Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefatshe Le le Se Nang Diokobatsi le Tloga le Tla

Lefatshe Le le Se Nang Diokobatsi le Tloga le Tla

Lefatshe Le le Se Nang Diokobatsi le Tloga le Tla

A o ka kgona go akanya ka lefatshe le le se nang tiriso e e sa siamang ya diokobatsi?

MOKWALEDIKAKARETSO wa Ditšhaba Tse di Kopaneng e bong Kofi Annan o ne a kopa ditšhaba tsotlhe go leka go dira gore go nne le lefatshe le le ntseng jalo. O ne a bolela jaana: “Re tshwanetse go tsaya dikgato tse disha tsa bopelokgale tsa go lwantsha bosula jono; e leng kgogodi eno e e tshwaeditseng bana ba le bantsi ba rona.”

Le fa baeteledipele ba ka dumalana gore go fokodiwe go dirwa ga diokobatsi tse di seng ka fa molaong le go di phasalatsa, seo ga se kgetse e e potlana. Hennadiy Udovenko wa kwa Ukraine yo e leng poresidente wa lephata le le kgethegileng la Kokoano Kakaretso ya Ditšhaba Tse di Kopaneng o ne a bolela jaana, “kgwebo ya diokobatsi, e go fopholediwang gore e dira madi a a fetang diranta di le dibilione di le 3,75 ka ngwaga, ke nngwe ya dikgwebo tse di atlegileng thata tse di bofitlha tse di . . . kgonang go senya mebaraka ya tsa madi mo lefatsheng lotlhe kgotsa tse di dirang gore mebaraka eno, e kgone go itsetsepela.” O ne a oketsa ka gore bothata jwa diokobatsi “ke bothata jwa lefatshe lotlhe e bile ga go setšhaba sepe se se ikutlwang se sireletsegile ka ntlha ya diphelelo tsa tsone tse di maswe.”

Go thata go akanya ka lefatshe le le se nang diokobatsi tse di kotsi. Ga go pelaelo gore dipuso tsa batho di paletswe ke go di fedisa. Le fa go ntse jalo, ga go ope yo o ka thibelang Modimo Mothatayotlhe go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa go tlisa lefatshe la paradaise le mo go lone a tla nayang batho dilo tse ba di tlhokang tsa maikutlo, tsa mmele le tsa semoya. (Pesalema 145:16; Luke 23:43; 2 Petere 3:13) Go ya ka moporofeti Isaia, lefoko la Modimo ‘ga le kitla le boela mo go ene le se na matswela, ruri le tla dira selo se se mo itumedisang, ruri le tla atlega mo go se a le rometseng kwa go sone.’—Isaia 55:11.

Go dumela ditsholofetso tseo go tlisa matswela a a molemo thata le gone jaanong. Ka sekai, Edmundo o ne a dirisa diokobatsi. Mme go dumela tsholofetso ya Baebele ya lefatshe le lesha la tshiamo go ne ga dira gore a sekaseke botshelo jwa gagwe. Gone jaanong Edmundo o bolela jaana: “Ke nnile seeleele tota ka itshenyetsa nako.” E re ka a eletsa go nna a ntse a amogelwa ke Modimo, gone jaanong o ititeile sehuba gore ga a ne a tlhola a dirisa diokobatsi. Ee, go itse Modimo le ditsholofetso tsa gagwe go ka re tlhotlheletsa gore re “apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.”—Baefeso 4:24.

Ba bangwe ba le bantsi ba le bone ba neng ba dirisa diokobatsi ba itumelela go atamalana gaufi thata le Mmopi wa bone. Mafoko a a latelang a mopesalema a na le bokao jo bo kgethegileng mo go bone: “Tsweetswee o se ka wa gakologelwa maleo a bosha jwa me le go tlhanoga ga me. A ko o nkgakologelwe go ya ka bopelonomi jwa gago jwa lorato, ka ntlha ya molemo wa gago, wena Jehofa. Jehofa o molemo e bile o thokgame. Ke sone se a layang baleofi kaga tsela.” (Pesalema 25:7, 8) A bo go gomotsa jang mo batsading ba bana ba bone ba sa laolegeng go itse gore bana ba bone ba ka kgona go fetoga! Fa batsadi ba leka ka natla, ba ka kgona go thusa basha ba bone go fenya bothata jwa go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang le gore ba “tshware botshelo jwa mmatota ka thata” jo re tla bo bonang mo lefatsheng le lesha la Modimo.—1 Timotheo 6:19.

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo e tlhotlheleditse ba le bantsi ba ba dirisang diokobatsi gore ba fetole matshelo a bone