaka, go na le toropo ya Dayr az Zawr, e fa o le mo go yone o ka kgonang go bona Noka e kgolo ya Euferatese. Moedi o mogolo ono o o itsegeng mo hisitoring o tswa mo dithabeng tsa Anatolia botlhaba (Turkey e e kwa Asia), o tsena mo Siria ka fa bokone jwa Karakemishe o bo o elelela kwa borwabotlhaba go kgabaganya Siria go tsena mo Iraq. Gaufi le molelwane wa Iraq, go na le matlotla a metse e mebedi ya bogologolo ya Siria.

Dikilometara di le 100 go ya kwa borwabotlhaba fa noka ya Euferatese e obegang gone, go na le matlotla a motse wa bogologolo o o sireletsegileng wa Dura-Europos. Dikilometara tse dingwe gape di le 25 go ya kwa borwabotlhaba, go na le matlotla a motse wa Mari. Motse ono o o kileng wa bo o atlegile mo kgwebong, o ne wa senngwa ke Kgosi Hammurabi wa kwa Babelona mo lekgolong la bo18 la dingwaga B.C.E. Mo mabolokelong a yone a ntlo ya segosi, go fitlhetswe go na le matlapanakwalelo a ka nna 15 000 a a gabilweng—mekwalo e e nang le tshedimosetso e ntsi ka hisitori ya lefelo leno.

Fa masole a ga Hammurabi a senya motse oo, a ne a diga dipota tse di kwa godimo mme ka jalo diphaposi tse di kwa tlase tsa tlala ka ditena le mmu. Seno se ne sa dira gore ditshwantsho tse di mo maboteng, difikantswe, dilo tse di dirilweng ka taka le dilo tse dingwe tse dintsi tse di betlilweng di sireletsege go fitlha setlhopha sa baribolodi sa kwa Fora se lemoga lefelo leno ka 1933. Dilo tseno di ka kgona go bonwa kwa musiamong wa kwa Damaseko le Aleppo mmogo le kwa Louvre kwa Paris.

Metse ya Bogologolo ya Bokonebophirima Jwa Siria

Fa o tsamaya o iphapatile le noka ya Euferatese o ya bokonebophirima, o goroga mo Aleppo (Haleb). Fela jaaka Damaseko, go bolelwa gore Aleppo ke mongwe wa metse ya bogologolo thata mo lefatsheng e fa e sa le e tlhomiwa e ntseng e na le banni. Marekisetso a a ruletsweng a Aleppo, ke mangwe a marekisetso a mantle thata kwa Botlhabagare.

Fela ka fa borwa jwa Aleppo, go na le Tell Mardikh, matlotla a motse wa bogologolo wa puso ya Ebla. Mo sephatlong sa bofelo sa mileniamo wa boraro B.C.E., Ebla e ne e le motse o o atlegileng thata mo kgwebong go feta metse e mengwe mo bokone jwa Siria. Mo tirong ya boribolodi e e neng ya dirwa mo go one, go ne ga bonwa matlotla a tempele e e neng e neetswe modingwana wa sesadi wa Babelona e bong Ishtar. Gape go ne ga bonwa ntlo ya segosi e matlwana a yone a bobolokelo a neng a na le matlapanakwalelo a mmopa a le 17 000. Dilo tse di betlilweng tse di tserweng kwa Ebla di ka bonwa mo musiamong wa Idlib, e leng torotswana e e dikilometara di le 25 go tswa kwa matlotleng ano.

Kwa borwa, mo tseleng ya Damaseko, go na le motse wa Hama, o mo Baebeleng o bidiwang Hamathe. (Dipalo 13:21) Noka ya Orontes e itsoketsa go ralala Hama, mme seno se dira gore e nne mongwe wa metse e mentle thata mo Siria. Morago ga moo, go latela Ras Shamra, matlotla a motse wa bogologolo wa Ugarit. Mo mileniamong wa boraro le wa bobedi B.C.E., Ugarit e ne e le lefelo le le atlegileng la kgwebo le le neng le tletse ka kobamelo ya ga Baale le Dagone. Fa e sa le ka 1929, baithutamarope ba Bafora ba epolotse matlapanakwalelo a le mantsi le ditshipi tse di gabilweng tsa boronse tse di nang le tshedimosetso e ntsi ka kobamelo e e maswe ya ga Baale. Seno se re thusa go tlhaloganya botoka lebaka la go bo Modimo a ne a atlholela Bakanana ba ba neng ba obamela Baale loso.—Duteronome 7:1-4.

Ee, mo Siria wa gompieno, motho o sa ntse a ka kgona go bona bosupi jwa hisitori e e kgatlhang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 12 Bona setlhogo se se reng, “Mohumagadi wa Moriri o Montsho wa Sekaka sa Siria,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 15, 1999, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mmapa mo go tsebe 28, 29]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

LEWATLE LA MEDITERRANEAN

․․ Melelwane e go neng go sa fetwe mo go yone

EGEPETO

ISERAELE

JOREDANE

LEBANONA

SIRIA

DAMASEKO

Barada

Orontes

Hama (Hamathe)

Ugarit (Ras Shamra)

Ebla (Tell Mardikh)

Aleppo (Haleb)

Karakemishe (Jerablus)

Euferatese

Zenobia

Dayr az Zawr

Dura-Europos

Mari

Palmyra (Tadamore)

IRAQ

TURKEY

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

Damaseko (kwa tlase) le Mmila wa Tlhamalalo (kwa godimo)

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Matlo a a bopegileng jaaka bonno jwa dinotshe

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ugarit

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Hama

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Mari

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Aleppo

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Jean-Leo Dugast/Panos Pictures

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Lefelo la segosi la Ebla

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Badisa kwa Zenobia

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Palmyra

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Noka ya Euferatese kwa Dura-Europos

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Children: © Jean-Leo Dugast/Panos Pictures; beehive homes: © Nik Wheeler