Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Kgona Jang go Tlhopha Dibidio Tsa Mmino Tse ke di Lebelelang?

Nka Kgona Jang go Tlhopha Dibidio Tsa Mmino Tse ke di Lebelelang?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Kgona Jang go Tlhopha Dibidio Tsa Mmino Tse ke di Lebelelang?

“Fa ke bona leina la setlhopha se se itsegeng ka dipina tse di maswe kgotsa pina ya sone e tshameka, ke fetola seteishene.”—Casey.

DIBIDIO TSA MMINO—basha ba le bantsi ba di fitlhela di ba ntsha bodutu thata. Le fa go ntse jalo, fela jaaka setlhogo se se fetileng sa motseletsele wa ditlhogo tseno se ne sa bontsha, dibidio di le dintsi tsa mmino di bontsha ditshwantsho tse di tshosang tsa boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo le thubakanyo. * Eleruri, fa boitlosobodutu bope fela bo kgothaletsa dilo tse Modimo a di kgalang, Mokeresete ga a tshwanela go di leba. Le fa go ntse jalo, dibidio tseo di ka nna tsa bontsha dilo dingwe tse di sa siamang ka tselanyana e e bofitlha tse di sa dumalaneng le Lefoko la Modimo. Tse dingwe di ka tswa di siame. Tse dingwe tsone di ka bonala di se maswe. Mme gone, di na le melaetsa e e bofitlha e e sa dumalaneng le Lefoko la Modimo.

Fa batsadi ba gago ba go letla go lebelela dibidio tsa mmino, o tla tshwanelwa ke go di tlhopha ka kelotlhoko le go dirisa ‘bokgoni jwa gago jwa go lemoga’ jo bo thapisitsweng ke Baebele gore o kgone go farologanya se o tshwanetseng go se lebelela le se o sa tshwanelang go se lebelela. (Bahebera 5:14) Ke melaometheo efe ya Baebele e e ka go thusang mo kgannyeng eno? Ditemana tse di latelang tsa Baebele le dikakgelo tsa tsone di ka go thusa.

Diane 4:23: “Go feta tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago, gonne metswedi ya botshelo e tswa mo go yone.” A o na le sedirisiwa sengwe sa metshameko kgotsa seletswa sa mmino se o se ratang thata? Ga go pelaelo gore o leka ka natla go se boloka se le mo maemong a a siameng e bile se le mo lefelong le le sireletsegileng. Ke boammaaruri gore ga o kitla o se baya kwa ntle kwa mmileng ka nakwana fela go se na motho ope yo o se tlhokometseng ka gonne o boifa gore se tla senngwa kgotsa sa utswiwa. Ee, o a se dibela. Ka tsela e e tshwanang, o tshwanetse go itirela tshwetso ya gore o tla dibela pelo ya gago, ga o kitla o e baya mo kotsing le fa e le ka nakwana fela ka go e lebanya le boitlosobodutu jo bo sa siamang.

Baefeso 2:1, 2: “Ke lona ba Modimo a neng a lo tshedisa le fa lo ne lo sule mo ditlolong le mo maleong a lona, tse ka nako nngwe lo neng lo tsamaya mo go tsone go ya ka tsamaiso ya dilo ya lefatshe leno, go ya ka mmusi wa taolo ya moya, moya o jaanong o dirang mo baneng ba botlhokakutlo.” Moya ono ke moya wa lefatshe, e leng tsela ya go akanya le mekgwa e e kgothaletsang go itshwara ka tsela e e sa siamang. Moya ono o bontshiwa mo dibidiong tse dintsi tsa mmino mme gotlhelele o lwantshana le moya wa Modimo o o tlhagisang dinonofo tse di jaaka boipelo, kagiso le boikgapo.—Bagalatia 5:22, 23.

2 Timotheo 2:22: “Tshaba dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone.” Go lebelela mananeo a a bontshang boitsholo jwa tlhakanelodikobo—le eleng fa a le makhutshwanyane fela—go tla gakatsa dikeletso tsa tlhakanelodikobo. Basha ba le bantsi ba bolela gore ba go fitlhela go le thata go lebala mananeo a a ntseng jalo; go ka nna ga direga gore ba nne ba ntse ba a gakologelwa gangwe le gape. Lekawana lengwe le le bidiwang Dave le le neng la lebelela bidio ya boitsholo jo bo maswe le bolela jaana: “Fa ke sena go e bona, nako le nako fa ke utlwa pina ya yone ke ne ke akanya ka bidio e ke e boneng.” Ka jalo, go lebelela dibidio tse di ntseng jalo go godisa keletso ya go batla go nna le tlhakanelodikobo e e sa siamang.—1 Bakorintha 6:18; Bakolosa 3:5.

Diane 13:20: “Yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” Ipotse jaana, ‘a nka laletsa mo ntlong ya me batho ba ba ratang thubakanyo, go dirisana le meya, matagwa kgotsa ba ba ratang boitsholo jo bo sa siamang?’ Go tsalana le batho ba ba ntseng jalo ka go ba lebelela mo thelebisheneng go tshwana le go ba laletsa mo ntlong ya gago. A go dira jalo go ka dira gore ‘dilo di se ka tsa go tsamaela sentle’? Kimberly o akgela jaana: “Ke bone maemo a mo go one kwa meletlong basetsanyana ba neng ba etsa moaparo le tsela ya go bina ya batho ba ba ba boneng mo dibidiong.” Gongwe le wena o ka tswa o kile wa bona selo se se tshwanang le seo. Ka go etsa batho ba ba sa tlotleng ditekanyetso tsa Modimo, basha bano ba supa gore ba setse ba simolotse go sa ‘tsamaelwe ke dilo sentle.’ Ka jalo, leka ka bojotlhe go tila mokgwa le fa e le ofe wa go “itlwaelanya le ba ba bosula.”—1 Bakorintha 15:33.

Pesalema 11:5: “Jehofa ka boene o tlhatlhoba mosiami le moikepi, mme moya wa Gagwe o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.” Fa re lebelela dibidio tse di kgothaletsang thubakanyo e e maswe le e e feteletseng, a ga go kitla go bonala e kete re ‘rata thubakanyo’?

Kgwetlho ya go Tlhopha

E re ka “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo,” go thata go bona boitlosobodutu jo bo sa tladikiwang ka dikakanyo le mekgwa ya lefatshe. (1 Johane 5:19) Diteishene dingwe tse di tshamekang mmino wa dibidio di ka bontsha thata dilo tse di maswe. Le fa lenaneo le sa bontshe boitsholo jo bo maswe kgotsa thubakanyo, gantsi le kgothaletsa moya wa lefatshe. Moitse mongwe wa mmino o ne a bolela gore seteishene sengwe se se itsegeng thata sa mmino wa dibidio “ga se sa tlhole e le sa mmino mme se fetogile go nna ‘se se kgothaletsang mekgwa e e rileng ya botshelo.’”

Tharabololo e ka bonala e le bonolo: fa bidio e le maswe, fetola seteishene. Bothata ke gore o santse o tlhoka go nna kelotlhoko le fa o lebile diteishene dingwe tsa thelebishene. Dithulaganyo di le dintsi tsa thelebishene ke tse di nang le thubakanyo, tse di maswe kgotsa tse di bontshang batho ba ba dirang boitsholo jo bo tlhabisang ditlhong. Eleruri e ka nna selo se se serang—kgotsa se se kgobang marapo—gore o itumelele boitlosobodutu jo bo rileng o ntse o letile go fetola seteishene nako nngwe le nngwe. Mme ka dinako tse dingwe, o fetola seteishene o setse o bone dilo tse di maswe. Ditshwantsho tsa boitsholo jo bo maswe di a bo di setse di gatisitswe mo mogopolong wa gago. Le fa go ntse jalo, o ka tlhomamisega gore Jehofa Modimo o tla segofatsa maiteko a o a dirang ka natla go dibela pelo ya gago.—2 Samuele 22:21.

Go na le dikgato dingwe gape tse di mosola tse di ka go thusang. Casey yo o umakilweng pelenyana o tlhalosa gore ke eng se ene a se fitlhelang se thusa: “Gantsi leina la setlhopha le setlhogo sa pina di bontshiwa kwa tshimologong ya bidio. Ditlhopha tsa mmino di na le se di itsegeng ka sone, ka jalo, gantsi o a itse gore ke ditlhopha dife le dipina dife tse di nang le dilo tse di maswe. Ka jalo, fa ke bona leina la setlhopha se se itsegeng ka dipina tse di maswe kgotsa pina ya sone e bontshiwa, ke fetola seteishene ka yone nako eo. Pina e sa ntse e simolola.”

‘Bua Boammaaruri mo Pelong ya Gago’

Le fa o itse melaometheo ya Baebele, go a kgonega gore o itetle go leba dilo tse di maswe. Jang? Ka go itirela diipato. (Jakobe 1:22) Baebele e re bolelela gore tsala ya ga Jehofa ke motho yo o buang ‘boammaaruri mo pelong ya gagwe.’ (Pesalema 15:2) Ka jalo, se dire diipato. O se ka wa itsietsa. Fa go direga gore o dire diipato tsa go leba sengwe se se maswe, ipotse jaana, ‘A Jehofa o dumalana le go leba ga me lenaneo leno?’ Gakologelwa gore gantsi kgwetlho ga se go itse fela se se siameng le se se sa siamang mme ke go dira tshwetso ya gore o tla dira se se siameng! O tshwanetse go leba kamano ya gago le Jehofa e le botlhokwa go feta mofuta le fa e ka nna ofe wa boitlosobodutu.—2 Bakorintha 6:17, 18.

Gantsi ga go a lekana go dira tshwetso o le pelopedi o ipolelela gore o tla nna kelotlhoko mo kgannyeng ya go tlhopha. Tshwetso ya gago e ka nyelela ka bonako fela fa e sa tlhomama. Baebele e re bolelela kafa monna wa Modimo yo o bidiwang Jobe a neng a dira tshwetso ya gore o tla nna a ikanyega mo mosading wa gagwe ka gone. O ne a re: “Ke dirile kgolagano le matlho a me. Ka jalo nka ela kgarebane tlhoko jang?” (Jobe 31:1) Akanya ka seo! Jobe o ne a itiretse kgolagano kgotsa tumalano e e masisi ya go disa se matlho a gagwe a neng a tla se leba. Tota le wena o ka dira se se tshwanang. Itirele tshwetso e e tlhomameng—o ipolelele—gore ga o kitla o leba dilo tse di maswe. Ipeele melelwane. Rapela ka gone. Morago ga moo, ikanyege mo tumalanong ya gago o bo o e kwala fa e le gore seo se tla thusa. Fa o tlhoka go tshegediwa ka mo go oketsegileng, ke ka ntlha yang fa o sa bue le mongwe yo mogolo yo o mo ikanyang—gongwe batsadi ba gago?

Ka ntlha ya dikotsi tse di leng gone, basha bangwe ba Bakeresete ba ne ba swetsa ka gore ba se ka ba tlhola ba leba dibidio tsa mmino gotlhelele. Go sa kgathalesege tshwetso le fa e ka nna efe e o tla e itirelang ka kgang eno, dirisa bokgoni jwa gago jwa go akanya. Boloka segakolodi sa gago se le phepa. Ka go kgomarela boitlosobodutu jo bo siameng le jo bo agang, o ka tila go ikutlwisa botlhoko mme wa boloka botsalano jwa gago le Jehofa.

[Ntlha e e kwa tlase]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Dibidio dingwe di ka bonala di se maswe mme gone di kgothaletsa megopolo e e kotsi

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Ikemisetse gore ga o kitla o lebelela dilo tse Modimo a di kgalang