Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke Tshwanetse go Lebelela Dibidio Tsa Mmino?

A ke Tshwanetse go Lebelela Dibidio Tsa Mmino?

Basha ba Botsa Jaana . . .

A ke Tshwanetse go Lebelela Dibidio Tsa Mmino?

“Dibidio tsa mmino di monate. Dingwe tsa tsone e kete ke difilimi tse di khutshwanyane tsa baesekopo. Di go bolelela ka kgang nngwe mme ke rata tsela e go binwang ka yone mo go tsone.”—Casey.

“Ke tsela e e molemo ya go bona mmino o mosha. Di dira gore o nne le mmino o mosha e seng dipina di le mmalwanyana fela tse di tlwaelegileng. Gape, dibidio tsa mmino di go thusa gore o nne le dikgang tse o ka di tlotlang le ba bangwe.”—Josh.

“Ditshwantsho tse ke di bonang mo bidiong di botlhokwa mo go nna—gore ke mang yo o opelang, o apere eng, le ka fa a itshwarang ka gone. Dilo tseno tsotlhe fa di kopane, di dira gore mmino o nne le bokao.”—Kimberly.

“Ke rata go bona gore ditlhopha tse ke di ratang tsa mmino di tlile go dira eng jaanong. Ke rata tsela e dibidio tseno di dirwang ka yone. Dingwe tsa tsone di a tshegisa. Le fa go ntse jalo, o tshwanetse go nna kelotlhoko.”—Sam.

GONGWE le wena o rata go leba dibidio tsa mmino. Fa di ne di simolola go bontshiwa mo thelebisheneng, di ne di sa dirwa ka mokgwa o o raraaneng e bile di sa tlhagisiwe ka madi a mantsi. Mme fa go ne go lebega gore dibidio tsa mmino di ne di tlile go nnela ruri, le gore di ne di rekisiwa ka bontsi thata fa di sena go gatisiwa, tsela e di neng di dirilwe ka yone e ne ya tlhabololwa fela thata. Gompieno, ke one mmino o o rategang mo lefatsheng mme basha ke bone ba ba o ratang thata. Mo dinageng dingwe, go na le diteishene tsa thelebishene tse di tshamekang dibidio tsa mmino fela!

Mme ke ka ntlha yang fa basha ba ba tshwanang le Sam yo o umakilweng fano ba re motho o tshwanetse go nna kelotlhoko? A e ka tswa e le gore dibidio dingwe tsa mmino di ka go ama ka tsela e e sa siamang—gongwe tsa senya tsela e o akanyang ka yone le boitsholo jwa gago, kgotsa le eleng go senya kamano e o nang le yone le Mmopi wa gago? Potso eno e ka utlwala e feteleditswe. Mme akanya ka seno, fa e le gore o ne o ya go thuma kwa letsheng kgotsa kwa lewatleng, o bo o bona matshwao a a go bolelelang gore go kotsi go thuma foo, a go ne go tla bo go le botlhale gore o itlhokomolose ditlhagiso tseo? Nnyaa. Ka jalo, go tla bo go le botlhale gore o ele tlhoko ditlhagiso dingwe tse di kaga dibidio tsa mmino.

Dilo Tse di Kotsi ka Mmino

O tshwanetse wa lemoga gore se o se bonang le se o se utlwang se ka go ama! Baebele e re bolelela gore kgosi ya ntlha ya Iseraele e bong Saulo, o ne a dirisa mmino ka tsela e e mo solegelang molemo—go ritibatsa maikutlo a gagwe. (1 Samuele 16:14-23) A go ka direga gore mmino o go ame ka tsela e e sa siamang? Buka ya setlhogo se se reng Rock and Roll—Its History and Stylistic Development e tlhalosa jaana: “Ga go tsela pedi. Fa re dumela gore mmino wa rock o kgona go ama motho ka tsela e e siameng (jaaka o kgona go dira), gape re tshwanetse ra dumela gore o kgona go ama motho ka tsela e e sa siamang (jaaka o kgona go dira). Motho yo o kgonang go ipelafatsa ka gore ‘nna ke kgona go reetsa mmino mme ga o nkame ka gope’, o tshwanetse a bo a le seeleele kgotsa a sa itse sepe gotlhelele.”

Gangwe le gape, Baebele e bolela ka tlhotlheletso e leitlho le nang le yone mo tseleng e re akanyang ka yone le e re ikutlwang ka yone. (Diane 27:20; 1 Johane 2:16) Batlhami ba dibidio tseno tsa mmino ba ne ba tlhabolola ditshwantsho tsa dibidio tseno mme seno se ne sa oketsa tsela e mmino ono o amang bareetsi ba one ka yone. Ke mefuta efe ya ditshwantsho tse gantsi di dirisiwang mo dibidiong tseno?

Go ya ka patlisiso nngwe, mo e ka nnang diperesente di le 57 tsa dibidio tsa mmino wa rock di na le ditiro tsa bothubaki. Mo e ka nnang diperesente di le 76 tsa tsone di bontsha ditiro tsa tlhakanelodikobo. Patlisiso e nngwe gape ya bosheng e ne ya bontsha gore diperesente di le 75 tsa dibidio tse di nang le kgang nngwe e di e tlotlang, gape di na le ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo mme tse di fetang halofo tsa tsone, gantsi di bontsha go sotliwa ga basadi. Jaanong, a tota go leba dibidio tse di ntseng jalo go ka go gobatsa? Makasine mongwe o bontsha gore “mo dipatlisisong tse di dirilweng, go fitlheletswe gore go leba dibidio tsa mmino go ka tlhotlheletsa basha ba dingwaga tsa bolesome gore ba tlhakanele dikobo pele ga nako e bile e le ka tsela e e kotsi.” E bile go ka se ka ga ganediwa gore fa baopedi ba ntse ba leka go gaisa ba bangwe ba ba tlileng pele ga bone le dithaka tsa bone, ditshwantsho tsa dibidio tsa bone di nna maswe le go feta.

Moitse mongwe mo go tsa thuto o ne a bolela jaana: “Ba le bantsi ba bolela gore se ba se utlwang—le se ba se bonang mo dibidiong tsa mmino ga se farologane ka gope le tsela e mmino o neng o tlhotlheletsa dikokomana tsa nako e e fetileng ka yone . . . Mme go bonala bontsi jwa baopedi ba gompieno ba leba matlhapa le bothubaki jaaka dilo tse di amogelesegang fela go dira gore direkoto tsa bone di kgone go rekwa ka bontsi.” Mme makasine wa chicago o bolela jaana ka ba ba lebang seteishene sengwe se se tshamekang dibidio tsa mmino: “Ba koelelwa ka ditshwantsho tse di maswe thata tsa batho ba ba sa aparang.”

Gape, makasine wa chicago o tlhalosa ka bidio ya mmino e mo go yone go nang le “lekawana lengwe le le ntseng fa khaontareng mo lebenkeleng, le bo le sekamisetsa tlhogo ya lone kwa morago thata. Fa a dira jalo, go bonala madi a a seng kana ka sepe a elela mo molaleng wa gagwe, tlhogo ya gagwe e bo e wela fa fatshe.” Mo bidiong e nngwe, go bontshiwa monna mongwe a apola diaparo, morago ga moo a bo a itlosa nama le mesifa. Go ne ga bontshiwa le dilo tse dingwe gape tse go tshosang go di bega.

Jaanong, bangwe ba ka nna ba tlhokomologa dintlha tseno, ba bolela gore dibidio tse di tlhalosiwang fano di feteleditswe le gore bontsi jwa tsone tota ga di maswe go le kalo. Bangwe ba ka nna ba bolela gore bone ga ba bone dibidio tsa mmino di le maswe go le kalo. A mme seo ga se ne se bolela gore go leba dibidio tseo kgapetsakgapetsa go kgwaraladitse dipelo tsa batho bao? Casey, lekawana le le umakilweng kwa tshimologong le bolela jaana: “Fa o sa ipeele molelwane ka se o se lebelelang, selo se pele se neng se le maswe mo go wena kgabagare e tla nna selo se se itshiametseng fela. O sa lemoge, o tla simolola o batla go leba selo se se maswe go feta se o se bonang, mme o bo o simolola go amogela selo se o kileng wa bo o se leba e le se se maswe.”

Diphelelo tsa seno e ka nna eng? O ka nna wa se ka wa tlhola o kgona go dira ditshwetso tse di botlhale malebana le boitsholo. E re ka megopolo ya rona e ka nna ya tlhotlhelediwa motlhofo fela ke dilo tse di bosula, Baebele e re kgothaletsa go “dibela botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya.” (Diane 3:21; 5:2) Phelelo e nngwe e e sa siamang ke gore seno se ka nna sa senya kamano ya gago le Jehofa Modimo. A kamano eo ga se selo se se botlhokwa thata se o nang le sone? Ka jalo, o tshwanetse go dibela kamano eo ka go tsaya dikgato tsa go tila boitlosobodutu bope fela jo bo sa siamang. O ka dira seo jang?

Go Itshireletsa

Sa ntlha, tsweetswee lemoga gore ga go a siama go leba ditshwantsho tse Baebele e di kgalang ka tlhamalalo. (Pesalema 11:5; Bagalatia 5:19-21; Tshenolo 21:8) Fa bidio e bontsha dilo tse di sa tshwaneleng “batho ba ba boitshepo,” o tshwanetse go tlogela go e lebelela. (Baefeso 5:3, 4) Gone ga go ka ke ga nna motlhofo go tlogela seteishene seo gore o lebe se sengwe—kgotsa go tima thelebishene—fa go tshameka bidio e e monate. Ka jalo, o ka nna wa tlhoka go rapela jaaka mopesalema yo o neng a kwala jaana: “Dira gore matlho a me a fete a sa bona se se se nang mosola.”—Pesalema 119:37.

O ka tswa o gamaregisiwa ke dibidio tse di maswe thata jaaka tse re setseng re buile ka tsone fano. Le fa go ntse jalo, dibidio dingwe tsone di ka tswa di le maswe mme di sa itemotshe. Ditshwantsho tsa boitsholo jo bo maswe di ka tswa di bontshiwa ka bokhutshwanyane fela le gone di feta ka bonako. Mafoko a tsone le ditshwantsho di ka tswa di rulagantswe ka tsela e e rotloetsang pono nngwe e e sa siamang go sa dirisiwe mafoko kgotsa ditshwantsho dipe tse di maswe. Le fa go ntse jalo, fa o ka ikutlwa o le molato go sekae ka ntlha ya go leba bidio nngwe, go raya gore e tshwanetse ya bo e ne e sa siama ka tsela nngwe kgotsa e le e e sa tshwanelang go lejwa ke Bakeresete. Ka jalo, o ka kgona jang go dira tshwetso ya gore ke eng se o tshwanetseng go se lebelela le se o sa tshwanelang go se lebelela fa go sa bonale sentle gore ke bidio efe e e siameng le e e sa siamang?

Gone ke boammaaruri gore ke wena o tla itirelang tshwetso ya go lebelela dibidio tsa mmino, e bile ke tshwetso ya batsadi ba gago ba ba nang le boikarabelo jwa go swetsa gore ke eng se o tshwanetseng go se lebelela le se o sa tshwanelang go se lebelela. (Baefeso 6:1, 2) Mme fa e le gore batsadi ba gago ba go letla go lebelela dibidio tsa mmino, o tshwanetse gore o se ka wa ya fela le gore wena o bona di itshiametse. Bahebera 5:14 e re kgothaletsa go ‘thapisa maatla a rona a go akanya’ gore re kgone go ‘farologanya se se siameng le se se sa siamang.’ Maatla a rona a go akanya a thapisiwa ka go ithuta melaometheo ya Baebele, e e re thusang go lemoga gore ke eng se se molemo le se se bosula mo matlhong a ga Jehofa. Ka go tlhatlhanya ka melaometheo e e ntseng jalo ya Baebele, o tla kgona go lemoga gore ke eng se se ka nnang kotsi mo boitekanelong jwa gago jwa semoya, tota le fa go se na molao ope wa Baebele o o go kaelang.

Jaanong, tota ke melaometheo efe ya Baebele e e ka go kaelang ka tlhamalalo malebana le go lebelela dibidio tsa mmino? Re tla tlotla ka seno mo setlhogong se se latelang.

[Mafoko a a mo go tsebe 20]

“Motho yo o kgonang go ipelafatsa ka gore ‘nna ke kgona go reetsa mmino mme ga o nkame ka gope’, o tshwanetse a bo a le seeleele kgotsa a sa itse sepe gotlhelele.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

A tota o ka kgona go leba sengwe se se sa siamang se bo se sa go ame?