Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bolwetse Jwa Sukiri—“Mmolai Yo o Sa Iponatsheng”

Bolwetse Jwa Sukiri—“Mmolai Yo o Sa Iponatsheng”

Bolwetse Jwa Sukiri—“Mmolai Yo o Sa Iponatsheng”

FA KEN a ne a le dingwaga di le 21, o ne a simolola go tshwarwa ke lenyora le le sa feleng le le neng le mo gakgamatsa. O ne a tshwanelwa ke go tlhapologa gangwe le gape—kgabagare mo metsotsong mengwe le mengwe e le 20. Go ise go ye kae, Ken o ne a simolola go ikutlwa a remega ditokololo. O ne a lapa thata mme a sa bone sentle.

Dilo di ne tsa nna maswe le go feta fa Ken a ne a tshwaediwa ke mogare mongwe. Fa ngaka e mo tlhatlhoba, e ne ya fitlhela gore Ken ga a tshwarwa fela ke mofikela—gape o ne a tshwerwe ke bolwetse jwa sukiri jwa Type 1 jo e neng e bo bitsa mellitus. Bolwetse jono jwa sukiri bo kgoreletsa mmele gore o se ka wa kgona go dirisa dikotla dingwe, segolobogolo sukiri e e fitlhelwang mo mading e e bidiwang glucose. Ken o ne a fetsa dibeke di le thataro kwa bookelong pele ga fa selekanyo se se kwa godimo sa sukiri mo mmeleng wa gagwe se kokobela.

Seno se diragetse dingwaga di le 50 tse di fetileng, mme mo dingwageng di le 50 fa e sa le seo se direga, kalafi ya bolwetse jono e tokafaditswe fela thata. Le fa go ntse jalo, Ken o sa ntse a tshwenngwa ke bolwetse jwa sukiri e bile ga se ene fela. Go fopholediwa gore mo lefatsheng lotlhe, batho ba ba fetang dimilione di le 140 ba na le bolwetse jono, mme go ya ka World Health Organization, palo eo e ka nna ya menagana gabedi ka ngwaga wa 2025. Go a utlwala go bo baitse ba tshwenngwa thata ke go anama ga bolwetse jono. Dr. Robin S. Goland, mongwe wa bakaedi ba setheo sa kalafi sa kwa United States o bolela jaana, “Go ya ka dipalo tse re di bonang, seno e ka tswa e le tshimologo ya leroborobo la bolwetse jono.”

Akanya ka dipego tse dikhutshwane tseno tse di tswang mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe.

AUSTRALIA: Go ya ka Setheo sa Kwa Australia sa Boditšhabatšhaba sa Bolwetse Jwa Sukiri, “bolwetse jwa sukiri ke bongwe jwa mathata a botsogo a a gwetlhang thata mo lekgolong leno la bo21 la dingwaga.”

INDIA: Mo e ka nnang batho ba le dimilione di le 30 ba na le bolwetse jwa sukiri. Ngaka nngwe e ne ya bolela jaana: “Mo dingwageng di le 15 tse di fetileng, e ne e se gantsi re nnang le balwetse ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 40 ba ba nang le bolwetse jono. Gompieno batho ba le bantsi ba ba nang le jone ke ba ba mo dingwageng tseo.”

SINGAPORE: Mo e ka nnang nngwetharong ya baagi ba lefatshe ba ba mo magareng ga dingwaga di le 30 le 69, ba na le bolwetse jwa sukiri. Bana ba le bantsi—bao bangwe ba bone ba nang le dingwaga di le lesome—ba fitlhetswe ba na le bolwetse jono.

UNITED STATES: Mo e ka nnang batho ba le dimilione di le 16 ba na le bolwetse jono, mme ngwaga le ngwaga go fitlhelwa ba bangwe gape ba ba ka nnang 800 000 ba ba nang le jone. Ba le dimilionemilione ba na le bolwetse jono mme ga ba ise ba itse.

Go thata go alafa bolwetse jwa sukiri ka gonne motho a ka nna a tshwarwa ke bolwetse jono lobaka lo loleele pele bo lemogwa. Makasine wa Asiaweek o bega jaana, “E re ka matshwao a ntlha a bolwetse jono a sa iponatshe, bolwetse jwa sukiri bo tshwara motho lobaka lo loleele bo sa lemogiwe.” Ka ntlha ya moo, bolwetse jwa sukiri bo bidiwa mmolai yo o sa iponatsheng.

Ka ntlha ya go anama ga bolwetse jono le bomasisi jwa jone, ditlhogo tse di latelang di tla araba dipotso tse di reng:

● Ke eng se se bakang bolwetse jwa sukiri?

● Batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jono ba ka lebana jang le jone?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Lebaka La go Bo bo Bidiwa ka Leina Leo

Leina “bolwetse jwa sukiri” le tswa mo lefokong la Segerika le le rayang “go gopa,” le lefoko la Selatine le le rayang go nna “botshe jaaka tswina ya dinotshe.” Mafoko ano a tlhalosa bolwetse jono sentle, ka gonne metsi a motho a a nwang a tswa mo go ene ka mosele wa motlhapo jaaka e kete a a gopiwa. Go feta foo, motlhapo oo o na le sukiri. Totatota, pele ga go nna le didiriswa tsa bosheng tsa go tlhatlhoba bolwetse jono, tsela nngwe ya go bo tlhatlhoba e ne e le go tshela motlhapo wa molwetse fa seolong. Fa o ngoka ditshenekegi tsa seolo seno, seo se ne se bontsha gore motlhapo oo o na le sukiri.