Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha le Diokobatsi

Basha le Diokobatsi

Basha le Diokobatsi

“A ba ne ba tshwanetse go swa?”

Eo e ne e le potso e e neng e le kafa ntle ga makasine wa kwa Brazil wa Veja. Fa thoko ga mafoko ano, go ne go na le ditshwantsho tsa basha ba bantle ba ba neng ba lebega ba itekanetse ba ba neng ba setse ba sule—ba bolailwe ke go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang.

GO SA kgathalesege dikotsi tse di itsegeng tse di bakwang ke diokobatsi, batho ba tswelela fela ka tiriso e e sa siamang ya diokobatsi, mme go di dirisa ka tsela e e ntseng jalo, go senya matshelo a bone. Tiriso e e sa siamang ya diokobatsi e dira gore puso ya United States e dirise didolara tse di ka fopholediwang go diranta di le dimilione di le dikete tse 940 ka ngwaga go tlhokomela ba ba lwadiwang ke tsone, gape e dira gore batho ba se ka ba kgona go dira ditiro tsa bone ka tsela e e tshwanetseng, ba latlhegelwe ke dituelo tsa bone e bile e baka le bokebekwa. Mme gongwe basha—e leng bana—ke bone ba ba amiwang thata ke diokobatsi. Go ya ka patlisiso ya kwa Brazil e e begilweng mo lokwalopakeng lwa Jornal da Tarde, diperesente di le 24,7 tsa basha ba ba leng fa gare ga dingwaga di le 10 le tse 17, ba setse ba kile ba lekeletsa diokobatsi dingwe.

Le fa go dirisa diokobatsi ga basha kwa United States go ka tswa go fokotsegile go sekae mo dingwageng tsa bosheng, palo e e tshosang ya basha koo e tshwakgotswe ke diokobatsi. Akanya ka basha ba ba leng kwa sekolong se segolo. Go ya ka patlisiso nngwe, diperesente di le 37 tsa bone di setse di dirisitse marijuana mo ngwageng o o fetileng. A le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 5 o a dirisitse mo kgweding e e fetileng. Mo e ka nnang a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 10 o dirisitse seokobatsi sa ecstacy mo ngwageng o o fetileng. Ba ba fetang diperesente di le 6 ba dirisitse se se bidiwang LSD.

Dipego tseno tse di tswang mo lefatsheng lotlhe di a hutsafatsa. Ofisi ya Boritane ya Dipalopalo Tsa Bosetšhaba e bega gore “diperesente di le 12 tsa basha ba dingwaga di le 11-15 ba dirisitse diokobatsi mo ngwageng o o fetileng . . . Go bonala marijuana e le yone e ba e dirisitseng thata.” Se se neng se tshosa le go feta ke gore “ba ba fetang nngwetharong (diperesente di le 35) ba newa diokobatsi tse di farologaneng ke dithaka tsa bone.”

Pego e Mokgatlho wa Badiri wa kwa Yuropa o e etleetsang ka madi le yone e bega gore “go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng go tlwaelegile thata” mo gare ga basha. Gape, pego eno e bolela gore go sa diriseng “bojalwa ka tsela e e tshwanetseng go amanngwa le diphelelo tse di farologaneng tse di sa siamang tse di jaaka dikotsi tsa tsela, bothubaki le go tshwaediwa ke megare mmogo le go nna le mathata a loago.” Pego e e tswang kwa Japane e bolela gore “diokobatsi tse gantsi di dirisiwang ke basha ba dingwaga tsa bolesome kwa Japane, ke tsa diedi tse di bogale tse di dirang gore ba feleletse ba dirisa diokobatsi tsa mefuta e mengwe.”

Ga go gakgamatse go bo Mokwaledikakaretso wa Mokgatlho wa Ditšhaba Tse di Kopaneng e bong Kofi Annan a ne a bolela jaana: “Diokobatsi di senya setšhaba sa rona, di rotloetsa bokebekwa, di anamisa malwetse a a tshwanang le AIDS e bile di bolaya basha ba rona le go senya isagwe ya rona.” Gantsi batho ba ba dirisang diokobatsi ke bone ba nnang le seabe mo ditirong tsa bokebekwa jwa go rekisa diokobatsi le jwa dipolao tse di amanang le tiriso ya diokobatsi. Mo godimo ga moo, ka ntlha ya go sa diriseng diokobatsi sentle, batho ba le bantsi ba amiwa ke bothubaki, ba a gobala kgotsa ba nna le seabe mo tlhakanelongdikobo e e sa rulaganyediwang e bile e le e e kotsi. Mme fa o akanya gore lelapa la gago ga le amiwe ke bothata jono, o ijesa dijo tsa ditoro! Pego nngwe ya puso kwa United States e ne ya bolela jaana: “Go dirisa diokobatsi ga se bothata jwa batho ba ba humanegileng fela, jwa batho ba le mmalwa kgotsa jwa batho ba ba nnang mo ditoropong. . . . Batho ba ba dirisang diokobatsi ba tswa mo maemong otlhe a botshelo e bile ba tswa mo dikarolong tsotlhe tsa naga. Bothata jwa go dirisa diokobatsi bo ama batho botlhe.”

Le fa go ntse jalo, gantsi batsadi ga ba lemoge kotsi eno, ba thanya lo le tsebeng. Akanya ka kgang ya mosetsanyana wa kwa Brazil. Kgaitsadie e bong Regina * o ne a bega jaana: “O ne a nwa majalwa. Ba lelapa la gaetsho ba ne ba se na bothata bope ka seno. Mme seno se ne sa dira gore ene le ditsala tsa gagwe tsa basimane ba simolole go lekeletsa diokobatsi. E re ka batsadi ba me ba ne ba se ke ba mo kgalema, dilo di ne tsa tswa mo taolong. O ne a na le go nyelela makgetlho a le mmalwa. Mme nako le nako fa go ne go fitlhelwa mosetsanyana mongwe a sule, mapodise a ne a bitsa rre go tla go bona gore a e ne e se ene! Seno se ne sa bakela lelapa la gaetsho mathata a magolo.”

World Health Organization e ntsha mabaka a le matlhano a konokono a go bo basha ba dirisa diokobatsi:

(1) Ba batla go ikutlwa e le bagolo le go itirela ditshwetso

(2) Ba batla go amogelwa ke ba bangwe

(3) Ba batla go nna ba itumetse go se sepe se se ba tshwenyang

(4) Ba batla go lekeletsa dilo le go tsuologa

(5) Ba batla go utlwa gore go di dirisa go ntse jang

E re ka diokobatsi di bonwa kwantle ga bothata bope e bile go na le kgatelelo ya balekane, ga go na pelaelo gore seno se dira gore basha ba simolole mokgwa ono wa go itshenya ka tsone. Mosha mongwe wa kwa Brazil e bong Luiz Antonio o ne a re: “Batsadi ba me ga ba ise ba ko ba bue sepe ka diokobatsi. Kwa sekolong, barutabana ba ne ba bua ka tsone ba feta fela.” A tlhotlhelediwa ke balekane ba a tsenang sekolo le bone, o ne a simolola go dirisa diokobatsi a le dingwaga di le 14 fela. E ne ya re moragonyana fa a leka go di tlogela, “ditsala” tsa gagwe tse di neng di mo naya tsone, tsa mo tshosetsa ka gore fa a ka di tlogela di ne di tla mo tlhaba ka thipa!

A wa lemoga gore bana ba gago le bone ba ka tswa ba le mo kotsing? O dirile eng go ba sireletsa gore ba se ka ba dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang? Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa ditsela dingwe tse batsadi ba ka sireletsang bana ba bone ka tsone.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Maina mangwe a fetotswe.

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

“Diokobatsi di senya setšhaba sa rona, di rotloetsa bokebekwa, di anamisa malwetse a a jaaka AIDS e bile di bolaya basha ba rona le go senya isagwe ya rona.”—KOFI ANNAN, MOKWALEDIKAKARETSO WA MOKGATLHO WA DITŠHABA TSE DI KOPANENG

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

© Veja, Editora Abril, May 27, 1998