Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go ja O sa Dirise Dintshwana

Go ja O sa Dirise Dintshwana

Go ja O sa Dirise Dintshwana

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA GHANA

BATHO ba le bantsi ba dirisa foroko, thipa le leswana fa ba ja dijo tse di monate ba ntse fa tafoleng. Ba bangwe jaaka ba ba goletseng kwa dinageng tsa Botlhaba, ba dirisa dithupana fa ba ja. Le fa go ntse jalo, go na le dijo tse bangwe ba reng di nna monate fa o di ja ka seatla. Akanya ka dikgopo tse di gadikilweng le nama ya koko, dimafene, di-egg roll le di-taco.

Mme go tweng ka sopo? A o ka e ja ka seatla? O ka nna wa re ‘Seo ga se kgonege! E a fisa mme e a ngaparela, e bile ga o ka ke wa kgona go e tshwara.’ Mo dinageng di le dintsi tsa Afrika, batho ba tlwaetse go ja sopo ka diatla fela jaaka batho ba kwa Asia ba tlwaetse go ja ka dithupana. Mma re go tlotlele ka sejo sengwe sa kwa Ghana le monate wa go se ja ka seatla.

Fufu le Sopo ya Matonkomane

Fufu e dirwa ka plantain e e apeilweng, e leng leungo le le tshwanang thata le panana e e tlwaelegileng, le ka cassava—e gape e bidiwang manioc—e leng semela sa medi e e segwere, se se jalwang mo dinageng tsotlhe tsa boboatsatsi. Di-plantain le cassava di a obolwa, di a tlhatswiwa di bo di bedisiwa go fitlha di nna boruma. Fa di sena go tlhotlhwa metsi, di silwa ka motshe le kika go fitlha di nna bogobe jo bo boleta. Fa bogobe jono bo sena go tswakanngwa sentle e bile bo le boleta, bo dirwa dikgolokwane.

Sopo ya matonkomane e dirilwe ka matonkomane a a thugilweng, nama kgotsa tlhapi, ditamati, dieie, pepere le ditswaiso tse dingwe. Nama le tlhapi di a fufudisiwa di bo di tsenngwa ditswaiso, morago ga moo di bo di tshelwa metsi le matonkomane a a thugilweng. Fa ba fetsa go dira jalo ba tlhakanya merogo e e farologaneng ba bo ba e tsenya mo teng ga sopo eno ba bo ba e fuduwa gore e butswe sentle. Jaanong, fufu e tsholelwa mo teng ga sejana e tshetswe sopo e e fisang ya matonkomane fa godimo.

Tsela e e Jewang ka Yone

Fa o sena go tsholelwa dijo tse di monate tseno tse o di apeetsweng, o di ja jang o sa dirise dintshwana? Se o tshwanetseng go se dira fela ke go di ja ka tsela e e tshwanetseng.

Sa ntlha, tlhapa diatla. Tsenya menwana ya gago ya seatla sa moja mo teng ga sopo. O nne kelotlhoko! Fa o sa tlwaela go dira jalo, e ka nna ya go tlabola menwana!

Jaanong natha fufu, o dirisa monwana wa kgonojwe, wa bosupa, o o fa gare le wa palamonwana. Ina fufu mo sopong o bo o e bobetsa go sekae ka monwana wa kgonojwe gore e gelele sopo.

Jaanong isa fufu kwa molomong. Fa o dira jalo, lebisa malokololo a seatla sa gago le menwana kwa molomong o le kelotlhoko gore menwana ya gago e se ka ya tlhatlogela kwa godimo go feta malokololo a seatla. Fa o dira jalo, o tlhomamisa gore sopo ga e elele mo lebogong la gago go ya kwa sekgonong.

Isa tlhogo kwa tlase go sekae, mme fa seatla sa gago se fitlha fa dipounameng, tsenya fufu le sopo mo molomong o dirisa monwana o o fa gare le wa palamonwana. E itumelele, mme gape o nne kelotlhoko. Jaanong o ka nna wa tlhoka go itshokela go baba ga pepere, e re ka gantsi dijo tsa Ba-Ghana di tsenngwa ditswaiso di le dintsi thata!

O tla tshwanelwa ke go boeletsa mokgwa ono go fitlha o fetsa fufu yotlhe. Fa fufu e sena go fela, ja dilo tse dingwe, tse di jaaka manathwana a nama. Mme fa go sa ntse go na le soponyana e e setseng, o ka nna wa e feleletsa ka seatla.

Lebaka La go E ja Ka Seatla

Ba-Ghana bangwe ba re ba batla go dirisa ditemotshi tse tlhano fa ba ja. O utlwa dijo le go dupa monko wa tsone fa di apeilwe. Fa o ja, o a di bona e bile o latswa monate wa tsone. Mme gore o dirise temotshi ya botlhano, o tshwanetse go di kgoma.

Go sa kgathalesege gore o motho wa setšhaba sefe, o ka tlhomamisega gore Mmopi wa rona, Jehofa Modimo, o kgatlhegela “batho ba mefuta yotlhe.” (1 Timotheo 2:4) Seno se dira gore batho ba nne le dingwao tse di kgatlhang tsa mefuta e e farologaneng. Mme le fa o sa tlwaela go ja sopo o sa dirise dintshwana, o ka nna wa go fitlhela go kgatlha go dira jalo.