Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pokano e e Botlhokwa go di Gaisa Tsotlhe mo Ngwageng

Pokano e e Botlhokwa go di Gaisa Tsotlhe mo Ngwageng

Pokano e e Botlhokwa go di Gaisa Tsotlhe mo Ngwageng

A re tseye gore gongwe o tshwerwe ke bolwetse bongwe jo bo tsenyang botshelo jwa gago mo kotsing. O ka kgona go fola fela ka go ariwa mme karo eo e go batla madi a le mantsi thata. Jaanong a re tseye gore go tsena mongwe yo o batlang go go thusa mme o ithaopela go go duelela karo eo. A o ne o se kitla o itumelela mpho eno e e tlileng go boloka botshelo jwa gago?

Baebele e ruta gore batho ba ntlha ba babedi, e bong Adame le Efa, ba fetiseditse boleo le loso mo ditlogolwaneng tsotlhe tsa bone. Ka jalo, re ka nna ra bolela gore mongwe le mongwe wa rona o tsetswe a tshwerwe ke bolwetse bongwe jo bo sa foleng—mme ga go na ope wa rona yo o ka kgonang go bo fodisa. (Pesalema 49:7-9) Le fa go ntse jalo, Jehofa Modimo o ne a re naya Morwawe, e bong Jesu Keresete, gore a nne thekololo gore a duelele maleo a rona. Ka ntlha ya mpho eno e e bolokang botshelo jwa rona, re na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo Paradaiseng.—Baroma 6:23.

Ka Laboraro, ka April 16, fa letsatsi le sena go phirima, Basupi ba ga Jehofa ba tla gopola loso lwa ga Jesu. Mo ngwageng o o fetileng, se ne sa gopolwa ke batho ba feta 15 000 000—ba bontsi jwa bone e neng e se Basupi ba ga Jehofa. Re go laletsa gore o nne teng mo Segopotsong sa loso lwa ga Keresete sa monongwaga. Eleruri, eo ke pokano e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe mo ngwageng. Tsweetswee ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa go bona nako le lefelo le ba tlileng go kopanela kwa go lone.