Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Etela Tshimo ya Dipanana

Go Etela Tshimo ya Dipanana

Go Etela Tshimo ya Dipanana

KA MOKWADI WA TSOGANG! MO AFRIKA BORWA

E SA le ke ntse ke rata go ja dipanana. Ke dumela gore batho ba le bantsi ba a di rata. Dipanana ga di monate fela mme gape di tletse dibitamine, diminerale le faeba. A o ka rata go itse mo go oketsegileng ka leungo leno le le nang le dikotla? Bosheng jaana molemi mongwe le mosadi wa gagwe ba ne ba mpontsha tsela e e gakgamatsang e dipanana di ijalang ka yone.

Tony le Marie (ba ba bontshitsweng fa godimo) ke balemi ba Afrika Borwa kwa Porofenseng ya Limpopo, mo lefelong le le bidiwang Levubu. Ba lema dijalo tse di farologaneng mo polasing ya bone ya diheketara di le 55. Le fa go ntse jalo, sejalo se se tletseng mo polasing ya bone ke panana. Tony o tla re tlotlela mo go oketsegileng ka leungo leno le le ratwang thata.

Go Jalwa ga Tsone le Maemo a Bosa

Tony o bolela jaana: “Mmu o o siameng ke o o nang le letsopa le lentsi—e seng o o nang le motlhaba kgotsa o o nang le maje a mantsi. Gape e tshwanetse go nna o o boteng le o o kgonang go monya metsi sentle. Dipanana di gola sentle mo mafelong a a se nang segagane. Tota di gola sentle fa themperetšha e le kwa godimo thata. Dithemperetšha tsa ngwaga le ngwaga tsa kwa Levubu ke didikirii tsa celsius di le 12 go ya go di le 35.” Fa ke botsa Tony ka ga pula, o ne a araba jaana: “Dipanana di batla pula e e nang ka metlha kgotsa di batla go nosediwa beke le beke.”

Semela sa dipanana se ka bonala se tshwana le setlhare, mme kutu ya sone ga se ya logong, ke ya matlhare a a tlhatlaganeng. Totatota, semela sa dipanana ke matlhare a magolo, ga se setlhare. Kutu ya sone ya mmatota e ka fa tlase ga mmu mme e bidiwa thitomodi. Medi e golela kwa tlase e tswa mo thitomoding eno, mme matlhare one a gola go tswa mo go yone mme kwa bofelong, a fetoga go nna sethunya se segolo sa mmala o o phepole. Matlhogela a a tla nnang ditlhatshana tse disha le one a tlhoga mo thitomoding.

Dimela tsa panana di na le dikgato di le tharo tsa go gola tse balemi ba lefelo leo ba di bitsang, “mmèmogolo, morwadie le setlogolo.” (Bona setshwantsho.) “Mmèmogolo” o tlhagisa maungo mo ngwageng ono, “morwadie” o a tlhagisa mo ngwageng o o latelang, mme “setlogolo” sone se a tlhagise mo ngwageng wa boraro. “Ditlogolo” di mela di le dintsi gaufi le “mmaatsone.” Fa “bana” bano ba godile ba le bogodimo jo bo fitlhang mo mangoleng, botlhe ba a pomiwa kwantle fela ga matlhogela a go bonalang a tla ungwa dipanana.

Sethunya se segolo sa mmala o o phepole, se kgabagare se fetogang ngata ya dipanana, se golela kwa godimo go tswa mo thitomoding e e ka fa tlase ga mmu fa gare ga setlhare. Kgabagare, se tlhaga fa gare ga matlhare a mabedi a a leng kwa godimo se bo se lepelelela kwa tlase. Fa matlhatshana a sethunya a ntse a wela fa fatshe, go tlhaga dingata di le 10 go ya go di le 15 tsa dipanana tse di lebegang jaaka seatla—mme motho yo o sa itseng sepe ka dipanana, ene o bona di gola di kgoname! Go ka direga gore ngata ya dipanana e nne le dipanana di le 20 kgotsa go feta foo, tse di santseng di gola tse di bidiwang menwana.

Nako ya Thobo

Nako ya go tloga fa sethunya sa mmala o o phepole se tlhoga go fitlha dipanana di rojwa, e ka nna dikgwedi di le tharo go ya go di le thataro, go ikaegile ka gore ke setlha sefe sa ngwaga. Maungo ano a rojwa a ise a butswe, mme seo se dirwa fela fa a setse a godile sentle. Palogare ya boima jwa ngata ya dipanana e e rekisiwang ke dikilogerama di le 35. Ka nako ya thobo, dingata tsa dipanana di khurumediwa ka polasetiki go di sireletsa gore di se ka tsa senyega fa di le mo kolotsaneng di isiwa kwa di rorelwang gone. Kwa lefelong leno, dingata tseno di a segiwa di bo di kgaoganngwa ka ditlhopha tse dinnye tsa dipanana tse di magareng ga di le tharo le di le thataro mme morago ga moo, di tsenngwa mo motswakong o o bolayang muta.

Mo Afrika Borwa, maungo ano a pakiwa mo mabokosong a a tshasitsweng bonota le a a tsenang mowa a bo a isiwa kwa phaposing e a tla butswetsang kwa go yone. Mo phaposing eo, a budusiwa ke gase e e bidiwang ethylene. * Mabokoso ano a bolokwa foo letsatsi le le lengwe kgotsa a le mabedi mo themperetšheng e e laolwang, mme morago ga moo, a romelelwa bareki.

Tony o bua jaana a nyenya: “Gongwe ke a kgetholola, mme ke akanya gore dipanana tsa kwa Levubu di monate ka tsela e e kgethegileng gongwe e le ka ntlha ya mmu wa rona. Ka maswabi, dipanana tseno di itumelelwa ke batho ba naga eno fela e re ka re le kgakala le toropo le fa e le efe e mo go yone go romelwang dilo kwa dinageng tse dingwe.”

Di Siametse Botsogo Jwa Gago

Dipanana di na le potassium e ntsi. Makasine wa Health o bolela jaana mo setlhogong sa one se se buang ka dipanana: “Dipatlisiso di le dintsi di bontsha gore dikotla tseno di ka thusa go nonotsha marapo a gago, tsa fokotsa kotsi ya go tlhaselwa ke haebolate le seterouku.” Makasine ono o oketsa jaana: “Dipanana di na le asiti ya folic e e lwantshang bogole jo bo ka nnang gone ka nako ya pelegi, e leng bitamine ya B e e tlhokwang thata ke mmè mongwe le mongwe yo o moimana kgotsa yo o leng mo dingwageng tsa go tshola bana.” Dipanana di na le diminerale tse dingwe gape tse di botlhokwa tse di jaaka magnesium, e e thusang gore marapo a monye calcium gore a nne a nonofile.

Poroteine e e leng mo pananeng e dirwa ke di-amino acid di le 18, go akaretsa le tse dingwe tsotlhe tse di botlhokwa tse mmele o sa kgoneng go di itirela kgotsa tse o sa kgoneng go di dira gotlhelele. Gape, leungo leno le na le diperesente di le 22 tsa dikhabohaetereite tse di nayang motho maatla ka bonako fa a sena go le ja, ka gonne le silega bonolo. Marie o ne a itumelela go oketsa ka go re: “Bitamine ya A, B, le ya C e fitlhelwa thata mo dipananeng. Gape, go bonala di fokotsa keletso ya dijo ka gonne ga go motho yo a tleng a batle go ja di le dintsi ka nako e le nngwe.” Ka jalo, ke ka ntlha yang fa o sa je nngwe ya tsone—e go siametse e bile e rokotsa mathe!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Fa dipanana di butswa ka tsela ya tlhago, di ntsha yone gase eo e e dirang gore di nne di butswe. Ka jalo, tsela e nngwe ya go dira gore dipanana tse di tala di butswe, ke go tsenya di le mmalwa tse di buduleng mo gare ga tsone.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Letlhare

Sethunya/dipanana

Bokafantle jwa letlhare

Mmu

Thitomodi

Modi

[Motswedi wa Setshwantsho]

Sketch: Based on drawing from The Complete Encyclopedia of Illustration/J. G. Heck

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Mmèmogolo

Morwadie

Setlogolo

[Ditshwantsho mo go tsebe 27]

Sethunya se segolo se se phepole se kgabagare se fetogang ngata ya dipanana

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photo by Kazuo Yamasaki

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

Nako ya thobo (ka fa molemeng); ditlhatshana tsa dipanana tse di sa ntseng di gola (fa godimo)