Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Tshwanetse go Dirisa Jang Kgololesego ya Rona ya go Itlhophela?

Re Tshwanetse go Dirisa Jang Kgololesego ya Rona ya go Itlhophela?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Re Tshwanetse go Dirisa Jang Kgololesego ya Rona ya go Itlhophela?

MODIMO o ne a ne a bopa batho ba ntlha e bong Adame le Efa, ba na le bokgoni jwa go itlhophela. O ne a dira Adame motlhokomedi wa tshimo ya Edene. Ditiro tsa ga Adame di ne di akaretsa go taya diphologolo maina. (Genesise 2:15, 19) Se se botlhokwa le go feta ke gore Adame le Efa ba ne ba tla itirela tshwetso ya gore ba obamele Modimo kana nnyaa.—Genesise 2:17, 18.

Fa e sa le go tloga ka nako eo, batho ba ile ba dira ditshwetso di le dimilione di le diketekete—bontsi jwa tsone e le tse di siameng, tse dingwe e se tse di molemo go le kalo mme tse dingwe di le bosula gotlhelele. Dingwe tsa dilo tse di bosula tse motho a di itlhophetseng di ile tsa nna le diphelelo tse di botlhoko. Le fa go ntse jalo, Modimo ga a ise a ko a kgoreletse tshwanelo ya rona ya go itlhophela. Jaaka Rre yo o lorato, Modimo o dirisa Baebele go re thusa go dira ditshwetso tse di siameng. Gape o re tlhagisa ka ditlamorago tse di ka nnang gone fa re dira ditshwetso tse di sa siamang. Baebele e bolela gore re tla roba se re se jalang.—Bagalatia 6:7.

Go Dira Ditshwetso mo Dilong Tsa Botho

Modimo o re itsise thato ya gagwe ka phepafalo mo dilong dingwe ka go re naya kaelo e e tlhamaletseng. Le fa go ntse jalo, mo dilong di le dintsi, Baebele ga e re beele melao e e laolang dilo tse di re amang tsa botho. Go na le moo, e re naya kaelo e e atologileng e e dirang gore motho a itlhophele se a se ratang le se a se eletsang. Ka sekai, ela tlhoko se e se buang ka boitlosobodutu.

Dikwalo di bitsa Jehofa di re ke “Modimo yo o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11) Lefoko la gagwe le bua ka “nako ya go tshega” le “nako ya go tlolaka.” (Moreri 3:1, 4) Baebele e re bolelela gore Kgosi Dafide o ne a tshameka mmino gore ba bangwe ba solegelwe molemo. (1 Samuele 16:16-18, 23) Jesu o ne a nna gone kwa moletlong wa lenyalo, mme a itumedisa batho le go feta ka go fetola metsi go nna beine.—Johane 2:1-10.

Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhagisa sentle jaana: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” (Diane 13:20) “Nyao e e ferosang sebete” le ditiro tsa boitsholo jo bo sa siamang di kgopisa Modimo mme di ka senya kamano ya rona le ene. (Baefeso 5:3-5) Fa go dirisiwa bojalwa kwantle ga go ithiba kwa dikokoanong tsa botsalano, go ka nna ga nna le matswela a a botlhoko. (Diane 23:29-35; Isaia 5:11, 12) Gape Jehofa Modimo o tlhoile thubakanyo.—Pesalema 11:5; Diane 3:31.

Ditemana tseno tsa Baebele di re thusa go leba boitlosobodutu ka tsela e Modimo a bo lebang ka yone. Bakeresete ba akanya ka se Baebele e se bolelang fa ba dira ditshwetso. Mme gone, rotlhe re tla lebana le matswela a a molemo kana a a bosula a se re se itlhophelang.—Bagalatia 6:7-10.

Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba kgothalediwa go dira ditshwetso tse di siameng tse di dumalanang le melaometheo ya Baebele mo dilong tse di tshwanang le moaparo, lenyalo, go nna motsadi le ditirisano tsa kgwebo. Tseno di akaretsa le dilo tse di sa umakiweng ka tlhamalalo mo Dikwalong, le fa go ntse jalo melaometheo e e fitlhelwang mo go tsone e ba thusa go dira ditshwetso go ya ka segakolodi sa bone. (Baroma 2:14, 15) Molaomotheo o o latelang o tshwanetse wa dirisiwa mo ditshwetsong tsotlhe tse Bakeresete ba di itirelang: “E ka ne lo a ja kgotsa lo a nwa kgotsa lo dira sepe fela, dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.”—1 Bakorintha 10:31.

Mo kgannyeng eno gape re tla bo re dira sentle go akanyetsa molaomotheo wa gore re ‘tlhokomele dikgang tsa rona.’ (1 Bathesalonika 4:11) Gantsi Bakeresete ba lebana le dilo di se kae tse di sa thulaneng le thato ya Modimo tse ba tshwanelwang ke go di itlhophela. Ke gone ka moo dilo tse Mokeresete a di itlhophelang di ka nnang tsa farologana le tsa ba bangwe. Modimo o tla kgopisiwa ke go bona batlhanka ba gagwe ba atlholana. (Jakobe 4:11, 12) Baebele e re gakolola jaana ka botlhale: “A ope wa lona a se ka a boga . . . e le yo o itshunyang nko mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe.”—1 Petere 4:15.

Tshwetso ya go Direla Modimo

Baebele e gatelela matswela a a molemo a go ikobela Modimo. Le fa go ntse jalo, Modimo ga a pateletse batho gore ba mo obamele. Go na le moo, o laletsa dibopiwa tsa gagwe tsa batho go nna baobamedi ba gagwe. Ka sekai, Baebele ya re: “Tsenang tlhe, a re obameng re ikobeng; a re khubameng fa pele ga ga Jehofa Modiri wa rona.”—Pesalema 95:6.

Taletso e e ntseng jalo e ne ya neelwa Iseraele wa bogologolo. Dingwaga tse di fetang 3 500 tse di fetileng, setšhaba sa Iseraele se ne sa ema fa pele ga Thaba ya Sinai, mme Modimo o ne a itsise batho bao ba ba dimilione thulaganyo ya bodumedi jwa boammaaruri e e neng e kwadilwe mo Molaong wa ga Moshe. Jaanong ba ne ba tshwanetse go dira tshwetso: A ba ne ba tla direla Modimo kana nnyaa? Ba ne ba arabela jang? Botlhe ba ne ba bolela jaana: “Re iketleeleditse go dira sotlhe se Jehofa a se buileng le go nna kutlo.” (Ekesodo 24:7) Ke bone ba neng ba itirela tshwetso ya go obamela Jehofa.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jesu o ne a simolola tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. (Mathaio 4:17; 24:14) Ga a ise a ko a pateletse ope go dira tiro eno. Go na le moo, o ne a laletsa ba bangwe ka bonolo, a re: ‘Tla o nne molatedi wa me.’ (Mareko 2:14; 10:21) Ba le bantsi ba ne ba amogela taletso ya gagwe mme ba simolola go rera mmogo le ene. (Luke 10:1-9) Morago ga lobakanyana, bangwe ba ne ba itlhophela go tlogela Jesu. Judase o ne a itlhophela go mo oka. (Johane 6:66; Ditiro 1:25) Moragonyana, batho ba le bantsi ba ne ba nna barutwa ba kaelwa ke baaposetoloi, eseng ka go tshosediwa, mme ka go bo ba itlhophetse. Ba ne “ba na le tshekamelo e e siameng” mme “ba nna badumedi.” (Ditiro 13:48; 17:34) Gompieno le gone, Bakeresete ba ikobela Lefoko la Modimo ka go rata le go latela dithuto tsa ga Jesu.

Go phepafetse gore Modimo o eletsa gore re dirise bokgoni jwa rona jwa go itlhophela. Gape o re neela kaelo mo Baebeleng e e re thusang go dira ditshwetso tse di siameng. (Pesalema 25:12) Fa re lebane le go itirela ditshwetso, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse a akanyetsa melaometheo ya Modimo ka kelotlhoko. Ke ka tsela eno fela re ka direlang Modimo ‘tirelo e e boitshepo ka maatla a rona a go akanya.’—Baroma 12:1.