Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Tsogang! e Bolokile Botshelo Jwa Me!”

“Tsogang! e Bolokile Botshelo Jwa Me!”

“Tsogang! e Bolokile Botshelo Jwa Me!”

Bakwadi ba Tsogang! ba amogetse lekwalo le le tswang kwa mmading mongwe yo o nang le kanaanelo kwa Italy. Le balega jaana:

“Ke feditse dingwaga di le 40 ke bala Tsogang!, mme ke rata tsela e e tlhalosang ditlhogo tse di farologaneng tse di mosola ka yone. Bosheng jaana ke ne ke le kwa tirong fa ke ne ke tshwarwa ke setlhabi se se botlhoko mo mpeng le mo sehubeng. Ke ne ka swetsa ka gore ke ye gae, mme e ne ya re fa setlhabi seno se ntlhasela gape, ka lemoga gore go diragalang ka nna. Ke ne ka gakologelwa sentle setlhogo sa Tsogang! se se tlhalosang matshwao a go tlhaselwa ke bolwetse jwa pelo. * Ke ne ka swetsa ka gore ke ye kwa bookelong. Ke ne ke sa ntse ke le mo phaposing ya boletelo fa tlhogo ya me e ne e sekamela kafa letlhakoreng mme ka idibala. Ke ne ka bolelelwa seno mo letsatsing le le latelang ke le mo phaposing ya balwetse ba ba lwalang thata.

“Ke sa ntse ke tshela gompieno ka ntlha ya go bo dingaka tse di nang le bokgoni di ile tsa tsaya kgato ka bonako. Mme gape, ke leboga makasine wa lona o o nneileng tshedimosetso e e neng ya nthusa gore ke dire tshwetso e e botlhale ya go ya kwa bookelong. Tsogang! e bolokile botshelo jwa me!”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Bona makasine wa rona wa December 8, 1996, tsebe 16.