Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bontsha Lorato mo Dinakong Tsa Matshwenyego

Go Bontsha Lorato mo Dinakong Tsa Matshwenyego

Go Bontsha Lorato mo Dinakong Tsa Matshwenyego

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA NIGERIA

SONTAGA wa January 27, 2002, o ne a bidiwa Sontaga wa Masetlapelo kwa Lagos, kwa Nigeria. Go ne ga thunya dibomo kafa tlase ga lefatshe mo lefelong le go bolokelwang dibetsa mo go lone, mme seno sa roromisa motse otlhe ga ba ga bonala ditlhase tsa molelo mo loaping maitseboa. Go ne ga feta diura di le mmalwa dibomo di ntse di thunya mme masaledi a tsone a wela bokgakala jwa dikilometara di le tharo, mme seno sa tsenya batho botlhe mo motseng letshogo.

Dipuo tsa magatwe di ne tsa oketsa letshogo mo bathong. Bontsintsi jwa batho ba ba tshogileng ba ne ba tshabela mo mebileng, ba tlaletswe. Mo lefifing leo la bosigo, makgolokgolo a batho, go akaretsa le bana ba le bantsi ba ba tshogileng, ba ne ba tshabela kwa moseleng wa metsi a a loraga mme ba nwela. Matlo, dikolo le dikago dingwe tsa kgwebo di ne tsa senyega fela thata, mme baagi ba le diketekete ba sala ba se na magae le ditiro. Go fopholediwa gore batho ba ka nna 1 000 ba ne ba latlhegelwa ke matshelo mo masetlapelong ao. Moragonyana, palo eo e ne ya tlhatloga.

Moragonyana mo magaeng a a neng a le gaufi le dikago tsa sesole a go neng go thuntse dibomo mo go one, go ne ga fitlhelwa dibomo le dibomo tsa seatla di ka nna 1 350 tse di neng di ise di thunye. Monna mongwe o ne a fitlhela go na le selo sengwe sa tshipi mo phaposing ya gagwe ya bonno. E re ka a ne a sa itse gore e ne e le bomo, o ne a se tsaya, a se tsenya mo butung ya koloi ya gagwe mme a se isa kwa badireding ba puso.

E ne ya re fa ofisi ya lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Nigeria e utlwa dikgang tseno tsa go thunya ga dibomo, ya ikgolaganya ka bonako le mogolwane mongwe kwa Lagos mme ya laela balebedi ba ba etang ba le 16 gore ba sekaseke boemo jwa Basupi ba ka nna 36 000 ba ba nnang kwa Lagos gore bo ntse jang. Lekala le ne la romela 1000 000 naira [mo e ka nnang R100 000] le ditaelo tsa gore go tlhomiwe komiti ya namolo gore e thuse.

Mo Basuping, monna mongwe o ne a gobaditswe thata ke bomo; ka maswabi, ga swa basadi ba babedi ba ba botlana; mme go ne ga senyega Diholo Tsa Bogosi di le pedi le magae a malapa a le 45.

Malatsi a le marataro morago ga go thunya ga dibomo tseno, ka February 2, 2002, go ne ga runya ntwa ya semorafe mo karolong e nngwe ya motse. Go ya ka mokgatlho wa Sefapaano se Sehibidu, go ne ga swa batho ba le 100 mo ntweng eno, ga gobala ba le 430 mme ba le 3 000 ba patelesega go tlogela magae a bone, mme matlo a le 50 a sala a jelwe ke molelo. Komiti ya namolo e e neng e tlhokometse batho ba ba amilweng ke “Sontaga wa Masetlapelo,” ka bonako e ne ya thusa bakaulengwe ba Bakeresete ba lefelo leo.

Ga go Mosupi ope yo o neng a swa mo ntweng ka nako eo, ka gonne bontsi jwa bone ba ne ba seyo ba le kwa kopanong ya potologo fa ntwa eo e ne e runya. Le fa go ntse jalo, fa ba boa kwa kopanong, maloko a le mantsi a diphuthego di le tlhano mo lefelong leo a ne a fitlhela a se na magae. Bakaulengwe ba bone ba Bakeresete ba ne ba se ka ba okaoka go ba amogela mo magaeng a bone. Ngaka nngwe ya Mosupi le mosadi wa gagwe ba ne ba naya batho ba le 27 ba ba se nang magae boroko.

Basupi ba ba nnang mo Lagos ba ba neng ba sa amiwa ke go thunya ga dibomo le ntwa ya semorafe ba ne ba aba dijo, diaparo le dilwana tsa ntlo ka bopelotshweu. Molebedi wa motse o ne a bega jaana: “Bakaulengwe ba ba nnang mo Lagos ba ne ba aba dilo tse dintsi go feta tse di neng di tlhokwa ke batho ba ba amilweng ke masetlapelo ano.” Ofisi ya lekala e ne ya tshwanelwa ke go kwalela diphuthego e di kopa gore di emise go ntsha meneelo. Dilwana tse di setseng tse di neng di tletse mo diloring tse tharo, di ne tsa romelwa kwa ofising ya lekala go ya go bolokwa.

Bagolwane ba phuthego ba ne ba etela batho ba le bantsi ba ba neng ba amegile mo masetlapelong ano le malapa a a neng a swetswe. Ba ne ba leka go ba naya kgomotso e e tswang mo Dikwalong. Komiti ya namolo e ne ya rulaganya gore magae a a neng a senyegile a baakanngwe. Ba ne ba abela batho ba ba neng ba amilwe ke masetlapelo ano dilwana tsa mo ntlong, diaparo le dijo mme ba thusa ba ba neng ba senyegetswe ke magae gore ba nne le mafelo a a sireletsegileng a bonno. Komiti eno e ne ya thusa malapa a le 90 le batho ba bangwe.

Batho ba le bantsi ba ba amilweng ke masetlapelo ano ba ne ba itumelela thata thuso e ba neng ba e newa. Mongwe wa Basupi o ne a bolelela komiti ya namolo a re: “Fa fela ke sa ntse ke tshela, ke tla dira Jehofa ‘botshabelo le nonofo’ ya me!”—Pesalema 46:1, 2.

Batho ba e seng Basupi ba ne ba lemoga kafa Basupi ba ga Jehofa ba tlhokomelanang ka gone mo dinakong tsa masetlapelo. Malome wa Mosupi mongwe yo o neng a tlhokafetse o ne a raya bagolwane ba phuthego e a neng a le mo go yone a re: “Ke tla boa gore ke tle go lo leboga le go ithuta mo go oketsegileng.” Mme a raya lelapa la gagwe a re: “Se ke se boneng kwa Lagos se ne se kgatlha tota. Le eleng ba losika ga ba a ka ba dira se batho bano ba se dirileng.”

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Lori e e tletseng dilwana tsa namolo

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Bangwe ba ba neng ba thusiwa

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Banyalani bano ba ne ba naya batho ba le 27 ba ba se nang magae boroko

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Basupi ba baakanya ntlo e e senyegileng

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 13]

Top: Sam Olusegun-The Guardian