Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa go Gobala go Fetotseng Botshelo Jwa me ka Gone

Kafa go Gobala go Fetotseng Botshelo Jwa me ka Gone

Kafa go Gobala go Fetotseng Botshelo Jwa me ka Gone

JAAKA GO BOLETSE STANLEY OMBEVA

Ka 1982, ke ne ka thulwa ke koloi e e neng e le mo lobelong. Ke ne ka bona kalafi mme go ise go ye kae, ke fa ke tswelela ka ditiro tsa me tsa letsatsi le letsatsi le fa gone ke ne ke sa ntse ke na le ditlhabi, ka gonne lehihiri la me le le fa gare ga thamo le sehuba e leng lerapo la me la mokwatla, le ne le utlwile botlhoko. Le fa go ntse jalo, dingwaga di le 15 moragonyana, ke ne ka lebana le kgwetlho e e masisi go di gaisa tsotlhe mo botshelong jwa me e e neng e gwetlha tumelo ya me.

PELE ga ke tlhagelwa ke kotsi le morago ga foo, ke ne ke le motho yo o matlhagatlhaga thata. Ke ne ke na le thulaganyo ya go itshidila mmele ka metlha ke taboga dikilometara tse di magareng ga di le 10 le di le 13 ka mafelobeke, ke tshameka motshameko wa tenese wa squash le go dira tiro e e thata ya diatla. Ke ne ka thusa ka go aga Diholo Tsa Bogosi Tsa Basupi ba ga Jehofa le go aga Holo e kgolo ya Dikopano kwa Nairobi kwa Kenya kwa ke nnang gone.

Mme ka 1997, ditlhabi tsa me tsa mo sehubeng di ne tsa ntshwara ka metlha mme di le botlhoko thata. Fa dingaka di ntlhatlhoba, di ne tsa lemoga gore lehihiri la me le ne le sutile mo mannong a lone mme le ne le gatelela lerapo la me la mokwatla. Ba ne ba fitlhela gore seno se ne se bakilwe ke kotsi e e neng ya ntlhagela e e umakilweng kwa tshimologong.

Pele ga ke koafala mo botsogong, ke ne ke dira tiro ya go nna morekisi. E ne e akaretsa go nna le thulaganyo ya inshorense ya bolwetse ya lelapa. Go ne go bonala ke tla atlega mo go tsa kgwebo. Mme mo magareng a 1998, ke ne ka utlwa ke swa bogatsu go tloga mo sehubeng go ya kwa dinaong. Botsogo jwa me bo ne bo koafala letsatsi le letsatsi.

Go ise go ye kae, ke ne ka latlhegelwa ke tiro le madi a ke neng ke tshwanetse go a newa fa ke ne ke ka latlhegelwa ke tiro. Ka nako eo, barwadia rona ba babedi e bong Sylvia le Wilhelmina ba ne ba le dingwaga di le 13 le 10. E re ka ke ne ke latlhegetswe ke tiro, re ne re ikaegile ka madi a a neng a amogelwa ke mosadi wa me Joyce mo mafelong a kgwedi. E re ka maemo a ne a fetogile, re ne ra dira diphetogo mo matshelong a rona ka gore re se ka ra dirisa madi mo dilong tse di neng di sa tlhokege. Re ne ra kgona go nna le dilo tsa botlhokwa tse re neng re di tlhoka.

Maikutlo A a Sa Siamang

Ke tshwanetse go dumela gore fa ke se na go lemoga bomasisi jwa boemo jwa me, ke ne ka nna le maikutlo a a sa siamang, ke le pelotshetlha e bile ke serega motlhofo. Ka dinako tse dingwe ke ne ke galefa thata mme ke galefisiwa ke dilo tse di sa reng sepe. Ka metlha ke ne ke nna ke tshwenyegile thata mo maikutlong. Botlhe mo lelapeng ba ne ba ikutlwa ba gateletswe thata mo maikutlong. Mosadi wa me le bomorwadiake ba ne ba wetswe ke bothata bongwe jo ba neng ba sa kgone go bo rarabolola.

Ka nako eo, ke ne ke akanya gore gone go na le lebaka le le utlwalang la gore ke ikutlwe jalo. Boima jwa me jwa mmele bo ne jwa oketsega. Ke ne ke na le mathata a a masisi a go tshwarwa ke mala le go tlhapologa gangwe le gape. Seno se ne se ntlhabisa ditlhong. Gantsi batho ba ne ba mphitlhela ke ikemetse ke le nosi fa sekhutlong ke sekile dikeledi. Ka dinako tse dingwe, ke ne ke galefa thata mo go neng go batla go tshegisa. Ke ne ke itse gore ke ne ke sa tshwanela go itshwara jalo.

E re ka ke le mogolwane mo phuthegong ya Bakeresete ya Basupi ba ga Jehofa, ke ne ke tlhola ke gakolola Bakeresete ka nna gore ba se ka ba tshwaya Jehofa phoso fa ba tlelwa ke mathata. Le fa go ntse jalo, ke ne ka iphitlhela ke ipotsa jaana—makgetlho a le mantsi—‘Ke ka ntlha yang fa Jehofa a letla gore ke diragalelwe ke dilo tseno?’ Le fa ke ne ke tlhola ke dirisa ditemana tse di jaaka 1 Bakorintha 10:13 go nonotsha ba bangwe le go ba gakolola, ke ne ke ikutlwa gore ga ke kgone go itshokela boemo jo ke neng ke le mo go jone!

Mathata a Kalafi

Go ne go se motlhofo go bona kalafi e e siameng. Mo letsatsing le le lengwe fela, ke ne ke ya kwa ngakeng e e sidilang le kwa ngakeng e e alafang ditlhabi ka lomao. Ke ne ke tokafala ka lobaka lo lo khutshwanyane fela. Ke ne ka ya go bona dingaka di le mmalwa go akaretsa le ngaka e e arang batho ba ba golafetseng le e e arang boboko. Tsotlhe di ne di dumalana ka selo se le sengwe: Gore ke ne ke tlhoka go ariwa gore botlhoko jwa me bo kokobele le gore go ntshiwe lehihiri la lerapo la mokwatla le le neng le dule mo mannong a lone. Ka ntlha ya tumelo ya me e e theilweng mo Baebeleng, ke ne ka tlhalosetsa baitse bano ba kalafi ka phepafalo gore ba se ka ba ntshela madi go sa kgathalesege gore go diragalang.—Ditiro 15:28, 29.

Ngaka ya ntlha e e arang e ne ya re e tla nkara ka go mpula mokwatla. Ke ne ka tlhalosediwa gore karo eno e ne e ka nna kotsi tota. Le fa go ntse jalo, ngaka eno e ne e sa kgone go tlhomamisa gore madi a ne a se kitla a dirisiwa. Ka jalo, ke ne ka se ka ka boela kwa go ene.

Ya bobedi e ne ya re e tla mpula molala gore e kgone go ara lerapo la me la mokwatla. Ke ne ke sa rate tsela e karo eno e neng e tlile go dirwa ka yone. Le mororo a ne a se na bothata bope ka go gana ga me madi, o ne a batla gore karo eno e dirwe ka bonako mme a ntlhalosetsa dintlha ka botlalo tsa ka fa e tla dirwang ka gone. Le ene ke ne ka mo tlogela.

Le fa go ntse jalo, ke ne ka kgona go bona ngaka e nngwe e e nang le tirisanommogo ka thuso ya Basupi ba ga Jehofa ba e leng maloko a Komiti ya Puisano le Dikokelo. Mokgwa wa go ara o o neng o akantshiwa ke ngaka ya boraro o ne o tshwana le o o neng o akantshiwa ke ngaka ya bobedi; e ne e tla dirwa ka go mpula molala. O ne a tlhalosa gore e ne e sa tle go nna kotsi go le kalo.

Go bolelelwa dintlha tsotlhe tsa ka fa karo eno e neng e tlile go dirwa ka gone go ne ga ntshosa. Ke ne ke tshoswa thata ke go itse gore karo eno e ne e tlile go ama dirwe tse di bokoa tsa mmele jaaka pelo le makgwafo. A ke ne ke tla bo ke sa ntse ke tshela morago ga karo eno? Ke boammaaruri gore maikutlo ao a a sa siamang a ne a se ka a nyeletsa poifo e ke neng ke na le yone.

Ka November 25, 1998, ke ne ka dirwa karo e e neng ya atlega e e tsereng diura di le nnè kwa bookelong jwa Nairobi. Karo eno gape e ne e akaretsa go ntshiwa ga lerapo la setlhana. Lerapo leno le ne la bopiwa sesha mme la tsenngwa fa go neng go na le bothata gone ka go tshwarwa ka tshipi le dikurufu. Seno se ne sa thusa. Mme ga se a ka sa fedisa mathata a me otlhe. Ke ne ke sa kgone go tsamaya sentle. Ke sa ntse ke na le go tshwenngwa ke go swa bogatsu.

Maikutlo a a Siameng

Jaaka ke umakile pelenyana, ke feditse nako e ntsi ke tshwenyega ka bolwetse jo ke neng ke na le jone e bile ke na le pono e e sa siamang ka jone. Go farologana le moo, badiri ba le bantsi ba kalafi ba ne ba nkakgolela go ritibala ga me le go nna le tsholofelo. Ke ka ntlha yang fa ba ne ba nteba ka tsela eno? Ba ne ba kgona go bona gore le fa ke ne ke le mo ditlhabing tse dikgolo, ke ne ke ntse ke bua le bone ka go dumela ga me mo Modimong.

Le mororo gangwe le gape ke ne ke galefisiwa ke se se neng se ntiragalela, ke ne ka nna ka ikanya Jehofa. O ne a ntshegetsa ka metlha mo go sotlhe se se neng se ntiragalela—mo e leng gore, ke ne ke itlhabelwa ke ditlhong ka dinako tse dingwe. Ke ne ka ititaya sehuba gore ke tla bala ditemana tse ke neng ke itse gore di tla nkgomotsa fa ke le mo boemong jono le go tlhatlhanya ka tsone. Dingwe tsa tsone ke tseno:

Tshenolo 21:4: “[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” Go ne go nkgomotsa tota go akanya ka tsholofetso e e mo Baebeleng ya lefatshe le lesha le go tla bong go sa tlhole go na le dikeledi le botlhoko mo go lone.

Bahebera 6:10: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.” Le fa ke ne ke setse ke koafetse mo mmeleng, ke ne ke itse gore Jehofa o anaanela maiteko a ke a dirileng mo tirelong ya gagwe.

Jakobe 1:13: “Fa mongwe a le mo tekong, a a se ka a re: ‘Ke lekwa ke Modimo.’ Gonne Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” Mafoko ano a boammaaruri tota! Le fa Jehofa a ne a letla gore ke tlelwe ke bothata jono, gotlhelele e ne e se ene yo o bo bakileng.

Bafilipi 4:6, 7: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” Thapelo e ne ya nthusa gore ke ritibale thata mo mogopolong ya ba ya nthusa gore ke kgone go lebana le boemo jwa me ka tsela e e botlhale.

Ke ne ke tlhola ke dirisa ditemana tseno go kgothatsa ba bangwe fa ba tshwenyegile thata mo maikutlong—mme le nna di ne tsa nthusa tota! Le fa go ntse jalo, ke ne ka lemoga gore ka nako eo, ke ne ke sa lemoge botlhokwa jwa tsone ka botlalo. Ke ne ka tshwanela ke go lwala thata jaana gore ke tlhaloganye se boikokobetso e leng sone le go ithuta go ikaega ka Jehofa ka botlalo.

Dilo Tse Dingwe Tse di Neng Tsa Nthusa

Batho ba le bantsi ba bua ka bakaulengwe ba Bakeresete ba re ke pilara le setshegetso mo dinakong tsa mathata. Le fa go ntse jalo, go motlhofo go tlodisa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete matlho! Ke boammaaruri gore ba ka nna ba se ka ba kgona go re thusa ka dilo tsotlhe tse re di tlhokang, mme gone ka dinako tsotlhe ba a bo ba iketleeleditse go thusa. Seno ke sone se se neng sa ntiragalela. Ke ne ke tlwaetse go tlhola ke ba bona ba eme fa bolaong jwa me kwa bookelong, go sa ntse go le phakela thata ka dinako tse dingwe. Ba ne ba bo ba ithaopela go nthusa go duelela dikoloto tsa me tsa kalafi. Ke leboga botlhe ba ba neng ba amiwa ke bothata jwa me mme ba nthusa.

Basupi ba phuthego ya rona ba a itse gore ga se ditiro tsotlhe tse ke kgonang go di dira. Gone jaanong, ke molebedi yo o okamelang mme ke dira le setlhopha se se ntshegetsang sa bagolwane ba Bakeresete. Ke nna teng ka metlha mo tirong ya go rera. Ka nako e ke neng ke lwala thata ka yone, ke ne ka thusa batho ba le babedi gore ba neele matshelo a bone mo go Jehofa. Mongwe wa bone ke motlhanka wa bodiredi mo phuthegong ya Nairobi ya Basupi ba ga Jehofa.

Ke leboga thata mosadi wa me yo o neng a ntshegetsa ka nako yotlhe e ke neng ke lwala ka yone. O ne a itshokela go galefa ga me, go fetofetoga ga maikutlo a me, go se akanyetse le go betwa ga me ke pelo. Ka dinako tsotlhe fa ke ne ke lela e bile ke na le ditlhabi, o ne a nkgothatsa le go ntiisa mooko. Nonofo ya gagwe le bokgoni jwa go itshokela boemo jono di sa ntse di nkgakgamatsa le gompieno. O ne a nna “molekane wa boammaaruri . . . ka dinako tsotlhe.”—Diane 17:17.

Barwadi ba rona ba ne ba ithuta go lebana le boemo jwa me. Ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba nthuse. Ba a tlhaloganya gore ke tlhokang mme ba nthusa ka bonako, ba netefatsa gore ga ke tlhoke sepe fa mmaabone a seyo. Sylvia o ne a nna “seikokotlelo” sa me, a nthusa go tsamayatsamaya mo gae nako le nako fa ke ikutlwa ke le bokoa.

Go tweng ka Mina wa gofejane? Ke gakologelwa nako nngwe fa ke ne ke sa kgone go tsoga, ke se na go wa ke le mo tlung. E ne e le ene fela mo gae. O ne a dirisa maatla otlhe a a neng a na le one go ntsholetsa, mme ka iketlo a nkisa kwa phaposing ya me. O sa ntse a sa itse gore tota o ne a kgona jang go dira jalo. Ga nke ke lebala tiro eno ya bopelokgale e a neng a e dira.

Go itshokela kgobalo eno ke selo se se thata go di feta tsotlhe se nkileng ka tshwanelwa ke go lwa le sone mo botshelong jwa me. Ke sa ntse ke lwa ntwa eo. Ga go sepe se se kileng sa gwetlha botshelo jwa me le tumelo ya me ka tsela eno. Ke ithutile dilo di le dintsi ka go nna boikokobetso, go nna tekatekano le kutlwelobotlhoko. Go ikanya Jehofa le go ikaega ka ene ka botlalo, go dirile gore ke kgone go lebana le bothata jono.

Ke ithutile boammaaruri jwa mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a reng: “Re na le letlotlo leno mo dijaneng tsa letsopa, gore maatla a a fetang a a tlwaelegileng e nne a Modimo mme e seng a a tswang mo go rona.” (2 Bakorintha 4:7) Ke kgothadiwa fela thata ke tsholofetso ya Modimo ya go tla ga “magodimo a masha le lefatshe le lesha.” (2 Petere 3:13) Ke rapelela gore Jehofa a tswelele go ntshegetsa go ya go fitlha kwa lefatsheng leo le lesha, gonne ke sa ntse ke le bokoa e bile ga ke kgone go dira go le gontsi ka maatla a me ke le nosi.

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

Go nna le seabe mo ditirong tsa Bokeresete le lelapa la me go nthusitse gore ke kgone go itshoka