Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bonang Kubu e e Maatla!

Bonang Kubu e e Maatla!

Bonang Kubu e e Maatla!

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA KENYA

LEKADIBA le legolo le le fitlhelwang mo teng ga Serapa se segolo sa Diphologolo sa Masai Mara kwa Kenya se phatsimelwa ke marang a letsatsi mo maitseboeng. Fa letsatsi le kotlomela ka kgala ya bophirima, metsi a nna le go tsabakela ga mmala o o borokwa. Dimetara di se kae go tswa foo, go bonala metlhape ya dipitse tsa naga le dikgokong di atamela lekadiba ka iketlo. Go ise go ye kae, diphologolo tseno di ne tsa ema ka bonako di tshogile di lebile selo se segolo se e keteng lefika se kokobetse fa losing lwa lekadiba leno. Fa “selo” seno se sena go tsosa modumo o mogolo mo metsing, se ne sa nyelela ka go nwela kwa tlase. Diphologolo tse di neng di fula tseno di sa tswa go bona phologolo e e galefileng e e nnang mo metsing—kubu.

Kubu eno e e fitlhelwang mo makadibeng, mo dinokeng le mo matsheng a a kwa botlhaba jwa Afrika, e fetwa fela ke tlou ka bogolo. Fa kubu e godile ka botlalo, e ka nna ya nna boleele jwa dimetara di feta 4 le bogodimo jwa dimetara di le 1,5. Boima jwa yone e ka nna ditone di le nnè. Lefoko “Behemothe” le le umakiwang mo bukeng ya Baebele ya Jobe gantsi le tsewa le raya kubu. Ga go gakgamatse go bo Baebele e tlhalosa sebatana se segolo seno e re se na le marapo a a tshwanang le “ditšhupu tsa kgotlho,” mme e a tshwantsha le “dithobane tsa tshipi e e betlilweng.”—Jobe 40:15-18.

Kubu eno e e mmele o o boitshegang ya letlalo le le kima le le se nang boboa, e e mmele o o maswe, ga e kitla e fenya fa e ne e ka tsenela dikgaisano tsa bommabontle. Maoto a kubu a makhutshwane mo a dirang gore motho a ipotse gore a kgona jang go rwala mmele ono o o kanakana. O se ka wa nyatsa maatla a maoto ao a mannye. Fa kubu e dule mo metsing, e ka kgona go taboga ka lobelo lo lo fetang lwa motho. Fa e le mo metsing, go fitlhetswe gore e kgona go tsamaya ka lobelo lo lo fetang lwa mokoro o o fuduiwang kgotsa o o tsamayang ka enjene.

Di Tshela mo Metsing

Dikubu ke diphologolo tse di ratang go nna di le mmogo, gantsi e le ka ditlhopha tsa di le 10 go ya go di le 15, mme di eteletswe pele ke poo ya tsone, le fa gone ka dinako tse dingwe di tle di bonwe di le ditlhopha tse dikgolo tsa di le 150. Di kgona go tshela mo metsing le mo mmung mme gantsi di tswa mo metsing—bosigo—go tla go fula bojang jo bo nonneng jo bo fitlhelwang mo losing. Gantsi di dira gore di se ka tsa tsamaela kgakala le metsi. Le fa go ntse jalo, mo pakeng ya komelelo, dikubu dingwe di itsege ka go tsamaya dikilometara di le 10 di batlana le dijo.

Ga go itsewe gore dikubu di tshwaya jang lefelo la tsone la bonno. Batho bangwe ba akanya gore dikubu tse ditona di a bo di batla go kgatlha tse di namagadi kgotsa go tshosa baba ba tsone ka mokgwa wa tsone o o gakgamatsang wa go gasaganya boloko jwa tsone ka mogatla. Fa di tlhaselwa, di khinkhinyega jaaka pitse mme di a bopa kgotsa di a rora fa di lwa. Mogono wa tsone o o kwa godimo o a utlwala le fa di le ka fa tlase ga metsi. Poo e e di eteletseng pele e dira gore tse dingwe di itse gore e gone ka go lela jaaka kgomo.

Kubu e fetsa letsatsi lotlhe e kokobetse fa godimo ga metsi kgotsa e le ka fa tlase ga one, mme mmele wa yone o mogolo o diretswe gore e tshele jalo. Le fa e ka tswa e sa itse go thuma jaaka diphologolo tse dingwe tse di nnang mo metsing le mo mmung, kubu e kgona go nna ka fa tlase ga metsi metsotso e le 15! Maroba a dinko tsa yone, matlho le ditsebe di kgobokane mo lefelong le le lengwe fela mme seno se dira gore kubu e kgone go nwetsa mmele otlhe wa yone mo metsing. Kubu e dira bontsi jwa ditiro tsa yone ka fa tlase ga metsi—tse di akaretsang thatano le go gwela.

Fa e se na go dusa dikgwedi di le robedi, e tshola ngwana a le mongwe fela ka fa tlase ga metsi a a seng boteng. Di anyisa ngwana wa tsone mo mmung kgotsa mo teng ga metsi a a ka go fitlhang fa mangoleng. Le fa e le maatla go le kalo, kubu e tsaya tiro ya yone ya go nna motsadi masisi, e neneketsa ngwana wa yone ka tsela e e gakgamatsang. E le ruri, ke selo se sentle tota go bona kubu e kokobetse mo godimo ga metsi ngwana wa yone a e palame fa mokwatleng. Ke boammaaruri gore phologolo eno e e lebegang e le botsalano, e lwa ntwa e e matlho mahibidu fa phologolo epe fela e ka leka go ntsha ngwana wa yone mo mokwatleng wa yone!

Letlalo la kubu le diretswe gore e kgone go tshela mo metsing. Fa phologolo eno e tswa mo metsing, go bonala diphetogo tse dikgolo tota mo go yone. Dikgeleswa tse di ka fa tlase ga letlalo la yone di ntsha seedi sengwe se se boreledi se se mmala o o bohibitswana mme se le letswai. Fa o e lebile o le kgakala, mmala oo o dira gore go bonale e kete e fufula madi. Le fa go ntse jalo, seedi seno se sireletsa letlalo la yone fa e le mo metsing le fa e le mo mmung. Mo ditšhabeng tsa bogologolo tsa Baafrika, letlalo la kubu le ne le segelelwa bosesanyane le bo le inwa mo teng ga oli. Morago ga moo, matlalo a masesanyane ao, a ne a tshophiwa a bo a omelediwa go dira seme se se neng se dirisiwa fa go lwelwa lefatshe. * Grzimek’s Animal Life Encyclopedia ya re fa letlalo le sena go sugiwa—e leng tiro e e tsayang mo e ka nnang dingwaga di le thataro—letlalo la kubu le ne le nna “thata jaaka lentswe e bile le le bokima jwa disentimetara di ka nna nnè le halofo.”

Go Edimola ga Yone go go Kgatlhang Mme go Tshosa

Molomo wa kubu o a boitshega. Fa e le mo mmung, kubu e dirisa dipounama tsa yone tse di bophara jwa metara le halofo go fula fa thoko ga metsi. Le fa go ntse jalo, molomo wa yone ga o dirisediwe fela go fula. Fa kubu e atlhamolosa ditlhaa tsa yone ka selekanyo sa didikirii di le 150, ga se gore e a bo e edimola fela mme gape e a bo e batla go tshosa baba ba yone. Go sireletsa lefelo la tsone la bonno le le nnang le ntse le nyenyefala, go felela ka ntwa e e matlho mahibidu kgatlhanong le baba ba yone. Fa e bula molomo wa yone, go tlhaga meno a magolo a a kwa tlase a a motswi. Meno ano a e itshireletsang ka one, a ka nna boleele jwa disentimetara di le 30 go tswa mo marinining a yone.

Molomo wa kubu ga o kotsi mo dikubung tse dingwe fela mme gape o kotsi le mo bathong. Maiteko otlhe a motho a a dirileng go kgwabofatsa kubu, a iteile sefololetse. Phologolo eno e tlhasela batho ba ba atamelang lefelo la yone la bonno le fa ba sa e rumola. Mo godimo ga moo, fa kubu e gobetse, e galefa le go feta mme ka jalo e ka gobatsa thata sepe fela se se tsenang mo lefelong la yone. Tota le mekoro mengwe e ne ya pitikololwa ke ditlhaa tse dikgolo tsa kubu e e galefileng.

Fa kubu e le mo mmung, e kotsi ka tsela e e tshwanang le ya fa e le mo metsing. Ka sekai, go kotsi thata go ema fa gare ga kubu e e fulang le metsi a e nnang mo go one. Eleruri, mo dikarolong dingwe tsa Afrika, baagi ba metse mengwe ba ne ba tlhaselwa ke dikubu tse di neng tsa ba fitlhela ba le mo tseleng ya tsone fa di boela kwa metsing. Phologolo eno e tshosa motho le dibatana tse dingwe mme batho ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ga ba e rumole.

A Dikubu di Babalesegile?

Fa kubu e ntse e fula, ditau di ka e tlhasela bonolo. Le fa go ntse jalo, go bonala mmaba yo mogolo wa dikubu e le motho. World Book Encyclopedia ya re: “Batho ba fokoditse thata palo ya dikubu le lefelo le di nnang mo go lone. Batsomi ba di bolaile ka bontsi, mme balemi ba dirisitse mafelo a dikubu di kileng tsa bo di nna mo go one go lema masimo.”

Ee, go tshwenyana ga motho le lefelo le dikubu di nnang mo go lone go dirile gore diphologolo tseno di nne mo lefelong le lennye mme seno sa dira gore di se ka tsa tlhola di kgona go tsamaya di gololesegile fela le go tsala bana ba tsone. Se se itumedisang ke gore fa Bogosi Jwa Modimo bo busa, Mmopi o solofetsa gore go tla boa gape go nna le kagiso fa gare ga batho le diphologolo mo e leng gore ga go kitla go nna le ope yo o ‘di utlwisang botlhoko le fa e le go di senya’ mo lefatsheng la Paradaise e e tsosolositsweng.—Isaia 11:9.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Leina la Seswahili la kubu—kiboko—le raya “seme.”

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

Elizabeth DeLaney/Index Stock Photography