Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlhotlheletso e e Maatla ya Monyenyo

Tlhotlheletso e e Maatla ya Monyenyo

Tlhotlheletso e e Maatla ya Monyenyo

LE FA gone e le selo sa nakwana fela, o ka se gakologelwa botshelo jotlhe jwa gago. Se botlhokwa thata, mme ga go na motho yo o humanegileng thata mo go ka tweng ga a kgone go se fa ba bangwe kgotsa yo o humileng thata mo go ka tweng ga a se tlhoke. Re bua ka eng? Monyenyo.

Monyenyo o bakiwa ke go ngamoga ga mesifa go go dirang gore matlho a phatsime mme dikhutlo tsa molomo di sekamele go se kae kwa godimo go bontsha go kgotsofala. Mo dibekeng tsa ntlha di se kae morago ga gore losea lo tsholwe, lo a nyenya, mme seno se itumedisa batsadi ba basha ba ba motlotlo. Go nyenya gono ga ntlha go bidiwa go nyenya go go itiragalelang fela. Baitse ba tlhalosa gore mofuta ono wa go nyenya gantsi o nna gone fa motho a lora, mme go bonala go amana le maikutlo a a mo teng ga motho le se se diregang mo bobokong. Tota le fa re setse re godile, monyenyo ono o o itiragalelang fela o sa ntse o ka nna gone fa re sena go ja kana fa re reeditse mmino.

Le fa go ntse jalo, go tloga ka nako ya fa losea lo le dibeke di le thataro, lo simolola go nyenya fa lo bona sefatlhego kana lo utlwa lentswe. ‘Go nyenyela batho’—go o go dirang ka go rata, e bile o itemoga—go dira gore re itumele, re ka tswa re le bana kana re le bagolo. Tota e bile, go bolelwa fa go nyenya go go ntseng jalo go re solegela molemo mo botsogong jwa rona jwa mmele. Go ya ka Mirtha Manno le Rubén Delauro, bao e leng dingaka tse di dirang ka mathata a puo, ba ba ipuletseng tliliniki e e bidiwang Smiling and Health (Go Nyenya le Boitekanelo), ba bolela gore go nyenya fela go go sa reng sepe go tsosa maikutlo a a maatla a a amang kgeleswa ya pituitary. Seno se dira gore kgeleswa eno e ntshe dikhemikale tsa boboko tse di bidiwang di-endorphins tse di dirang gore re ikutlwe re itumetse.

Lebaka le lengwe la botlhokwa la go bo re nyenya ke gonne monyenyo o itumedisa ba bangwe. Monyenyo o o tswang pelong o kgona go bontsha maikutlo a rona kwantle ga gore re bue, e ka tswa e le go nyenya fa o dumedisa, go nyenya fa o utlwela motho botlhoko kana fa o mo kgothatsa. Ka dinako tse dingwe, go leba fela monyenyo wa ngwana mo setshwantshong go ka dira gore le rona re nyenye.

Fa mongwe a nyenya le rona ka tsela e e botsalano seo se ka re thusa gore re ikutlwe re phuthologile le gore re kgone go itshokela mathata le dikgwetlho botoka. Baebele e re gakolola jaana: “O se ka wa gana ka molemo mo go ba o ba tshwanetseng, fa go le mo maatleng a seatla sa gago go o dira.” (Diane 3:27) Ee, ka go nyenya fela go go motlhofo, rona mmogo le ba bangwe re ka solegelwa molemo. Ke eng fa o sa leke go abela ba bangwe mpho eno e e botlhokwa thata—monyenyo o o botsalano?