Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Bana ba sa Itumelela Bongwana Jwa Bone

Fa Bana ba sa Itumelela Bongwana Jwa Bone

Fa Bana ba sa Itumelela Bongwana Jwa Bone

“Go itumelela bongwana ke tshwanelo ya botho e ngwana mongwe le mongwe a tshwanetseng go nna le yone.”—“The Hurried Child.”

GA GO pelaelo gore o tla dumalana gore bana botlhe ba tshwanetse go itumelela bongwana jwa bone ba sa tshwenngwe ke sepe. Le fa go ntse jalo, go utlwisa botlhoko gore basimanyana le basetsanyana ba bantsi ga ba kgone go itumelela bongwana jwa bone. Akanya ka bana ba le diketekete kgotsa ba le dimilionemilione ba ditsholofelo tsa bone tsa mo isagweng di nyelediwang ke go boga matswela a a botlhoko a ntwa ka gone. Gape, akanya ka bana ba matshelo a bone a senngwang ke go dirwa makgoba le go sotliwa.

Ba le bantsi ba rona, ga re kgone go tlhaloganya gore ngwana o ikutlwa jang fa a patelesega go nna mo mebileng ka ntlha ya go ikutlwa a sireletsegile koo go feta mo lapeng. Fela fa ba tlhoka go bontshiwa lerato le tshireletsego, bana bano ba tshwanetse go ithuta go nna diganka tsa mo mebileng gore ba kgone go itshireletsa mo bathong ba ba batlang go ba sotla. Gantsi bana ba a sotlega ka ntlha ya dinako tsa mathata tse re tshelang mo go tsone.

“Ke Eletsa e Kete Nka Nna Ngwana Gape”

Carmen, yo o nang le dingwaga di le 22, o ne a sotlega fa a ne a sa ntse a le ngwana. * Ene le kgaitsadie ba ne ba patelesega go tshela mo mebileng ka gonne ba ne ba sotliwa ke rraabone le ka go bo mmaabone a ne a sa ba tlhokomele. Le fa go tshela ka tsela eno go le kotsi, basetsana ba babedi bano bone ba ne ba kgona go tila mangwe a mathata a a welang bana ba le bantsi ba bannye ba ba tshabileng kwa magabone.

Le fa go ntse jalo, Carmen o sa ntse a hutsafaditswe ke go bo a se kile a kgona go itumelela bongwana jwa gagwe, ka gonne ga a gakologelwe sepe ka bongwana jwa gagwe. O bua jaana a hutsafetse: “Ke ne ke le lesea morago ga moo ke fa ke ipona ke le dingwaga di le 22, ga ke gakologelwe sepe ka bongwana jwa me. Jaanong ke nyetswe e bile ke na le ngwana mme ke sa ntse ke eletsa go dira dilo tse basetsanyana ba di dirang, jaaka go tshameka ka bompopi. Ke batla go ratwa le go tlamparelwa ke batsadi ba me. Ke eletsa e kete nka nna ngwana gape.”

Go na le bana ba le bantsi ba ba sotlegang jaaka Carmen le kgaitsadie. Ba tshela mo mebileng ba amogilwe bongwana jwa bone gotlhelele. Bontsi jwa bone ba fetoga dikebekwa gore ba kgone go itshedisa. Dipego tsa dikgang le dipalopalo di bontsha gore bana ba le bantsi ba nna dikebekwa ba santse ba le bannye fela thata. Go na le bothata jo bongwe gape jo bo gakatsang jono: Ke gore basetsana ba le bantsi ba nna batsadi ba sa ntse ba le mo dingwageng tsa bolesome—e sa ntse e le bana bone ka bobone.

Bothata Jo bo Sa Itemotsheng mo Setšhabeng

Ga go gakgamatse go bo go na le dipalo tse di ntseng di oketsega tsa bana mo mafelong a go tlhokomelwang bana ba ba latlhilweng mo go one. Setlhogo se se gatisitsweng mo lokwalodikgannyeng la Weekend Australian se bega jaana: “Re tshwaragane le bothata jo bo seng kana ka sepe mo mafelong a go tlhokomelwang bana ba ba latlhilweng mo go one. Go na le bana ba le bantsi mo go one ba ba tswang mo malapeng a a thubegileng.” Gape, lokwalodikgang loo lo ne lwa bega jaana: “Bana bangwe ba ba latlhilweng ba fetsa dikgwedi le eleng dingwaga ba sa bone thuso epe e e tswang kwa badirediloagong fa ba bangwe bone ba nna ba fudusediwa kwa batlhokomeding ba ba farologaneng nako le nako ba sa kgone go bonelwa magae a leruri.”

Go ne ga begwa kgang nngwe e e amang mosetsanyana wa dingwaga di le 13, yo mo dingwageng di le tharo fela, a neng a fudusediwa mo magaeng a le 97 a a farologaneng a go tlhokomelwang bana ba ba latlhilweng mo go one—a nna bosigo bo le bongwe fela mo go mangwe a one. Jaanong o gakologelwa ka fa a neng a ikutlwa a sa ratwe ka gone e bile a se na mosola. Ga a itumelela bongwana jwa gagwe fela jaaka bana ba le bantsi ba ba leng mo magaeng a go tlhokomelwang bana ba ba latlhilweng mo go one.

Ka jalo, ga go gakgamatse go bo baitse bangwe gompieno ba bua ka masetlapelo a a ntseng a oketsega a bana ba ba sa itumeleleng bongwana jwa bone. Fa o le motsadi, o ka nna wa leba dintlha tse di hutsafatsang tseno wa ba wa ipona o le lesego go bo o kgona go naya bana ba gago legae le dilo tse ba di tlhokang tsa botshelo. Mme go na le kotsi e nngwe gape. Mo lefatsheng la gompieno, ga se fela gore ngwana ga a itumelele bongwana jwa gagwe. Ka dinako tse dingwe, bongwana jwa gagwe bo a itlhaganedisiwa. Jang, mme ka diphelelo dife?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Leina la gagwe le fetotswe.