Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ditlhako Tsa Gago di go Lekana Sentle?

A Ditlhako Tsa Gago di go Lekana Sentle?

A Ditlhako Tsa Gago di go Lekana Sentle?

“Motho yo o rweleng setlhako ke ene a itseng gore se mmolaya fa kae.”—GO NE GA BOLELA JALO MOTLHALEFI MONGWE WA MOROMA.

O FELELEDITSE leng go reka ditlhako tse disha? A di ne di go lekana sentle? A di ne di go dula sentle? Go go tsere lobaka lo lokae go di tlhopha? Motho yo o neng a bereka mo lebenkeleng kgotsa yo o neng a go lekanya ditlhako tseo, o ne a go thusa go le go kana kang? A o ne o di rekela mokgwa o di dirilweng ka one go sa kgathalesege gore di go dula jang? E re ka o setse o di rwele lobakanyana, o di utlwa di ntse jang gone jaanong? A go na le fa di go bolayang gone?

Go reka ditlhako ga se selo se se motlhofo. E bile go bonala go se motlhofo tota go bona setlhako se se go lekanang sentle. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo?

Go Bona Setlhako Se se Go Lekanang Sentle

Sa ntlha, lenao la gago le legolo ke lefe—la moja kgotsa la molema? A o akanya gore a a lekana? Ga go jalo! Selo se sengwe se o tlhokang go se akanyetsa ke gore lenao lengwe le lengwe le na le dikarolo di le nnè tse o tshwanetseng go di tlhatlhoba fa o itekanya setlhako: go se lekanya o sa gatelela lenao fa fatshe, go se lekanya o gateletse lenao fa fatshe, go se lekanya o bo o tsamayatsamaya ka sone go utlwa gore se go nna jang, le go se lekanya go bona gore se go nna jang mo dithempereitšhareng tse di sa tshwaneng. Ditsela tseno tse nnè di farologana jang?

Buka ya setlhogo se se reng Professional Shoe Fitting e bolela jaana fa e bua ka go lekanya setlhako o sa gatelela lenao fa fatshe: “Ke fa o tsenya lenao mo setlhakong o sa gata sepe (o ntse fa fatshe).” Jaaka fa polelwana, “go se lekanya o gateletse lenao fa fatshe” e tlhalosa, motho o se tsenya mo lenaong a eme ka dinao. Go ema go fetola bogolo jwa lenao le tsela e le bopegileng ka yone. Buka e e nopotsweng fa godimo e bolela jaana: “Fa o ntse fa fatshe tota lenao la gago ke marapo fela le mehihiri di repile, mme di a ‘gagamala’ fa o ema, mo e leng gore jaanong le batla setlhako sa bogolo jo bo farologaneng.” Mme go na le dilo tse dingwe gape tse pedi tse o tshwanetseng go di tlhatlhoba fa o itekanya setlhako.

Go se rwala o bo o dira dilo tse di farologaneng ka sone—o tsamayatsamaya, o taboga, o tlola kgotsa o dira sengwe se se farologaneng ka lenao la gago. Seno se “dira gore bogolo jwa lenao le popego ya lone di fetoge.” Mokgwa wa bonè ke wa go bona gore se go nna jang mo dithemperetšhareng tse di sa tshwaneng, mo go rayang go bona gore setlhako se go nna jang fa leoto le fetofetoga ka ntlha ya mogote, bongola le go fufula. Seno se ka dira gore lenao la gago le buduloge ka diperesente di le 5. Ga go gakgamatse go bo o utlwa go le monate tota go rola ditlhako fa o fitlha kwa gae maitseboa, segolobogolo fa o rwele tse di sa go lekaneng sentle! Mme e bile gantsi batho ba rwala tse di sa ba lekaneng sentle.

Dinao Tsa Gago di Lekanngwa Jang?

Eric o feditse dingwaga di le dintsi a reka ditlhako tsa saese 10 le halofo kgotsa saese 11, tsa bophara jo bo mo magareng. Mo lobakeng loo lotlhe lwa nako, o ntse a aga a tshwenngwa ke lerophi mo monwaneng o monnye, le go golela ga lenala mo teng mo monwaneng o mogolo wa lenao la molema. Ngaka ya gagwe e e berekanang le mathata a dinao e ne ya akantsha gore lenao la gagwe le metiwe ke motho yo o nang le bokgoni jwa go meta ditlhako. Se se neng sa gakgamatsa Eric ke gore setlhako se se mo lekanang sentle, e ne e tshwanetse go nna sa saese 12 le halofo! Ditlhako tsa saese 12 le halofo ke tse di lekanang lenao le le sesane. A mme go meta dikarolo tse pedi fela, e leng boleele le bophara jwa sone, ke sone sotlhe se se batlegang go tlhomamisa gore setlhako se go lekana sentle? O tshwanetse go meta dinao tsa gago jang?

Kwa dinageng tse dingwe, go na le sedirisiwa se se itsegeng thata sa go meta bogolo jwa lenao se se bidiwang Brannock. (Bona setshwantsho.) Se ka dirisediwa go meta dilo di le tharo: boleele jotlhe jwa lenao, sekgala go tswa fa seretheng go fitlha fa marapo otlhe a lenao a kopanang gone, le boatlhamo jwa pato ya lenao. Mme gone, lenao lengwe le lengwe le bopegile ka tsela ya lone e bile ga le lekane le le lengwe. Ke lone lebaka la go bo re itekanya ditlhako pele ga re di reka. Kotsi e letse gone foo. A o kile wa leka go itekanya ditlhako tse o di ratang thata, o bo o fitlhela di le dinnye go se kae mo go wena? Motho yo o berekang mo lebenkeleng a bo a go raya a re, “di tla taologa.” O bo o di reka mme o bo o ikwatlhaela go bo o dirile jalo malatsi kgotsa dibeke di le mmalwa fa o sena go nna o di rwala. O simolola go tswa marophi le lenala la monwana wa gago o mogolo le golela mo teng ga monwana wa gago!

A o Ka Kgona go Bona Tse di go Lekanang Sentle?

A o ka kgona go bona tse di go lekanang sentle? Buka ya setlhogo se se reng Professional Shoe Fitting, ga e dumalane le seo. Ka ntlha yang? “Ka ntlha ya dikgoreletsi di le mmalwa tse o ka se kang wa di kgona. . . . Ga go na motho ope yo o nang le dinao tse pedi tse di lekanang, tse di bopegileng ka tsela e e tshwanang kgotsa tse di tsamayang ka mokgwa o o tshwanang.” Ka jalo, fa e le gore setlhako se lekana lenao la gago le legolo sentle, ga se kitla se lekana le lengwe sentle. “Seno ga se reye gore o ka se kgone go bona ditlhako tse di go lekanang mme se raya gore o tshwanetse go nna kelotlhoko ka go dirisa mafoko, ‘se se go lekanang sentle.’”

Fa o batla go bona gore ditlhako tsa gago di na le bothata fa kae, leba tsa bogologolo tse o nang le tsone. Leba matlhakore kafa teng ga tsone. Ke fa kae fa di onetseng thata? O tla lemoga gore gantsi di onala thata kwa seretheng, kafa morago ga serethe le fa patong ya lonao. Seno se bolelang? Se bolela gore “dikarolo dingwe tsa setlhako ga di tsamaisane sentle le dikarolo dingwe tsa lenao la gago. Dikarolo dingwe tsa sone di onala thata fa tse dingwe tsone di sala di itshiametse fela.”

Tsela e se dirilweng ka yone fa o tsenyang lenao teng le yone e botlhokwa gore di go dule sentle. A o etse tlhoko gore ditlhako di bofiwa ka ditsela tse di sa tshwaneng? Fa o bofa ditlhako ka mokgwa wa bal, diteme tsa tsone di a kopana. Le fa go ntse jalo, fa o na le lenao le legolo, ditlhako tse di bofiwang ka mokgwa wa blucher, di ka go siamela ka gonne diteme tsa tsone ga di kopane. (Bona setshwantsho.) Ke ka ntlha yang fa dintlha tseno di le botlhokwa? Buka e e umakilweng fa godimo ya re: “Gantsi go bolawa ke ditlhako mo diretheng go bakwa ke go bo di bofilwe ka tsela e e gagametseng thata.”

Go Tweng ka Ditlhako Tsa Basadi Tse di Nang le Direthe Tse ditelele?

Go rata ditlhako tse di nang le direthe tse ditelele ga basadi go ama mmele ka ditsela tse di farologaneng. Ditlhako tsa direthe tse ditelele di dira gore o se ka wa ema ka tsela e e tshwanetseng, gantsi di dira gore o obegele kwa pele, mme seno se dira gore o obe mangole gore mmele wa gago o kgone go tlhamalala ka tsela e tshwanetseng. Gape, ditlhako tse di nang le direthe tse ditelele di gagamatsa mesifa ya ditlhafu, mme seno se dira gore mesifa eo e bonale.

Ka jalo, serethe ke sone karolo e e botlhokwa mo setlhakong sa basadi e bile ke sone se ka dirang gore ditlhako di ba dule sentle kgotsa di ba gobatse. Buka e e bidiwang Professional Shoe Fitting, ya re go na le mabaka a le mararo a konokono a a dirang gore ba rwale ditlhako tsa direthe tse ditelele: ‘(1) “go batla go tlhagelela,” jaaka go ikoketsa boleele ka tsone, (2) go bontsha bontle jwa sone—tsela e se dirilweng ka yone le mekgabiso e e leng mo go sone, le (3) go dira gore a lebege a le montle—jaaka fa ditlhako tse di nang le direthe tse ditelele tsa basadi di dira gore ba nne le maoto a mantle.’

Basadi ba tshwanetse go nna kelotlhoko thata go bona gore setlhako se na le serethe se seleele go le kana kang, e leng se se tla bontshang gore serethe seo se imelwa ke mmele fa kae. Fa serethe seo se imelwa ke mmele kwa morago kgotsa kwa pele ga sone, seo se ka nna kotsi. Ka ntlha yang? Ka gonne seo se ka dira gore serethe se robege mme o we botlhoko.

Mo motlotlong o mokhutshwane ono, go a bonala gore go tlhopha setlhako se se go lekanang sentle go tlhoka nako gongwe e bile go ja madi a le mantsi, e re ka go tsaya nako go dira setlhako se se siameng. Mme ditlhako tsa gago di ka ama thata tsela e o ikutlwang ka yone fa o di rwele e bile di ka ama le botsogo jwa gago. Ka jalo, tsaya nako fa o tlhopha setlhako. Tsaya tse di go lekanang sentle. O se ke wa itlhaganela. O se ke wa ya fela le feshene kgotsa tsela e se lebegang ka yone.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

Dilo Tse o Tshwanetseng go di Ela Tlhoko fa o Tlhopha Setlhako

William A. Rossi le Ross Tennant ba dira dikakantsho tse di latelang mo bukeng ya bone ya setlhogo se se reng Professional Shoe Fitting.

“Boikaelelo jwa go lekanya bogolo jwa lenao ga se go dira setlhako se se go lekanang kgo, jaaka fa batho bangwe ba akanya.” Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Ka gonne go na le dilo di le dintsi tse di amang bogolo jwa setlhako tse di jaaka, boleele jwa serethe, mokgwa o se dirilweng ka one, gore se dirilwe ka eng le gore se dirilwe kae. Seno se botlhokwa thata gompieno e re ka ditlhako di dirwa kwa dinageng di le dintsi ka ditsela tse di sa tshwaneng.

Fa lenao la gago le lekanngwa, gogela kausu kwa pele gore menwana ya gago ya maoto e se ka ya obega gonne seo se ka dira gore lenao la gago le se ka la metiwa ka tsela e e tshwanetseng.

Lenao la gago le tshwanetse go lekanngwa jang—o ntse kgotsa o eme? “Go motlhofo go lekanya lenao motho a ntse.” Mme seo se dira gore le se ka la lekanngwa ka tsela e e tshwanetseng. Ka jalo, o tshwanetse go ema fa o lekanngwa dinao. O se ka wa tsaya gore lenao la gago la molema ke lone le legolo. A lekanye a le mabedi!

“Go lekanya batho ditlhako ke bokgoni le tiro e e dirwang ke batho ba ba thapiseditsweng tiro eo, ba ba dirisanang le mabenkele a le one a nang le batho ba ba nang le bokgoni jwa go dira jalo, ba ba tlhaloganyang e bile ba lemoga botlhokwa jwa go lekanya batho ditlhako ka tsela e e tshwanetseng.”

[[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Dikarolo tsa setlhako

pato ya setlhako

bogodimo jwa setlhako

fa lenao le tsenang gone

bokafateng jwa setlhako

sehuba sa serethe

botlase jwa serethe

sesireletsa menwana

sola e e kwa tlase

momeno wa setlhako

bogodimo jwa setlhako

moroko o o tshwereng loleme lwa setlhako

loleme lwa setlhako

letlhakore la setlhako

sesireletsa serethe

serethe

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Sedirisiwa se se bidiwang Brannock

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Mefuta yotlhe ya ditlhako e dirwa go theilwe mo go tseno tse supa

[Ditshwantsho mo go tsebe 30]

Mekgwa e e farologaneng ya go bofa ditlhako

Mokgwa wa blucher

Mokgwa wa bal