Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Bothata jo bo Tlhokang go Tseelwa Kgato ka Bonako” bo Gaufi le go Fela!

“Bothata jo bo Tlhokang go Tseelwa Kgato ka Bonako” bo Gaufi le go Fela!

“Bothata jo bo Tlhokang go Tseelwa Kgato ka Bonako” bo Gaufi le go Fela!

PATLISISO nngwe e e dirilweng ke World Health Organization (WHO) e bolela jaana: “Go farologana le metlha e e sa tswang go feta, gompieno re tshelela mo letlepung. . . . Go fopholediwa gore go na le dijo tse di ka lekanang batho botlhe . . . ” Fa e le gore tota go ntse jalo, ke eng se se bakang phepelotlase?

WHO e bolela jaana: “Bothata ke gore dijo ga di tlhagisiwe le go abiwa ka tekatekano. Gantsi batho ba ba humanegileng ba ba nnang mo dinageng tse di humileng, ba ema fela ba iphotlhere—ba tshwerwe ke tlala—ba lebile jaaka dijo di le dintsi di romelwa kwa dinageng tse dingwe ka boikaelelo jwa go bona madi. Seno se tswela batho ba le mmalwa fela mosola, mme ba le bantsi ga se ba tswele mosola.” Patlisiso ya bosheng ya Food and Agriculture Organization (FAO) ya Ditšhaba Tse di Kopaneng e bontsha gore, ‘nngwetlhanong ya batho ba ba humileng’ mo lefatsheng ‘ba ja diperesente di le 45 tsa nama le tlhapi; fa nngwetlhanong ya ba ba humanegileng ba ja diperesente di le 5 fela.’

Kafa letlhakoreng le lengwe, mokgatlho wa United Nations Children’s Fund wa re, “go sa amogele thuto ya maemo a a kwa godimo le tshedimosetso e e boammaaruri le gone go baka phepelotlase,” o bo o oketsa jaana: “Fa go se na thulaganyo e e dirilweng ka kelotlhoko ya go abela batho tshedimosetso le dithulaganyo tse di botoka tsa thuto tse botlhe ba kgonang go di fitlhelela, batho ga ba ka ke ba nna le kitso, bokgoni le mokgwa wa go dira dilo ka tsela e e tshwanetseng gore ba kgone go lwantsha phepelotlase.” Mme go tlhoka dijo le gone go fokotsa boitekanelo jwa motho le bokgoni jwa go bona thuto e e botoka—e leng mathata a a nnang a ipoapoeletsa gangwe le gape.

Tshiamiso le go Kgatlhegela ba Bangwe Kwantle ga Bopelotshetlha

Go sa kgathalesege dikgoreletsi tseno, baitse bangwe ba sa ntse ba na le tsholofelo ka bothata jono. Ka sekai, mokaedimogolo wa FAO, Jacques Diouf, o ne a tlhalosa tsholofelo ya gagwe jaana: “Ke bonelapele lefatshe le mo go lone monna mongwe le mongwe, mosadi le ngwana ba tla nnang le dijo tse di lekaneng tse di bolokesegileng le tse di nang le dikotla letsatsi lengwe le lengwe. Mo ponelong pele eno ya me, go huma ga batho ka tsela e e feteletseng le go humanega ga ba bangwe ka tsela e e feteletseng go tla bo go fokotsegile. Ke bona go ratana ga batho e seng go tlhaolana; kagiso e seng dikgotlhang tsa bomorafe; go tlhokomela tikologo e seng go e senya; go segofala ga batho botlhe e seng go tshela ka go tlhoka tsholofelo.”

Le fa go ntse jalo, jaaka re bone, go tla tlhokega se se fetang fela go tlhagisa dijo tse di oketsegileng le go di aba gore tsholofelo eno e diragadiwe. Go tlhokega tshiamiso gongwe le gongwe le go kgatlhegela ba bangwe kwantle ga bopelotshetlha. Mme batho ba kgwebo ya segompieno ga ba na dinonofo tseno tse di sa tlwaelegang.

A go a kgonega go fedisa dikgoreletsi tse dikgolo tseno tse di tshwanang le bogagapa, lehuma, dikgotlhang le bopelotshetlha gore go fedisiwe phepelotlase mo lefatsheng? Kgotsa a seno ke toro fela?

Tharabololo e le Yosi ya Mmatota

Go ya ka Baebele, ga re a tshwanela go gakgamalela mathata ano a a bakang phepelotlase. Lefoko la Modimo le bolela jaana: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, . . . ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, . . . ba ba sa rateng se se molemo, . . . ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.”—2 Timotheo 3:1-5.

A batho ba ka kgona go nyeletsa mekgwa e e ntseng jalo e e tseneletseng mo go bone kwantle ga thuso ya Modimo? Ga go bonale go ka kgonega, a ga go jalo? Gongwe o lemogile gore ka dinako tse dingwe batho ba ba tshwereng taolo ba na le maitlhomo a mantle a go rarabolola mathata a batho mo setšhabeng, mme bopelotshetlha, go rata madi le go sa itekanelang ga ba bangwe go kgoreletsa maiteko a a ntseng jalo a a dirwang ka maikaelelo a a molemo.—Jeremia 10:23.

Le fa go ntse jalo, go rarabologa ga bothata jono ga se toro fela. Baebele e solofetsa gore Bogosi Jwa Modimo bo tla fedisa mathata a go tlhoka tshiamiso le mathata a mangwe a a tshwenyang batho gompieno.

Isaia 9:6-7 e re naya tsholofelo eno e e itumedisang: “Gonne re tsaletswe ngwana, re neilwe ngwana wa mosimane; mme go busa e le kgosana go tla nna mo legetleng la gagwe. Mme o tla tewa leina go twe Mogakolodi yo o Gakgamatsang, Modimo Mothata, Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso. Letlotlo la go busa e le kgosana le kagiso ga di kitla di fela, mo setulong sa bogosi sa ga Dafide le mo bogosing jwa gagwe gore bo tlhomamisiwe thata le go bo tshegetsa ka tshiamiso le ka tshiamo, go tloga jaanong go ya bosakhutleng. Tlhoafalo ya ga Jehofa wa masomosomo e tla dira seno.”

Bogosi jono ke jone jo batho ba bo rapelelang fa ba rapela Thapelo ya Morena, ba raya Modimo ba re, “A bogosi jwa gago bo tle.” (Mathaio 6:9, 10) Ela tlhoko gore Isaia a re “tlhoafalo ya ga Jehofa wa masomosomo e tla dira seno.” Ee, ka metlha Jehofa Modimo o tlhoafaletse go naya batho se ba se tlhokang. O bopile lefatshe leno le kgona go tlhagisa dijo tse di lekanang batho botlhe.

Pesalema 65:9-13 e bolela jaana ka ene: “O lebisitse tlhokomelo ya gago mo lefatsheng, gore o tle o le neye letlotlo; o le humisa fela thata. Molatswana o o tswang kwa Modimong o tletse metsi. Wena o baakanya dijo tsa bone tsa ditlhaka, gonne o baakanya lefatshe ka yone tsela eo. Mesele ya lone e a kolobediwa, makwete a lone a a papielwa; o le kolobetsa ka dipula tse dikgolo; o segofatsa matlhogela a lone. . . . Mafulo a apere matsomane, mme mabala a a kwa tlase a khurumeditswe ke dijo tsa ditlhaka.”

Ee, Mmopi Jehofa ke motlamedi yo o molemo wa batho. Ke “Ene yo o nayang nama yotlhe dijo: gonne bopelonomi jwa gagwe jwa lorato ke jwa bosakhutleng.”—Pesalema 136:25.

Re ka tlhomamisega gore Bogosi Jwa Modimo jo mo go jone go busang Keresete bo tla tlhokomela batho botlhe. Jaaka Baebele e bolela, “go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.” Mme gape dijo di tla abiwa ka go lekalekana, ka gonne “[Jesu Keresete] o tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. . . . Meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka.” (Pesalema 72:12, 13, 16) Ka jalo, gomotsega! Go ise go ye kae, “Bothata jono jo bo tlhokang go tseelwa kgato ka bonako” bo tla tloga bo fedisediwa ruri.

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

“Go motlhofo go bolela fela gore tlala le phepelotlase di ka fedisiwa. Tharabololo e teng. Bothata ke gore . . . setšhaba le ditšhaba tse dingwe tsa lefatshe ga di tseye kgato ya go bo rarabolola.”—World Health Organization

[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe 10]