Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng Se se Bontshang Gore Motho o Rata Dikhumo?

Ke Eng Se se Bontshang Gore Motho o Rata Dikhumo?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Ke Eng Se se Bontshang Gore Motho o Rata Dikhumo?

BATHO ba bopilwe ba na le tshekamelo ya go rata dilo tsa semoya le go batla go obamela Modimo. Le fa go ntse jalo, e re ka motho a dirilwe ka lorole lwa mmu, o na le dilo tse a di tlhokang e bile o na le tshekamelo ya go rata go nna le dikhumo. Go na le Bakeresete bangwe ba ba humileng thata. A seno ka bosone se raya gore ba rata dikhumo mme ga ba rate dilo tsa semoya? Ka fa letlhakoreng le lengwe, a go raya gore ba ba humanegileng ga ba rate dikhumo mme ba rata thata dilo tsa semoya?

Ga go pelaelo gore o tla dumalana gore go rata dikhumo go akaretsa se se fetang fela go nna le dithoto di le dintsi. Akanyetsa dikai tse di latelang tsa Baebele tsa se tota go rata dikhumo e leng sone, le kafa re ka tilang ka gone dikotsi tse go rata dikhumo go ka nnang le tsone mo bomoyeng jwa rona.

Ba ne Ba Humile e Bile ba Itsege Thata

Bangwe ba batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba metlha ya fa go ne go kwalwa Baebele, ba ne ba humile e bile ba itsege thata. Ka sekai, Aborahame “o ne a na le leruo le lentsi la metlhape le selefera le gouta.” (Genesise 13:2) Jobe o ne a itsege a le “mogolo go feta batho botlhe ba Botlhaba,” ka gonne a ne a na le leruo le lentsi le setlhopha se segolo sa batlhanka. (Jobe 1:3) Dikgosi tsa Iseraele tse di jaaka Dafide le Solomone, di ne di humile tota.—1 Ditiragalo 29:1-5; 2 Ditiragalo 1:11, 12; Moreri 2:4-9.

Phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e na le Bakeresete ba ba humileng. (1 Timotheo 6:17) Lidia o bidiwa “morekisi wa letsela le le bobududu jo bo mokgona, wa motse wa Thiatira e bile e le moobamedi wa Modimo.” (Ditiro 16:14) Sefetola mmala se se bobududu jo bo mokgona le diaparo tse di tsentsweng mmala wa sone, di ne di ja madi a le mantsi mme gantsi di ne di direlwa batho ba maemo kgotsa ba ba humileng. Ka jalo, Lidia le ene a ka tswa a ne a humile.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, baobamedi bangwe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba metlha ya fa go ne go kwalwa Baebele ba ne ba humanegile thata. Masetlapelo a tlholego, dikotsi le loso di ne tsa dira gore malapa mangwe a humanege. (Moreri 9:11, 12) Go tshwanetse ga bo go ne go se monate gore batho ba ba humanegileng ba bone ba bangwe ba itumelela dikhumo kgotsa dithoto tse ba nang natso! Le fa go ntse jalo, go ne go tla bo go le phoso gore ba lebe ba ba humileng jaaka ba ba ratang dikhumo kgotsa go swetsa ka gore ba ba se nang dikhumo ba ne ba direla Modimo botoka go na le ba ba humileng. Ka ntlha yang? Mma re sekaseke gore ke eng se se dirang gore batho ba nne le moya wa go rata dikhumo.

Go Rata Madi

Buka nngwe e e tlhalosang mafoko e tlhalosa go rata dikhumo e le, “go tshwarega thata kgotsa go buelela moya wa go nna le dikhumo go na le go tshwarega ka dilo tsa semoya.” Ka jalo, go rata dikhumo go bakwa ke dikeletso tse re nang le tsone, gore ke eng se se tlang pele mo go rona le gore re tlhomile mogopolo wa rona mo dilong dife mo botshelong. Seno se tlhalosiwa sentle ke dikai tse pedi tse di latelang tse di mo Baebeleng.

Jehofa o ne a kgalema Baruke fela thata yo e neng e le mokwaledi wa ga moporofeti Jeremia. Go bonala Baruke a ne a humanegile ka ntlha ya maemo a a neng a le gone mo Jerusalema le ka ntlha ya go tsalana thata le Jeremia yo o neng a sa ratwe ke batho. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a bolela jaana: “Mme fa e le wena, o nna o ntse o ipatlela dilo tse dikgolo. Se nne o ntse o batla.” Go ka direga gore Baruke a bo a ile a simolola go nna le moya wa go rata dikhumo, a ka tswa a ile a simolola go akanya thata ka go nna le tsone kgotsa kafa ba ba nang le dikhumo ba neng ba tshela monate ka gone. Jehofa o ne a gakolola Baruke gore o ne a tlile go mo golola mo tshenyong e e neng e tlela Jerusalema mme o ne a se kitla a sireletsa dikhumo tsa gagwe.—Jeremia 45:4, 5.

Jesu o ne a dira setshwantsho ka monna yo ka tsela e e tshwanang a neng a tshwaregile thata ka dikhumo. Monna yono o ne a tlhomile mogopolo wa gagwe mo dikhumong go na le go o tlhoma mo kgannyeng ya gore o ne a ka dirisa jang se a nang le sone go direla Modimo ka mo go oketsegileng. Monna yono wa mohumi o ne a re: “Ke tla rutlolola matlo a me a polokelo ke ba ke aga a magolwane, . . . mme ke tla raya moya wa me ke re: ‘Moya, o na le dilo tse di molemo di le dintsi tse di beetsweng dingwaga di le dintsi; nna ka phuthologo, ja, nwa, ijese monate.’” Morago ga moo, Jesu a re: “Mme Modimo a mo raya a re, ‘Wena yo o seng tekatekano, mo bosigong jono ba batla moya wa gago ka kgang mo go wena. Ke mang, he, yo o tla tsayang dilo tse o di bolokileng?’ Go nna jalo ka monna yo o ipeelang letlotlo mme a sa huma malebana le Modimo.”—Luke 12:16-21.

Dipego tse pedi tseno di re ruta eng? Di re thusa go bona gore ga go reye gore motho fa a na le dikhumo o a bo a na le moya wa go rata dikhumo, mme se se dirang gore a nne le moya oo ke fa a tlhoma mogopolo wa gagwe otlhe mo go nneng le tsone. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Le fa go ntse jalo, ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong. Gonne lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gagamalela lorato lono bangwe ba fapositswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.” (1 Timotheo 6:9, 10) Go ikemisetsa go huma le go rata dikhumo ke gone go go bakang mathata.

Re Tshwanetse go Itshekatsheka

Bakeresete ba tshwanetse go nna kelotlhoko go tila serai sa go rata dikhumo, go sa kgathalesege seemo sa bone sa itsholelo. Maatla a dikhumo a a tsietsa mme a ka hupetsa bomoya. (Mathaio 13:22) Fa re tlosa mogopolo wa rona mo dilong tsa semoya mme re o tlhoma mo dikhumong re sa lemoge, seo se ka nna le diphelelo tse di botlhoko.—Diane 28:20; Moreri 5:10.

Ka jalo, Bakeresete ba dira sentle go sekaseka gore ke eng se se botlhokwa thata le se ba tlhomileng mogopolo wa bone mo go sone mo botshelong. Le fa motho a ka tswa a humanegile kgotsa a humile, batho ba ba ratang dilo tsa semoya ba leka go dirisa kgakololo ya ga Paulo ya go tlhoma tsholofelo ya bone e seng “mo dikhumong tse di sa tlhomamang, mme ba solofele mo Modimong, yo o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re di ipelele.”—1 Timotheo 6:17-19.