Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se se Bakang Phepelotlase le Diphelelo Tsa Yone Tse di Botlhoko

Se se Bakang Phepelotlase le Diphelelo Tsa Yone Tse di Botlhoko

Se se Bakang Phepelotlase le Diphelelo Tsa Yone Tse di Botlhoko

“Ke ne ke tshwerwe ke tlala mme lwa tlhoma komiti e e tlhotlhomisang ka tlala ya me. Ke ne ke se na legae mme lwa kwala pego ka bothata jwa me. Ke ne ke bobola mme lwa tshwara pokano ka boemo jwa batho ba ba tlhokileng lesego. Lo ne lwa sekaseka matlhotlhapelo ame otlhe mme le fa go ntse jalo, ke sa ntse ke tshwerwe ke tlala, ga ke na legae mme ke a bobola.”—Mokwadi ga a itsewe.

LE FA gone mekgatlho mengwe ya lefatshe e dirile maiteko a le mantsintsi a go fedisa bothata jwa phepelotlase, ga e a fitlhelela sepe. Ka sekai, ka 1996, Pokano ya Lefatshe Lotlhe ya Dijo ya Food and Agriculture Organization (FAO) ya Ditšhaba Tse di Kopaneng e ne ya itlhomela mokgele wa gore ka ngwaga wa 2015, e tla bo e dirile gore batho ba ba ka nnang dimilione di le 400 ba ba tlhaelang dikotla, ba bo ba fokotsegile ka halofo. *

Se se itumedisang ke gore go na le kgatelopele e e dirilweng. Mme ka maswabi, pego ya bosheng jaana ya FAO e bega gore, The State of Food Insecurity in the World 2001, e bolela jaana: “Go phepafetse gore selekanyo sa go fokotsa palo ya batho ba ba tlhaelang dikotla mo lefatsheng se wetse kwa tlase.” Ka jalo, go bonala maitlhomo a pokano eno e sa ntse e le matsapa a bophiri fela. Tota e bile, pego e bolela gore “palo ya batho ba ba tlhaelang dikotla e oketsegile thata mo dinageng di le dintsi tse di tlhabologang.”

Ke ka ntlha yang fa go se motlhofo go fenya mmaba yono? Go bona karabo, re ka nna ra tlhoka go tlhalosa pele gore phepelotlase ke eng re bo re sekaseka diphelelo tsa yone tse di botlhoko le gore e bakwa ke eng.

Ke Eng se se Bakang Phepelotlase?

Phepelotlase e bakwa ke tlhaelo ya dikotla mo diseleng tsa mmele mme gantsi e tlisiwa ke dilo tse pedi: (1) Go sa je diporoteine, dikilojoule, dibitamene le diminerale tse di lekaneng le (2) go tshwaediwa ke megare gangwe le gape.

Malwetse a a tshwanang le letshololo, mmokwane, malaria le mathata a go hema di tsenya mmele letsapa thata le go dira gore o latlhegelwe ke dikotla tse dintsi. A fokotsa keletso ya dijo le go dira gore motho a je go le gonnye fela mme seno se dira gore a tlhaele dikotla mo mmeleng. Ka fa letlhakoreng le lengwe, ngwana yo o tlhaelang dikotla o tshwaediwa ke megare motlhofo. Ka jalo, seno se baka mathata a a sa feleng a a dirang gore motho a tlhoke diporoteine le maikatlapelo mo mmeleng, mme gape se baka dintsho di le dintsi.

Ke ka ntlha yang fa bana e le bone ba leng mo kotsing e kgolo ya go tlhaela dikotla? Ba mo nakong e mo go yone ba golang ka bonako, e e dirang gore ba tlhoke dikilojoule le diporoteine di le dintsi thata. Ka ntlha ya mabaka ano, basadi ba baimana le ba ba amusang masea, le bone ba na le bothata jwa go tlhoka dikotla mo mmeleng.

Gantsi bothata jono jo ngwana a nnang le jone, bo simolola a ise a tsholwe. Fa mmè a tlhoka dikotla kgotsa a sa fepiwe sentle pele a ima le fa a le moimana, ngwana o tla tsholwa a na le boima jo bo kwa tlase jwa mmele. Mme go mo kgwisa pele ga nako, go sa mo fe dijo ka tshwanelo le go sa nne phepa ka tsela e e tshwanetseng, go ka mmakela bothata jwa go tlhoka dikotla mo mmeleng.

Go sa nne le dikotla tse di tshwanetseng go dira gore ngwana a se ka a gola sentle. Go dira gore a lele thata a bo a lwale gangwe le gape. Fa boemo jono bo ntse bo etegela, o bopama thata, mme o gonyela matlho le phogwana, letlalo le dithishu tsa gagwe di a omelela mme mmele wa gagwe ga o kgone go nna o thuthafetse.

Go tlhaela dikotla mo mmeleng go ka itlhagisa ka ditsela tse dingwe gape. Tseno le tsone di ka kgoreletsa go gola ga ngwana. Ka sekai, go sa je dijo tse di nang le diminerale tse di lekaneng—segolobogolo aene, iodine le zinc—le tse di nang le dibitamene—segolobogolo bitamene A—go ka nna le diphelelo tse di ntseng jalo. United Nations Children’s Fund (UNICEF) e bolela gore go tlhoka bitamine A mo mmeleng, go ama bana ba ka nna dimilione di le 100 mo lefatsheng lotlhe e bile go baka bofofu. Gape go koafatsa thulaganyo ya mmele ya go lwa le malwetse mo go dirang gore ngwana a tshwaediwe ke megare bonolo.

Diphelelo Tsa Yone Tse di Hutsafatsang

Phepelotlase e ka baka mathata mo mmeleng, segolobogolo wa ngwana. Serwe sengwe le sengwe le thulaganyo yotlhe ya mmele—go akaretsa pelo, diphilo, dimpa, mala, makgwafo le boboko—di ka amega tsotlhe fela.

Dipatlisiso tse di farologaneng di bontshitse gore go sa goleng sentle ga ngwana go amana le go sa goleng sentle mo tlhaloganyong le go sa direng sentle mo dithutong tsa sekolo. Pego ya mokgatlho wa Ditšhaba Tse di Kopaneng e bitsa boemo jono diphelelo tse di masisi thata tse di nnelang ruri tsa phepelotlase.

Bana ba ba sa bolaweng ke phepelotlase, ba tla amiwa ke diphelelo tse di botlhoko tsa yone go fitlha e nna bagolo. Ke gone ka moo UNICEF e neng ya bega jaana ka khutsafalo: “Go senyega ga tlhaloganyo ya bana ba le bantsi jalo—ka ntlha ya mabaka a go kgonegang gore a ka thibelwa gotlhelele—ga go a siama e bile ke bosetlhogo.” Ka jalo, diphelelo tse di nnang lobaka lo loleele tsa phepelotlase di tshwenya e le tota. Dipatlisiso tsa bosheng di bontsha gore bolwetse jwa phepelotlase jo bo tshwarang masea bo tshwana fela le malwetse a a sa foleng a a tshwarang bagolo a a jaaka bolwetse jwa pelo, jwa sukiri le jwa kgatelelo e e kwa godimo ya madi.

Le fa go ntse jalo, phepelotlase e e masisi ga se bothata jo bo anameng go gaisa a mangwe otlhe jaaka UNICEF e re: “Batho botlhe ba ba fetang dikwatara tse tharo ba ba suleng, ga ba a bolawa ke phepelotlase e e masisi mme ba bolailwe ke e e neng e le mo magareng fela.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Bana ba ba nang le bolwetse jwa phepelotlase e e mo magareng, ba ka nna ba nna le mathata a botsogo a a nnelang ruri. Ka jalo, go botlhokwa gore matshwao a go tlhaela dikotla ga bana mo mmeleng a lemogiwe gore ba tle ba newe kalafi e e tshwanetseng.—Bona lebokoso mo tsebeng 7.

Dilo Tse di Masisi Tse di Bakang Phepelotlase

Jaaka go boletswe fa godimo, phepelotlase e bakwa ka tlhamalalo ke go tlhoka dijo. Mme go na le mathata a a masisi a loago, a ikonomi, a lotso le a tikologo a a e bakang. Bothata jo bogolo mo go one ke lehuma, le le amang dimilione tsa batho segolobogolo mo dinageng tse di tlhabologang. Le fa go ntse jalo, kwantle ga gore lehuma le baka phepelotlase, gape phepelotlase ka boyone e baka lehuma, e re ka go tlhoka dikotla mo mmeleng go koafatsa bokgoni jwa batho jwa go bereka mo go felelang ka gore lehuma la bone le etegele.

Gape, go na le dilo tse dingwe tse di e bakang. Go tlhoka kitso go dira gore motho a se ka a ja ka tsela e e tshwanetseng. Jaaka fa re bone, go tshwaediwa ke megare le gone go na le seabe. Gape e bakwa ke mathata a loago le a lotso a a jaaka, go sa newe dijo ga batho ka tsela e e lekalekanang le go kgethololwa ga basadi. Gantsi basadi ba ja “la bofelo le gone go le gonnye”—ke gore, fa banna ba feditse go ja e bile ba ja dijo tse dinnye mo go tsa banna. Gape, basadi ga ba letlelelwe go ithuta, e leng se se neng se ka ba thusa gore ba kgone go tlhokomela bana ba bone botoka.

Mo godimo ga moo, mathata mangwe mo tikologong a dira gore dijo di se ka tsa tlhagisiwa ka bontsi. Mangwe a one ke masetlapelo a tlholego le dintwa. Go ya ka The State of Food Insecurity in the World 2001, go simolola ka October 1999 go ya go June 2001 fela, dinaga di le 22 di ne tsa amiwa ke komelelo, di le 17 tsa tlelwa ke dikgwanyape kgotsa merwalela, di le 14 ke ntwa ya selegae kgotsa dikgotlhang, di le 3 ke mariga a a tseneletseng, mme di le 2 ke dithoromo tsa lefatshe.

Kalafi le Thibelo

Ngwana a ka alafiwa jang fa a na le bothata jwa phepelotlase? Fa ngwana a tlhaela dikotla thata mo mmeleng, go ka nna botoka gore a robadiwe kwa bookelong. Go ya ka buka ya dingaka e e gatisitsweng ke World Health Organization, dingaka di tla sekaseka boemo jwa ngwana di bo di alafa go tshwaediwa ke megare epe fela e e ka tswang e mo tshwaeditse le go felelwa ke metsi mo mmeleng. A ka nna a simolola go newa dijo ka iketlo, gantsi go dirisiwa tšhupu. Kalafi eno ya ntlha e ka tsaya sebaka sa beke.

Jaanong go latela thulaganyo e e tla mo thusang gore a fole. Ngwana o simolola gape a newa mashi a ga mmaagwe mme o kgothalediwa go ja dijo di le dintsi ka mo a ka kgonang ka teng. Ka nako ya kalafi eno, go botlhokwa go mmontsha lorato le go mo tlhokomela mo mmeleng. Go mo tlhokomela jalo le go mmontsha lorato, go ka nna le diphelelo tse di molemo tota mo kgolong ya ngwana. Eno ke nako e ka yone mmè a ka nnang a rutwa gore a ka tlhokomela lesea la gagwe jang ka go le jesa ka tsela e e tshwanetseng, le go tlhokomela bophepa gore le se ka la lwala gape. Morago ga moo, ngwana o gololwa mo bookelong. Go botlhokwa gore ngwana a nne a isiwe kwa bookelong kgotsa kwa tliliniking go ya go tlhatlhobiwa.

Le fa go ntse jalo, go phepafetse gore thibela bolwetse e gaisa kalafi. Ke lone lebaka la go bo mo dinageng di le dintsi, puso le mekgatlho e e ikemetseng ka nosi di tlhomileng thulaganyo ya go tsenya dijo dikotla gore di jewe ke batho botlhe. Batho mo setšhabeng le bone ba ka thibela phepelotlase ka ditsela di le dintsi, tse di jaaka go dirisa dithulaganyo tsa go ruta batho ka dijo tse di nang le dikotla, go sireletsa metswedi ya metsi, go aga matlwana a boithomelo, go boloka tikologo e le phepa, go tshegetsa matsholo a go enta le go tlhokomela kgolo ya bana.

Mme motho ka bongwe a ka dirang go thibela phepelotlase? Lebokoso le le mo tsebeng 8 le na le dikakantsho tse di molemo. Mo godimo ga go di dirisa, moitseanape wa tsa dijo wa lephata la kalafo ya bana e bong Georgina Toussaint o akantsha gore mmè a boele kwa go moitseanape wa dijo kgotsa kwa tliliniking malatsi a le supa morago ga go tshola ngwana le fa ngwana a na le kgwedi e le nngwe fela, mme morago ga moo, a boele kgwedi le kgwedi. Gape, mmè o tshwanetse go kopa thuso mo go ba tsa kalafi fa ngwana a na le matshwao a go felelwa ke metsi mo mmeleng, a na le letshololo le legolo kgotsa a tshwerwe ke letshoroma.

Le fa dikakantsho tseno di thusa go tokafatsa tsela e ngwana a jang ka yone, go tshwanetse ga gakologelwa gore phepelotlase ke bothata jo bogolo—jo bogolo thata mo e leng gore batho ga ba kgone go bo dira sepe. Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Go abela batho botlhe dijo tse di lekaneng le go ba ruta ka dijo tse di nang le dikotla e sa ntse e le bothata jo bo masisi.” Ka jalo, a go na le tsholofelo ya gore “bothata [jono] jo bo tlhokang go tseelwa kgato ka bonako” bo tla fela?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka Pokano ya Lefatshe Lotlhe ya Dijo, bona makasine wa Tsogang! ya August 8, 1997, ditsebe 12-14.

[Lebokoso mo go tsebe 7]

A NGWANA WA GAGO O TLHAELA DIKOTLA MO MMELENG?

Bomankge ba tsa boitekanelo ba tlhatlhoba ngwana jang go bona gore a o na le dikotla tse di lekaneng mo mmeleng? Ba ka nna ba sekaseka matshwao a a farologaneng, ba botsa dipotso ka tsela e ngwana a jang ka yone, le go laela gore go dirwe diteko kwa laboratoring. Le fa go ntse jalo, gantsi ba ikaega thata ka go meta ngwana. Ba meta mmele wa ngwana ba bo ba bapisa dipalo tse ba di fitlhetseng le tse di fitlhelwang mo ngwaneng yo o itekanetseng sentle. Seno se ba thusa go bona gore ngwana o tlhaela dikotla ka tsela e e masisi go le go kae.

Dilo tse di botlhokwa tse ba di metang ke boima jwa mmele, boleele jwa gagwe le bogolo jwa lebogo. Fa ba bapisa boima jwa mmele le dingwaga tse ngwana a nang le tsone, seno se senola gore ngwana o tlhaela dikotla go le go kana kang; fa di tlhaela ka tsela e e masisi, ngwana o a bopama mme o lebega a le mosesane thata. Bolwetse bo tsewa bo le masisi thata fa boima jwa mmele wa ngwana bo le kwa tlase ga boima jo bo tlwaelegileng ka diperesente di le 40, bo tsewa bo le mo magareng fa boima bo le kwa tlase ka diperesente di le 25 go ya go di le 40, mme bo tsewa bo se masisi fa boima bo le kwa tlase ka diperesente di le 10 go ya go di le 25. Fa boleele jwa ngwana bo sa tsamaisane le dingwaga tsa gagwe, seno se ka bolela gore o tlhaela dikotla ka tsela e e masisi thata—ngwana ga a gole.

Malwetse a mangwe a a masisi a a bakiwang ke go tlhaela diporoteine le maikatlapelo mo mmeleng ke marasmus, kwashiorkor kgotsa malwetse ao oomabedi. Bolwetse jwa marasmus (jo bo fokotsang boima jwa mmele) bo tshwara thata masea a a sa ntseng a anya a a nang le dikgwedi tse di mo magareng ga di le 6 le tse 18. Bo iponatsa ka iketlo ka ntlha ya go tlhaela dikilojoule le dikotla ka tsela e e masisi ga ngwana, mme bo bakwa ke go sa anyise ngwana ka tsela e e tshwanetseng kgotsa go dirisa mashi a a tlhapotsweng thata go na le go dirisa mashi a mmè. Boima jwa ngwana bo ya kwa tlase thata, mesifa ya gagwe e nna mesesane mo e leng gore letlalo le kgomarela marapo, mme seno se kgoreletsa kgolo ya gagwe. Gape, ngwana o nna le “sefatlhego sa motho yo motona,” o serega bonolo mme o lela thata.

Lefoko le le reng kwashiorkor, le le tserweng mo puong nngwe ya Seaferika, le raya “ngwana yo o amogilweng letsele pele ga nako” le bo le tsewa ke yo o mo tlhatlhamang. Bolwetse jono bo tshwara ngwana fa a sena go kgwesiwa, mme bo akaretsa go tlhaela dikilojoule, e bile bo bakwa ke go tlhaela diporoteine thata. Bo dira gore mmele wa ngwana o tlale diedi, tse di dirang gore ngwana a lebege a rurugile mo dikarolong dingwe tsa mmele le mo mpeng. Ka dinako tse dingwe, bo ama sefatlhego, bo dira gore se lebege se tletse. O tswa diso mo letlalong e bile mmala le boleng jwa moriri wa gagwe di a fetoga. Bana ba ba tshwerweng ke bolwetse jono ba ruruga sebete mme ga ba rate batho e bile ba nna ba tlhoname. Go ne go ntse jalo ka Erik, yo o umakilweng kwa tshimologong, yo mmaagwe a neng a mo anyisa kgwedi ya ntlha fela; mme morago ga moo a mo naya mashi a a tlhapotsweng thata a kgomo. Fa a na le dikgwedi di le tharo, o ne a mo naya disopo tse di dirilweng ka merogo le metsi a a nang le sukiri mme o ne a mo siya le moagisani gore a mo tlhokomele.

Mofuta wa boraro wa bolwetse jwa go tlhoka diporoteine le maikatlapelo mo mmeleng ke marasmus le kwashiorkor. Malwetse ano otlhe a ka bolaya ngwana fa a sa alafiwe ka bonako.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]

SIRELETSA NGWANA WA GAGO GORE A SE KA A TLHAELA DIKOTLA!

▪ Go botlhokwa gore mmè a tokafatse tsela e a jang ka yone. Bommè ba baimana le ba ba amusang ba tshwanetse go ja dikilojoule le diporoteine tse dintsi. Diporoteine ke tsone tse di thusang gore mmè a nne le mashi. Ka jalo, fa go se na dijo tse di lekaneng, basadi ba ba mo dingwageng tsa go tshola bana le bana ba bannye e tshwanetse go nna bone pele ba newang dijo.

▪ Ka metlha, dijo tse di molemo thata mo leseeng ke mashi a mmaalone. Seno se botlhokwa mo malatsing a ntlha morago ga go tsholwa ga ngwana ka gonne mashi a mmè a na le dilo tse di lwantshang megare tse di sireletsang ngwana gore a se ka a tshwaediwa ke megare. Mo dikgweding tsa ntlha tse di ka nnang nnè, mashi a mmè a na le dikotla tsotlhe tse lesea le di tlhokang gore le gole le go itekanela sentle.

▪ Le mororo mashi a mmè e sa ntse e le one dijo tsa botlhokwatlhokwa, fa ngwana a le mo magareng ga dikgwedi di le nnè le tse thataro, o setse a siametse go ja dijo tse dingwe. Fa nako e ntse e tsamaya, mo neye maungo le merogo e e sidilweng. Dira gore ngwana a leke mofuta o le mongwe wa dijo ka nako. Morago ga malatsi a le mabedi kgotsa a le mararo, fa a setse a tlwaelane le dijo tseo, mo letle gore a leke tse dingwe. Go tla tlhokega gore o nne pelotelele le go leka ditsela tse di farologaneng tsa go dira gore ngwana a tlwaele dijo tse dingwe. Fa o mmaakanyetsa dijo, gakologelwa gore dilo tsotlhe tse o di dirisang di tshwanetse go nna phepaphepa! Tlhatswa dijo tseo sentle le dilo tse o di dirisang!

▪ Fa masea a le magareng ga dikgwedi di le tlhano le tse robonngwe, gantsi a tlhoka dikilojoule di le dintsi le diporoteine go feta tse di leng mo mashing. Nna o leka go mo naya dijo tse dingwe. Mo neye pele dijo tsa dithoro le merogo e e diretsweng bana, mme moragonyana o mo neye nama le dijo tse di dirilweng ka mashi. E re ka dijo tsa ntlha tse ngwana a di newang di silwa, fa a na le dikgwedi di le thataro, di ka nna tsa segelelwa ka bosesanyane. Ga go tlhokege e bile ga go kgothalediwe gore o di tshele letswai kgotsa sukiri.

▪ Morago ga dikgwedi di le robedi, mashi a mmè ga e sa tlhole e le one dijo tsa konokono tsa ngwana mme go na le moo, a tlaleletsa fela mo go se a se jang. Ngwana o simolola go ja dijo tse lelapa lotlhe le di jang. Dijo di tshwanetse go bolokwa di le phepa, mme di segelelwe ka bosesane gore ngwana a kgone go di tlhafuna. Dijo tse di tshwanetseng di akaretsa maungo le merogo, dijo tsa ditlhaka le dinawa, nama le dijo tse di dirilweng ka mashi. * Bana ba tlhoka thata dijo tse di nang le bitamine A. Dingwe tsa tsone ke mashi a mmè, merogo e metala, le maungo le merogo e e serolwana jaaka di-mango, digwete le maungo a a bidiwang papaya. Bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le tharo ba tshwanetse go ja ga tlhano kgotsa ga rataro ka letsatsi.

▪ Go jesa ngwana wa gago mefuta e e farologaneng ya dijo go tla dira gore a nne le dikotla tse di tla mo sireletsang. Mmè o tshwanetse go tlhokomela gore o naya ngwana wa gagwe dijo tse di nang le dikotla, a sa mo pateletse gore a je le fa a setse a kgotshe kgotsa go mo tima dijo fa a batla tse dingwe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 43 O ka bona tshedimosetso e e oketsegileng mo setlhogong se se reng, “O ka Kgona go Bona Dijo Tse di Otlang,” mo makasineng wa Tsogang! wa May 8, 2002.

[Setshwantsho]

Baitse ba dumela gore ka metlha mashi a mmè ke dijo tse di botlhokwa thata mo ngwaneng yo e leng gone a tsholwang

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Caroline Penn/Panos Pictures

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Bana ba ja korong e e omeletseng le merogo mo sekolong kwa Bhutan

[Motswedi wa Setshwantsho]

FAO photo/WFP Photo: F. Mattioli

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

O ka kgona go tsaya dikgato dingwe tsa go tokafatsa tsela e ngwana wa gago a jang ka yone

[Motswedi wa Setshwantsho]

FAO photo