Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Baebele e ka Thusang ka Gone Batho ba ba Tshwerweng ke Bolwetse Jwa Sukiri

Kafa Baebele e ka Thusang ka Gone Batho ba ba Tshwerweng ke Bolwetse Jwa Sukiri

Kafa Baebele e ka Thusang ka Gone Batho ba ba Tshwerweng ke Bolwetse Jwa Sukiri

BATHO ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri ba tshwanetse go nna boikgapo le go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng gore ba nne le botsogo jo bo siameng. Mme gore ba nne le dinonofo tse di ntseng jalo, batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jono ba tshwanetse go tshegediwa ka metlha. Ka jalo, maloko a lelapa le ditsala ga ba a tshwanela go baya motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri mo kotsing ya go ja dijo tse a sa tshwanelang go di ja, gongwe ka go nna ba mo raya ba re, ‘Ja gangwe fela, ga di kitla di go dira sepe.’ Harry yo o nang le bolwetse jwa pelo le bolwetse jwa sukiri jwa Type 2 o bolela jaana: “Mosadi wa me o ntshegetsa ka tsela e e molemo tota. Ga a beye dijo tse ke sa tshwanelang go di ja mo ntlong. Mme ba bangwe bone ga ba tlhaloganye, ga ba itse gore seno se ka go thatafaletsa dilo jang ka dinako tse dingwe.”

Fa e le gore o tshela le mongwe yo o nang le bolwetse jwa sukiri, gakologelwa melaometheo e mebedi e e molemo e e tswang mo Baebeleng e e reng: “A mongwe le mongwe a nne a batle, e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe,” le o o reng, “Lorato . . . ga lo ipatlele melemo ya lone fela.”—1 Bakorintha 10:24; 13:4, 5.

Batho botlhe ba ba tshwenyegang ka botsogo jwa bone—ba ka tswa ba na le bolwetse jwa sukiri kgotsa ba se na jone—ba tshwanetse go laola tsela e ba jang ka yone. Baebele e a thusa mo ntlheng eno ka gonne e re bontsha botlhokwa jwa gore mongwe le mongwe wa rona a nne le boikgapo. A o ikemiseditse go nna le nonofo eno mo botshelong jwa gago? (Bagalatia 5:22, 23) Re ka bona thuso e nngwe gape go tswa mo dikaing tse di mo Baebeleng jaaka sekai sa ga moaposetoloi wa Mokeresete Paulo. Motho mongwe yo o tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri o bolela jaana: “O ne a tshela a na le mutlwa mo nameng, lefa go ntse jalo, o ne a tswelela a direla Modimo ka boikanyegi le ka botlalo. Ka jalo le nna nka kgona!”

Ee, Paulo o ne a amogela go tshela ka maemo a a neng a ka se ka a kgona go a fetola, mme a atlega thata mo tirong ya gagwe ya borongwa. (2 Bakorintha 12:7-9) Dustin, yo o nang le dingwaga di le 18, o belegwe a foufetse mme o sa le a tshwarwa ke bolwetse jwa sukiri a le dingwaga di le 12. O kwala jaana: “Ke a itse gore ga go ope mo lefatsheng leno yo sengwe le sengwe se mo tsamaelang sentle. Ke lebile pele kwa nakong ya lefatshe le lesha la Modimo fa ke tla bo ke sa tlhole ke tshwerwe ke bolwetse jono jwa sukiri. Mo go nna, ke selo sa nakwana fela. Le fa bo ka nna lobaka lo loleele go feta mofikela, kgabagare bo tla fela.”

Fa Dustin a ne a bua jalo, o ne a akantse ka tsholofelo e e mo Baebeleng ya botsogo jo bo itekanetseng mo lefatsheng la paradaise fa Bogosi Jwa Modimo bo busa. (Tshenolo 21:3, 4) Lefoko la Modimo le solofetsa gore fa puso ya Modimo e busa, “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24; Mathaio 6:9, 10) A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka tsholofelo eno e e mo Baebeleng? Ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa mo lefelong la gaeno, kgotsa kwalela bagatisi ba makasine ono mo atereseng e e tshwanetseng e e mo tsebeng ya 5.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Go botlhokwa go nna boikgapo le go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng