Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Phudugo e Kgolo

Phudugo e Kgolo

Phudugo e Kgolo

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA KENYA

GO UTLWALA modumo o o boitshegang wa ditlhakwana di le dimilionemilione. Diphologolo tse di bontsi jo bo boitshegang di tsamaya di kubueditse lerole le lehibidu. Motlhape wa diphologolo tseno o feta fa mokgatšheng le mo dithoteng o patakela ka maoto a tsone a masesane, o kgabaganya naga e e bulegileng, dinoka le melatswana. Di tsamaya di le bontsi jo bo boitshegang di gataka bojang jo boleele di bo tlogela bo lalaane fa fatshe. Motlhape o mogolo ono o o tsamayang o tsositse modumo o mogolo ka ditlhakwana tsa one, ke dingwe tsa diphologolo tsa naga tse go kgatlhang thata go di lebelela—phudugo e kgolo ya dikgokong.

Tshimo ya Edene ya Afrika

Serengeti ke lefelo la diphologolo tsa naga. Ke lefelo le legolo le le fologelang le le mo nageng ya Tanzania le Kenya, le le bogolo jwa disekwerekilometara di le 30 000. Mo go lone, go tletse mmu o o nonneng wa lekgwamolelo o o dirang gore bojang jo bogolo jo bo ikadileng foo bo gole sentle. Go na le mafelo a mo go one go golang ditlhare tsa mokala le ditlhare tse di mebitlwa tse ditlou di jang makakaba a tsone. Dithutlwa tse di nang le dikgato tse ditelele di tsamaya di iketlile go kgabaganya naga eno.

Mo mafelong mangwe, go na le mafika a a tlhagileng mo mmung a a rethefaditsweng ke diphefo le dipula, mme a thusa ditau le mangau go bonela kwa kgakala. Dinoka tse di elelang ka lobelo tse di itswapetsang le naga, di tletse dikubu le dikwena. Mo dipoeng tseno, o kgona go bona metlhape ya dikgokong, dikgama le mefuta e mengwe e mentsi ya diphala tse di fulang mo nageng. Dipitse tsa naga tse di nyorilweng di kgobokana fa lekadibeng la metsi di le dikaganyetsa di bo di sala di lebega e kete ke sebaga sa mmala o montsho le bosweu. Ditshepe le di-impala di tsamayatsamaya di tlolatlola mo dipoeng. Sekgotlho se segolo sa dinare tse di nang le dinaka tse dikgolo tse di obegileng le mebele e e tletseng mesifa, di fula ka iketlo di ntse di kumola bojang ka melomo ya tsone e megolo.

Go tletse ditau mo Serengeti. Fa go le mogote motshegare, di robala mo moriting wa ditlhare tse di kitlaneng di letetse maitseboa a a tsiditsana gore di kgone go tsoma. Mangau a a dibata ga a bonale sentle fa a robetseng gone mo dikaleng tse dikgolo tse di kwa godimo tsa ditlhare e re ka lesedi le le sutlhelelang mo go tsone le dira gore a se ka a bonala sentle. Letlotse le kgona go taboga ka lobelo lo logolo mo nageng eno e e bulegileng. Le nna maswe tota fa le taboga le lelekisa phologolo e le e tsomang.

Eleruri, tikologo ya Serengeti ke paradaise ya diphologolo tse go kgatlhang thata go di lebelela. Mme metlhape ya dikgokong ke yone e e kgatlhang go gaisa diphologolo tse dingwe tsotlhe.

Phologolo e e Tshegisang ya mo Dipoeng

Go fopholediwa gore go na le dikgokong tse di ka nnang dimilione di le 1,5 mo Serengeti. Phologolo eno e maswe, e na le tlhogo e telele le matlho a a tsabakelang a a katoganeng thata e bile a le kwa godimo thata mo tlhogong. Dinaka tsa yone tse di tshwanang le tsa kgomo di obegela go se kae kwa tlase le gone kwa ntle mme metswi ya tsone e lebile kwa godimo. Mokwatla wa yone o fologela kwa tlase kwa maotong a a kwa morago a a lebegang a le bokoa e bile a sa tshwanele magetla a a nonofileng a phologolo eno le molala wa yone. Maoto a yone a masesane a kgona go rwala mmele o o boima wa kgokong eno. E re ka kgokong e na le ditedu tse di tshweu tse di telele mo seledung, moriri o montsho mo molaleng le mogatla o o tshwanang le wa pitse, e tshwana le diphologolo tse di farologaneng.

Tsela e dikgokong di itshwarang ka yone e a tshegisa e bile e a kgatlha. Fa di kgobokane di le setlhopha se segolo, di dira modumo o mogolo o o tshwanang le o o dirwang ke digwagwa di le diketekete. Fa di eme mo dipoeng tseno, di lebega e kete di gakgamaletse tikologo e di leng mo go yone.

Ka dinako tse dingwe, kgokong e tona e taboga go kgabaganya dipoa tseno e iphafautlela ka fa matlhakoreng otlhe le go nna e taboga e dikologa. Fa e ntse e thukutha tlhogo, e nna e tlolela kwa godimo gangwe le gape e kubuetsa lerole ka tsela e e tshegisang. Batho ba bangwe ba re e dira jalo go kgatlha tse di namagadi kgotsa go tlhagisa tse dingwe tse ditona gore e di feta ka maatla. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, kgokong e tona e a bo e itshamekela fela.

Di Tsalelwa mo Lefatsheng la Bobaba

Fa nako e gorogile, dikgokong di simolola go tsala. Di na le bokgoni jo bo sa tlwaelegang jwa go tsala ka nako e le nngwe fela, di tsala dinamane tsa tsone tse di bontsi jwa diperesente di le 80 go ya go di le 90 mo dibekeng di le tharo fela. Mo nakong eno, metlhape ya dikgokong e nna le dinamane di le diketekete tse di modumo. Mmè mongwe le mongwe o tshwanetse go atamalana ka bonako le namane ya gagwe ka gonne fa go ka direga gore motlhape otlhe o tshabe, kgokong le namane ya yone di ka kgaogana bonolo, mme namane ga e kitla e kgona go tshela kwantle ga mmaayone.

Bana ba tsone ba tsholelwa mo lefatsheng le le tletseng bobaba le ba tsomiwang ke dibatana mo go lone. Dikgokong tse di namagadi di a leta go fitlha go sa tlhole go na le kotsi epe pele di tsala. Mme fa di ka tshoganyediwa ke sebatana, di na le bokgoni jo bo sa tlwaelegang jwa go emisa go tsala di bo di tshaba. Mme moragonyana fa go sa tlhole go na le kotsi, di kgona go feleletsa go tsala namane ya tsone.

Go lebega dinamane tseno di kgona go lemoga ka tsela fela ya tlhago gore lefatshe le di tsholelwang mo go lone le kotsi, mme morago ga metsotso e le mmalwa fela fa di sena go tsalwa, di kgona go ema. Morago ga beke e le nngwe fela, namane eno e kgona go taboga mo dipoeng ka lobelo lwa dikilometara di le 50 ka ura.

Nako ya go Fuduga

Dikgokong di fuduga di le setlhopha se segolo thata mo Serengeti. Lebaka legolo la phudugo e kgolo eno ke pula. Pula e laolwa ke maemo a bosa a a fetofetogang ngwaga le ngwaga. Gantsi go a bo go na le kwa pula e nang gone ngwaga otlhe mo nageng e kgolo eno.

Dikgokong di tlhoka metsi letsatsi le letsatsi e bile di tshwanetse gore ka metlha di nne le bojang jo di bo jang. Fa fela go na le dijo le metsi mo lefelong lengwe, di nna mo go lone. Mme fa setlha sa komelelo se fitlha, bojang jo bo mo dipoeng tseno bo simolola go omelela mme metswedi ya metsi e a kgala. Metlhape ya dikgokong ga e kgone go letela pula. E tshwanetse go ya kwa pula e leng teng.

Gongwe le gongwe kwa pula e nang gone, dipoa tse di omeletseng di fetoga ka bonako. Morago ga malatsi a sekae fela, go tlhoga bojang jo bonnye jo botala mo mmung o o nonneng. Bojang jono jo bonnye bo na le dikotla e bile bo metsi—mme bo ngoka dikgokong fela thata.

Go bonala diphologolo tseno di na le bokgoni jwa go lemoga kwa pula e nang gone le fa e le kgakala thata. Ga go ope yo o itseng sentle gore di itse jang gore pula e na kwa karolong e nngwe ya Serengeti—gore a ke ka go bona go biloga ga maru kgakala kwa loaping kgotsa ka go utlwa monkgo wa pula mo phefong. Le fa go ntse jalo, gore motlhape ono o kgone go tshela, o tshwanetse go nna o ntse o fuduga. Mme ga o ipone tsapa go dira jalo!

Loeto lo lo Kotsi

Di simolola loeto ka iketlo. Dikgokong ke diphologolo tse di ratang go nna mmogo; fa e nngwe ya tsone e tsamaela go sele, tse dingwe tsotlhe di tlogela go fula di bo di e sala morago. Go ise go ye kae, motlhape o o boitshegang ono o tla bo o setse o le mo loetong. Di patelediwa ke lenyora le tlala go tswelela ka loeto. Ka dinako tse dingwe di a taboga. Ka dinako tse dingwe, di tsamaya di iketlile di tlhomile mola o moleele di ntse di epa dikhuti mo mmung ka ditlhakwana tsa tsone.

Loeto lwa tsone lo tletse dikotsi. Dibatana di sala motlhape o mogolo ono wa dikgokong morago, di tlhomile leitlho mo go epe fela e e lebegang e le bonya, e golafetse kgotsa e lwala. Fa dikgokong di ntse di le mo loetong, di tsena mo mafelong a mo go one go nnang ditau tse di bobileng. Ditau tseno tse di iphitlhileng mo bojannyeng jo bo telele di kgogogela diphologolo tseno tse di fulang di dira gore di tshoge di bo di phatlalale. Mangau, matlotse, bophokoje le diphiri di tlhasela dipe fela tse di salelang kwa morago kgotsa tse di itlhaolang mo motlhapeng. Fa go nna le phologolo e e bolailweng, manong a a tla. A tsosa modumo a lwela phologolo e e bolailweng, a bo a tlogela marapo fela a a salang a le masweu mme a feleletsa a fisitswe ke letsatsi le le mogote la Afrika.

Dinoka tse di elelang ka lobelo di dira melelwane e go seng motlhofo gore e ka kgabaganngwa ke metlhape eno. Go a kgatlha go bona diketekete tsa diphologolo tseno di kgabaganya noka di itatlhela kwa tlase kwa metsing go tswa mo losing lwa yone. Bontsi jwa tsone di kgabaganya ka pabalesego. Tse dingwe di gogolwa ke makhubu kgotsa di tshwarwa ke dikwena tse di bobileng ka fa tlase ga metsi. Diphologolo tseno di tsaya loeto lono lo lo kotsi ngwaga le ngwaga. Fa di wetsa loeto lono, di a bo di tsamaile sekgala sa dikilometara di le 3 000.

Motho—Motsomi yo Mogolo wa Tsone

Go fetile dingwaga di le diketekete motho a sa tshwenyane le phudugo ya dikgokong. Gone jaanong motho ke ene motsomi yo mogolo wa diphologolo tseno. Mo masomeng a bosheng jaana a dingwaga, dipuso tsa Tanzania le Kenya di ne tsa leka ka natla go sireletsa diphologolo tsa mo Serengeti. Le fa go ntse jalo, e re ka phudugo ya dikgokong e direga thata mo teng ga mafelo a di kampeletsweng mo go one, di le dikete tsa tsone di tshwarwa ka dirai di bo di bolawa kgatlhanong le molao ke batho ba ba di tsomang. Ba tsoma diphologolo tseno ba dirisa dirai tse di dirilweng ka terata, marumo a a nang le botlhole le ditlhobolo gore ba bone nama ya tsone, mme ba e neye batho ba ba ratang go e reka le ba ba ratang go dira digopodiso ka dikarolo dingwe tsa tsone. Batlhokomedi le badisa ba tsamayatsamaya mo lefelong leno go di sireletsa, mme Serengeti e kgolo thata mo go batlang go sa kgonege go sireletsa lefelo leno lotlhe. Fa batho ba ntse ba gola ka palo, bothata jwa go tshwenyana le naga eno le jone bo a gola. Ka metlha go ngangisanwa ka kgang ya gore go nne le lefelo le lengwe kwa thoko le go ka bewang diphologolo tse di tlhaga tseo mo go lone.

Mo dipoeng tsa Amerika Bokone, go kile ga bo go ebela dinare di le dimilionemilione. Mme gone jaanong ga di sa tlhole di le teng. Bangwe ba boifa gore metlhape e megolo e e mo Afrika Botlhaba ya dikgokong le yone e tla diragalelwa ke se se tshwanang. Go tla bo go hutsafatsa tota fa go ka direga gore diphologolo tse di kgatlhang tseno tsa tlhago di nyelele. Re lebeletse pele letsatsi le ka lone batho le diphologolo ba tla bong ba tshela ka tsela e e itekanetseng le ka kutlwano mo pusong ya Modimo. (Isaia 11:6-9) Mme fa re sa ntse re letetse seo, re tla tswelela re kgatlhwa ke tsela e diphologolo tseno di tshelang ka yone—phudugo e kgolo ya dikgokong.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Metlhape e tshwanetse go kgabaganya dinoka tse di elelang ka lobelo