Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mathata a Kalafi

Mathata a Kalafi

Mathata a Kalafi

“Ga go na bolwetse bope jwa sukiri jo bo seng kotsi. A kotsi otlhe fela.”—Anne Daly, wa Mokgatlho wa Kwa Amerika wa Bolwetse Jwa Sukiri.

“DITEKO tsa gago tsa madi di boile di sa siama gotlhelele. O tshwanetse go bona kalafi ka bonako.” Mafoko ano a ngaka a ne a tla mo go Deborah jaaka e kete o itewa ke hamore e kgolo ya tshipi. O bolela jaana: “Ke ne ka nna ka ipolelela mo bosigong joo gore laboratori e tshwanetse ya bo e ne e dirile phoso. Ke ne ka ipolelela gore nna ga ke lwale.”

Fela jaaka batho ba bangwe ba bantsi, Deborah o ne a ithaya a re o itekanetse sentle, ka jalo o ne a tlhola a tlhokomologa matshwao a bolwetse. O ne a akanya gore lenyora le le sa feleng le le neng le mo tshwara le ne le bakwa ke dipilisi dingwe tse a neng a di nwa. O ne a tsaya gore go tlhapologa ga gagwe gangwe le gape go ne go bakwa ke go nwa metsi thata. Mme fa e le ka letsapa le le neng le mo tshwara—o ne a ipolelela fela gore, ke mmè ofe yo o berekang yo o sa lapeng?

Mme diteko tsa madi di ne tsa bontsha gore o ne a tshwerwe ke bolwetse jwa sukiri. Go ne go se motlhofo gore Deborah a dumele gore o ne a tshwerwe ke bolwetse jono. O bolela jaana: “Ga ke a ka ka bolelela ope ka bolwetse jwa me. Fa ba lelapa la me ba ne ba robetse bosigo, ke ne ke leba kwa ntle kwa lefifing ke lela.” Jaaka Deborah, batho ba bangwe fa ba lemoga gore ba tshwerwe ke bolwetse jwa sukiri, ba a tlhakatlhakana, ba tshwenyega thata mo maikutlong tota le go galefa. Karen o bolela jaana: “Ke nna ke lela, ke sa dumele se se ntiragalelang.”

Eno ke tsela e e tlwaelegileng e batho ba itshwarang ka yone fa ba amogela dikgang tseno tse di bosula. Le fa go ntse jalo, batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri ba ka kgona go amogela boemo joo fa ba tshegediwa. Karen o bolela jaana: “Mooki wa me o ne a nthusa go amogela boemo jono. O ne a ntlhomamisetsa gore ga go sepe se se phoso ka go lela. Go lela moo, go ne ga nthusa gore ke amogele boemo jwa me.”

Lebaka La go Bo bo Le masisi

Go na le lebaka le le utlwalang la go bo bolwetse jwa sukiri bo bidiwa “bolwetse jwa fa enjene ya botshelo e sa bereke.” Fa sukiri e e mo mmeleng e sa dirisiwe, dithulaganyo tse dingwe mo mmeleng le tsone di ka emisa go dira mme seo se ka nna kotsi. Dr. Harvey Katzeff o bolela jaana: “Batho ga ba bolawe ke bolwetse jwa sukiri ka tlhamalalo, ba bolawa ke malwetse a mangwe a a nnang teng ka ntlha ya jone. Re dira tiro e ntle ya go thibela malwetse ano a mangwe, mme re palelwa ke go a alafa fa a nna teng.” *

A go na le tsholofelo epe ka batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri? Ee—fa ba lemoga ka fa bolwetse jono bo leng masisi ka gone ba bo ba latela thulaganyo ya jone ya kalafi. *

Go Tlhokomela Tsela Ya go Ja le Go Itshidila Mmele

Le fa gone bolwetse jwa sukiri jwa Type 1 bo ka se ka jwa thibelwa, baitsesaense ba ithuta dijini dingwe tse di kotsi tse di bo bakang mme ba leka go bona ditsela tsa go dira gore bo se ka jwa tlhasela thulaganyo ya mmele ya go itwela kgatlhanong le malwetse. (Bona lebokoso le le reng, “Tiro ya Sukiri mo Mmeleng,” mo tsebeng 8.) Buka ya Diabetes—Caring for Your Emotions as Well as Your Health e bolela gore, “Fa motho a tshwerwe ke bolwetse jwa sukiri jwa type 2, boemo ga bo maswe go le kalo. Ba le bantsi ba ba ka tswang ba na le dijini tse di ka ba bakelang bolwetse jono, ba tila go tshwarwa ke bolwetse jono ka go ja sentle le go itshidila mmele ka metlha, mme ka go dira jalo, ba nna ba itekanetse sentle mo mmeleng le go kgona go laola boima jwa bone jwa mmele.” *

Lokwalodikgang lo lo bidiwang Journal of the American Medical Association lo ne lwa bega jaana ka patlisiso e kgolo e e neng ya dirwa mo basading, e e buang ka botlhokwa jwa go itshidila mmele. Mo patlisisong eno, go ne ga fitlhelwa gore “go itshidila mmele ka lobaka lo lokhutshwanyane fela go oketsa mofuta wa sukiri e e monywang ke [disele tsa mmele] e e bidiwang glucose, e e oketsang insulin mo lobakeng lwa diura tse di fetang 24.” Ka jalo, pego eno e konela ka go re “go itshidila mmele ka go gwanta le go bereka ka matlhagatlhaga ke gone go fokotsang thata kotsi ya gore basadi ba tshwarwe ke bolwetse jwa sukiri jwa type 2.” Babatlisisi ba akantsha gore mo malatsing a le mantsi a beke kgotsa malatsi otlhe a yone, motho a dirise metsotso e le 30 go itshidila mmele ka tsela e e lekaneng. Seno se ka akaretsa go dira selo se se motlhofo fela jaaka go tsamaya, e leng se buka e e bidiwang American Diabetes Association Complete Guide to Diabetes, e reng “go bonala e le yone tsela e e di gaisang tsotlhe, le e e bolokesegileng le e e sa jeng madi a le mantsi ya go itshidila mmele.”

Le fa go ntse jalo, dingaka di tshwanetse go baya batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri leitlho ka kelotlhoko fa ba itshidila mmele. Lebaka la seno ke gore bolwetse jwa sukiri bo ka gobatsa ditshika tsa mmele, mme seno sa dira gore go nne le bothata jwa go elela ga madi mo mmeleng le go swa bogatsu. Ka jalo, o ka nna wa se ka wa utlwa sepe fa o ngapilwe ke sengwe mo lonaong mme ntho eo e ka nna ya tshwaediwa ke megare e bo e kekela—mme fa o sa alafiwe ka bonako, seo se ka nna sa baka bothata jo bo masisi tota, jo bo tla dirang gore o kgaolwe leoto. *

Le fa go ntse jalo, go nna le thulaganyo ya go itshidila mmele ka metlha go ka thusa motho go laola bolwetse jwa sukiri. Buka e e bidiwang ADA Complete Guide ya re “Nako le nako fa babatlisisi ba ithuta ka melemo ya go itshidila mmele ka metlha, ba fitlhela gore go itshidila mmele jalo go mosola thata.”

Go Alafiwa ka Insulin

Kwantle fela ga go ja ka tsela e e tshwanetseng le go nna le thulaganyo ya go itshidila mmele, gape batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri ba tshwanetse gore letsatsi le letsatsi ba dire diteko tsa go bona gore ba na le sukiri e e kana kang ya glucose mo mmeleng ba bo ba tlhabe lomao lwa insulin. Ka ntlha ya go ja ka tsela e e tshwanetseng le go nna le thulaganyo e e siameng ya go itshidila mmele, botsogo jwa batho ba bangwe ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri jwa Type 2 bo ne jwa tokafala mme ba ne ba emisa kalafi ya insulin. * Karen yo o nang le bolwetse jwa sukiri jwa Type 1 o ne a fitlhela gore go itshidila mmele go dira gore insulin e a e tlhabang e bereke sentle. Mme ka ntlha ya seo o kgonne go fokotsa go tlhaba ga gagwe lomao lwa insulin letsatsi le letsatsi ka diperesente di le 20.

Le fa go ntse jalo, fa motho a tshwerwe ke bolwetse jwa sukiri, ga a tshwanela go kgobega marapo fa go tlhokega gore a tlhabe insulin. Mooki wa molao e bong Mary Ann, yo o tlhokomelang batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri o bolela jaana: “Go dirisa insulin ga go reye gore motho o paletswe. Go sa kgathalesege gore o na le mofuta ofe wa bolwetse jwa sukiri, fa o ela tlhoko selekanyo sa sukiri e e leng mo mading a gago, o tla fokotsa mathata a mangwe a botsogo.” Totatota, patlisiso nngwe ya bosheng jaana e bolela gore batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri jwa Type 1 ba ba neng ba ela tlhoko selekanyo sa sukiri e e leng mo mading a bone, “ba ne ba fokotsa thata selekanyo sa go ka tshwarwa ke malwetse a matlho a a bakwang ke bolwetse jwa sukiri, diphilo le malwetse a ditshika.” Ka sekai, go nna mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jwa matlho (retinopathy) go ne ga fokodiwa ka diperesente di le 76! Ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa Type 2 ba le bone ba neng ba ela tlhoko selekanyo sa sukiri mo mading a bone, le bone ba ne ba solegelwa molemo ka tsela e e tshwanang.

Go dira gore kalafi ya insulin e nne bonolo le go fokotsa go sa itumediseng ga yone, go dirilwe dimao le dipene tsa insulin—didirisiwa tse di tlwaelegileng—tse di nang le dinnale tse di dirang gore motho a se ka a utlwa botlhoko. Mary Ann o bolela jaana: “Go botlhoko fa o tlhabiwa ka tsone lekgetlho la ntlha. Morago ga moo, balwetse ba le bantsi ba re ga ba tlhole ba utlwa sepe.” Ditsela tse dingwe tsa go tlhabiwa lomao di akaretsa go thuntshetsa nnale mo letlalong o sa utlwe botlhoko, go dirisiwa jet blast, e leng go itlhaba ka lomao lwa jet lo lo tsenyang insulin ka lobelo mo letlalong, le sedirisiwa se se bidiwang catheter se se nnang malatsi a le mabedi kgotsa a le mararo mo se tlhabilweng teng. Bosheng jaana, sedirisiwa se se itsegeng thata ke se se pompang insulin se se lekanang le pager e e kgonang go tsena mo pateng. Sedirisiwa seno se kgona go laolwa gore se tsenye insulin ka bonya mo mmeleng go ikaegile ka gore mmele o tlhoka e e kae ka letsatsi go dirisiwa catheter, mme seno se dira gore go tsenngwe selekanyo se se tlhokegang sa insulin.

Nna o Ithute

Mo dikalafing tseno tsotlhe, ga go e re ka reng e ka kgona go thusa batho botlhe ba ba nang le bolwetse jwa sukiri. Fa motho a akanyetsa go tsaya mofuta o o rileng wa kalafi, o tshwanetse go ela tlhoko dilo di le mmalwa gore a kgone go itirela tshwetso. Mary Ann o bolela jaana: “Le fa o tlhokometswe ke setlhopha sa ba tsa kalafi, tshwetso ya bofelo e dirwa ke wena.” Tota e bile, makasine wa Diabetes Care o bolela jaana: “Kalafi ya bolwetse jwa sukiri e e amogelwang ke molwetse yo o sa rutiwang go itlhokomela e ka lejwa e le ya maemo a a kwa tlase.”

Fa batho ba ba nang le bolwetse jwa sukiri ba ka ithuta ka bolwetse jwa bone, ba tla kgona go itlhokomela mme seo se tla dira gore ba tshele botshelo jo bo itekanetseng lobaka lo loleele. Le fa go ntse jalo, thuto e e nang le matswela e tlhoka bopelotelele. Buka ya setlhogo se se reng Diabetes—Caring for Your Emotions as Well as Your Health e tlhalosa jaana: “Fa o leka go ithuta dilo di le dintsi ka nako e le nngwe, tshedimosetso eo e tla go tlhakanya tlhogo mme o ka se kgone go e dirisa sentle. Kwantle ga moo, bontsi jwa tshedimosetso e e mosola e o tla tshwanelwang ke go ithuta yone ga e fitlhelwe mo dibukeng kgotsa mo dipampitshaneng. E ikaegile ka tsela e selekanyo sa sukiri e e mo mading a gago se fetofetogang ka yone. O ka kgona go ithuta seno morago ga lobaka ka diphoso tse o di dirileng.”

Ka sekai, fa o le kelotlhoko, o ka lemoga ka fa mmele wa gago o tsibogelang kgatelelo ya maikutlo ka gone, e leng selo se se ka dirang gore selekanyo sa sukiri e e mo mading a gago se ye kwa godimo. Ken o bolela jaana: “Ke na le dingwaga di le 50 ke tshwerwe ke bolwetse jwa sukiri, mme ke itse se mmele wa me o mpolelelang sone!” Go “reetsa” mmele wa gagwe go mo thusitse ka gonne Ken o sa ntse a kgona go dira tiro ya nako e e tletseng—le fa a na le dingwaga tse di kwa godimo ga di le 70!

Botlhokwa Jwa go Tshegediwa ke ba Lelapa

Selo se sengwe sa botlhokwa se se ka thusang mo go alafeng bolwetse jwa sukiri ke go tshegediwa ke ba lelapa. Totatota, buka nngwe e bolela gore, “tsela e lelapa le tshelang mmogo ka yone, gongwe ke lebaka le legolo” le le thusang go laola bolwetse jwa sukiri mo baneng le mo basheng.

Go botlhokwa gore maloko a lelapa a ithute ka bolwetse jwa sukiri, a bo a refosane ka go pata molwetse fa a ya bookelong. Go itse ka ga bolwetse jono, go tla ba thusa gore ba mo tshegetse, ba lemoge matshwao a a bontshang gore ga a tsoga sentle mme ba itse gore ba direng. Ted yo mosadi wa gagwe a sa leng a tshwarwa ke bolwetse jwa sukiri jwa Type 1 fa a le dingwaga di le nnè, o bolela jaana: “Ke kgona go lemoga fa selekanyo sa sukiri sa ga Barbara se le kwa tlase thata. O tla didimala re ntse re tlotla. O fufula thata a bo a galefa kwantle ga lebaka. Mme o tsibogela dilo ka bonya.”

Ka tsela e e tshwanang, fa mosadi wa ga Ken e bong Catherine a bona Ken a nna mosetlha, a fufula le fa a bona tsela ya gagwe ya go dira dilo e fetoga, o mmotsa potso nngwe e e raraaneng go bona gore o tla e araba jang. Fa Ken a e araba ka tsela e e tlhakatlhakaneng, seo se bontsha Catherine gore ke nako ya gore e nne ene a dirang ditshwetso mme a dire sengwe go baakanya boemo ka bonako. Ken le Barbara ba anaanela thata go nna le balekane ba lenyalo ba ba itseng ka bolwetse jono ba ba ba ratang le go ba ikanya. *

Ba lelapa ba tshwanetse go kgaratlhela go ema molwetse nokeng, go mmontsha bopelonomi le go nna pelotelele mo go ene—e leng dinonofo tse di ka thusang molwetse gore a lebane le dikgwetlho tsa botshelo le tse di ka tokafatsang botsogo jwa gagwe. Monna wa ga Karen o ne a mo tlhomamisetsa gore o a mo rata mme seo se ne sa dira gore a ikutlwe botoka. Karen o bolela jaana: “Nigel o ne a nthaya a re, ‘Batho ba tshwanetse go ja dijo le go nwa metsi gore ba tshele, fela jaaka le wena o tlhoka dijo le metsi—le selekanyo se le sennye fela sa insulin.’ Ke ne ke tlhoka mafoko a a ntseng jalo a bopelonomi le a a utlwalang.”

Ba lelapa le ditsala ba tshwanetse go tlhaloganya gore fa selekanyo sa sukiri mo mading se ntse se fetofetoga, bolwetse jwa sukiri bo ka ama tsela e motho a ikutlwang ka yone. Mosadi mongwe o ne a bolela jaana, “Fa ke tshwenyegile thata mo maikutlong ka ntlha ya bolwetse jono, ga ke bue, ke kgopisega motlhofo mme ke betwa ke pelo. Mme ke bo ke utlwisiwa botlhoko ke gore ga ke kgone go laola tsela e ke ikutlwang ka yone. Ka jalo, go a nthusa go itse gore ba bangwe ba tlhaloganya lebaka la go bo ke ikutlwa jalo—mme ke leka go laola maikutlo ao.”

Bolwetse jwa sukiri bo ka kgona go laolwa ka katlego segolobogolo fa ba lelapa le ditsala ba tshegetsa molwetse. Melaometheo ya Baebele le yone e ka thusa. Jang?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Malwetse ao a mangwe ke bolwetse jwa pelo, seterouku, go sa berekeng sentle ga diphilo, bolwetse jwa ditshika tse di tsamaisang madi mo mmeleng le go gobala ga methapo. Fa madi a sa fitlhe sentle kwa dinaong, seno se ka dira gore motho a tswe dikgeleswa tse fa di le maswe thata, di ka nnang tsa tlhoka gore motho a kgaolwe lonao. Gape, bolwetse jwa sukiri ke jone jo gantsi bo foufatsang batho ba ba godileng.

^ ser. 9 Tsogang! ga e buelele mofuta ope wa kalafi. Batho ba ba belaelang gore ba ka tswa ba tshwerwe ke bolwetse jwa sukiri ba tshwanetse go ya go bona ngaka e e nang le maitemogelo a go thibela bolwetse jono le go bo alafa.

^ ser. 11 Fa motho a na le mafura a le mantsi go tswa fa lethekeng go ya kwa godimo, seno se ka mmaya mo kotsing e kgolo go feta fa a na le mafura a mantsi go tswa fa lothekeng go ya kwa tlase.

^ ser. 13 Batho ba ba gogang motsoko ba ipaya mo kotsing e kgolo thata, ka gonne mokgwa ono wa bone o gobatsa pelo le ditshika tsa madi mo mmeleng, mme o dira gore ditshika tseo di nne ditshesane. Buka nngwe e bolela gore diperesente di le 95 tsa batho ba ba kgaotsweng maoto ke tsa batho ba ba gogang motsoko.

^ ser. 16 Bangwe ba batho bano ba ne ba thusiwa ke melemo e e nowang. Melemo eno e akaretsa diokobatsi tse di dirang gore lebete le ntshe insulin e e oketsegileng, tse dingwe di fokotsa go oketsega ga sukiri mo mading mme tse dingwe tsone di fokotsa selekanyo sa insulin. (Gantsi melemo e e nowang ga e fiwe batho ba ba nang le bolwetse jwa sukiri jwa Type 1.) Mo nakong ya jaanong, insulin ga e kgone go nowa ka gonne fa dijo di silega, poroteine eno e silega pele e fitlha mo mading. Kalafi ya insulin kgotsa melemo e e nowang ga di fokotse botlhokwa jwa go itshidila mmele le go ja ka tsela e e tshwanetseng.

^ ser. 26 Ba tsa kalafi ba akantsha gore ka dinako tsotlhe batho ba ba nang le bolwetse jwa sukiri ba nne le karata, ba tsenye leseka kgotsa tšhaene tse di bontshang gore ba na le bolwetse jono. Dilo tseno di ka boloka botshelo jwa bone ka nako ya kotsi. Ka sekai, matshwao a a bontshang gore selekanyo sa sukiri se kwa tlase thata a ka nna a tsewa e le a bolwetse bongwe kgotsa e le matswela a go nwa bojalwa thata.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

A Bolwetse Jwa Sukiri bo Tshwara le Bana?

Dr. Arthur Rubenstein, moithuti yo o kwa godimo wa dikgeleswa tsa mmele wa motho le moeteledipele wa setlhopha sa baithuti ba tsone kwa Sekolong sa Bongaka sa Mount Sinai sa kwa New York o bolela jaana: “Bolwetse jwa sukiri bo setse bo tshwara le bana.” Palogare ya dingwaga tse bolwetse jwa sukiri bo ba tshwarang ba le mo go tsone eleruri e wela kwa tlase. Fa moitse ka tsa bolwetse jwa sukiri e bong Dr. Robin S. Goland a ne a akgela ka bolwetse jwa sukiri jwa Type 2 o ne a re, “Mo dingwageng di le lesome tse di fetileng re ne re ruta baithuti ba ba ithutelang bongaka gore bolwetse jono ga bo tshware batho ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 40. Gone jaanong, bo tshwara batho ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 10.”

Ke ka ntlha yang fa basha ba le bantsi ba tshwarwa ke bolwetse jwa sukiri? Ka dinako tse dingwe ke ka ntlha ya go bo ba tshotswe ba na le dijini tse di dirang gore bo ba tshware. Mme ka dinako tse dingwe, bo ka tswa bo bakwa ke boima jwa mmele le tikologo e ba nnang mo go yone. Mo dingwageng di le 20 tse di fetileng, palo ya bana ba ba nang le boima jo bo feteletseng jwa mmele e menagane gabedi. Ke eng se se bakang bothata joo? Dr. William Dietz wa kwa United States wa Ditheo Tsa go Thibela Bolwetse Le go Bo Alafa a re, “Mokgwa o batho ba jang ka one le o ba dirang dilo ka one o ne wa fetoga mo dingwageng di le 20 tse di fetileng. Tseo gape di akaretsa go ja thata dijo tse di sa apeweng mo gae; go sa je dijo tsa mo mosong makgetlo a le mantsi; go nwa thata dinotsididi le dijo tse di apewang ka bonako; go fokodiwa ga mananeo a [dithuto tsa go itshidila mmele] kwa dikolong; le go fokodiwa ga dinako tsa boikhutso kwa sekolong.”

Bolwetse jwa sukiri ga bo alafege gotlhelele. Ka jalo, go botlhale go dirisa kgakololo ya mosha mongwe yo o tshwerweng ke bolwetse jono yo o neng a bolela jaana: “Tlogela go ja dijo tse di sa otleng mmele mme o tla nna o itekanetse.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Tiro ya Sukiri e e Bidiwang Glucose

Mofuta wa sukiri o o bidiwang glucose o dira gore mmele o nne le disele di le dibilione. Le fa go ntse jalo, gore e kgone go sutlhelela mo diseleng tseno, e tlhoka “sengwe se se ka e thusang go dira jalo”—insulin, e leng khemikale e e tswang mo lebeteng. Insulin ga e ke e nna teng fa motho a tshwerwe ke bolwetse jwa sukiri jwa Type 1. Fa motho a tshwerwe ke bolwetse jwa sukiri jwa Type 2, mmele wa gagwe o dira insulin, mme e seng e e lekaneng. * Mo godimo ga moo, disele tseno ga di letle insulin go tsena—e leng bothata jo bo bidiwang go palelwa ga insulin go tsena mo diseleng. Fa motho a tshwerwe ke mefuta e mebedi eno ya bolwetse jwa sukiri, diphelelo tsa jone di a tshwana: o nna le disele tse di se nang sukiri ya glucose le selekanyo se se kotsi sa sukiri mo mading.

Mo mothong yo o tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri jwa Type 1, thulaganyo ya gagwe ya mmele ya go itwela kgatlhanong le malwetse e tlhasela disele tse di mo lebeteng tse di ntshang insulin. Ka ntlha ya moo, bolwetse jwa sukiri jwa Type 1, ke bolwetse jwa sukiri jo bo bakwang ke go bo thulaganyo ya mmele ya go itwela kgatlhanong le malwetse e tlhasela disele tseno. Dilo tse dingwe tse di ka dirang gore mmele o itwele kgatlhanong le malwetse di akaretsa dibaerase, dikhemikale tse di botlhole le diokobatsi dingwe. Selo se sengwe se se ka nnang sa bo se baka mathata ke dijini tsa motho, ka gonne bolwetse jwa sukiri jwa Type 1, gantsi bo tsamaya ka losika e bile bo fitlhelwa thata mo bathong ba basweu.

Bolwetse jwa sukiri jwa Type 2 jone, bo bakwa thata ke mathata a dijini go feta jwa Type 1, mme bo fitlhelwa thata mo go ba e seng basweu. Bantsho ba kwa Australia le Baindia ba kwa Amerika ke bone ba ba tshwenngwang thata ke bolwetse jono mme palo e e kwa godimo thata mo lefatsheng lotlhe ya ba ba nang le bolwetse jwa sukiri jwa Type 2, e fitlhelwa mo Baindieng ba kwa Amerika. Babatlisisi ba sa ntse ba batlisisa go bona gore dijini di amana jang le go nna le boima jo bo feteletseng jwa mmele, le ka fa go nna le mafura a mantsi go bonalang go dira gore mmele o lwantshe insulin ka teng mo bathong ba ka ntlha ya dijini tsa bone ba ka nnang ba tshwarwa ke bolwetse jono. * Bolwetse jwa sukiri jwa Type 2 bo farologana le jwa Type 1, ka gonne jone bo tshwara thata batho ba ba kwa godimo ga dingwaga di le 40.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 44 Mo e ka nnang diperesente di le 90 tsa batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri, ba tshwerwe ke jwa Type 2. Mo nakong e e fetileng, malwetse ano a ne a bidiwa “jo bo sa tlhokeng go tlhaba lomao lwa insulin” kgotsa “go tlhaselwa ga mogolo” ke bolwetse jwa sukiri. Le fa go ntse jalo, ditlhaloso tseno ga di a tlhomama ka gonne mo e ka nnang diperesente di le 40 tsa ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri jwa Type 2, ba tlhoka go tlhabiwa lomao lwa insulin. Mo godimo ga moo, palo e e tshosang ya basha—bao bangwe ba bone ba iseng ba tshware dingwaga tsa bolesome—ba fitlhetswe ba na le bolwetse jwa sukiri jwa Type 2. 

^ ser. 46 Gantsi motho o tsewa a na le boima jo bo feteletseng jwa mmele fa boima jwa gagwe jwa mmele bo feta jo go lebeletsweng gore a nne le jone ka diperesente di le 20 kgotsa go feta.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Molekhule ya “glucose”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy: Pacific Northwest National Laboratory

[Lebokoso mo go tsebe 9]

Tiro ya Lebete

Lebete le fela ka fa morago ga mogodu mme le lekana le panana ka bogolo. Go ya ka buka e e bidiwang, The Unofficial Guide to Living With Diabetes, “lebete le le itekanetseng sentle le dira tiro ya lone ka metlha ya go dira gore selekanyo sa sukiri mo mmeleng e nne se se lekanetseng mme e dira seo ka go ntsha insulin fa selekanyo sa sukiri ya glucose se ntse se ya kwa godimo le kwa tlase.” Disele tse di mo lebeteng ke tsone di ntshang horomone ya insulin.

Fa disele tseno di sa kgone go ntsha insulin e e lekaneng, sukiri ya glucose e a oketsega mo mading. Mme fa di kgona go e ntsha, e a fokotsega. Sebete se thusana le lebete ka go thusa go laola selekanyo sa sukiri mo mading, mme di dira seo ka go boloka sukiri ya glucose e le mo seemong se se bidiwang glycogen. Lebete le kgona go dira gore sebete se fetole glycogen eno gore e boe gape e nne sukiri ya glucose gore e tle e dirisiwe ke mmele.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Tiro ya Sukiri mo Mmeleng

Batho ba le bantsi ba na le kgopolo e e seng boammaaruri ya gore fa o ja sukiri e ntsi o tla nna le bolwetse jwa sukiri. Bosupi jwa tsa kalafi bo bontsha gore go oketsega boima jwa mmele—go sa kgathalesege gore a motho o ja sukiri kgotsa ga a e je—go dira gore batho ba ba nang le dijini tse di ka dirang gore ba tshwarwe ke bolwetse jwa sukiri, ba nne mo kotsing ya go ka tsenwa ke bolwetse joo. Le fa go ntse jalo, go ja sukiri e ntsi ga go a siama e re ka go sa otle mmele e bile go oketsa boima jwa mmele.

Kgopolo e nngwe e e seng boammaaruri ke gore batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri ba na le keletso e e feteletseng ya go batla go ja sukiri. Le fa go ntse jalo, totatota ba a bo ba na le keletso e e tshwanang fela le ya ba bangwe ba ba ratang go ja dimonamone. Fa bolwetse jwa sukiri bo sa laolwe sentle, bo ka dira gore motho a tshwarwe ke tlala—e seng gore a eletse go ja sukiri. Batho ba ba nang le bolwetse jwa sukiri ba ka ja dimonamone, mme ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba ja sukiri e e kanakang mo dijong.

Dipatlisiso tsa bosheng jaana di bontshitse gore dijo tse di nang le sukiri e ntsi ya tlhago—sukiri e e tswang mo maungong le mo merogong—di ka nna le seabe mo go direng gore insulin e palelwe ke go tsena mo diseleng, gape e ka baka bolwetse jwa sukiri mo diphologolong go sa kgathalesege boima jwa tsone jwa mmele.

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Bolwetse Jwa Sukiri bo Tlhalosiwa ka Tsela e e Motlhofo

LOBETE

Motho yo o Itekanetseng Sentle

Fa a sena go ja, lobete lo tsibogela go oketsega ga sukiri ya glucose e e mo mading lo bo lo ntsha selekanyo se se tshwanetseng sa insulin

Dimolekhule tsa Insulin di ngaparela disele tse di amogelang melaetsa tse di leng mo diseleng tsa mesifa le mo diseleng tse dingwe. Seno le sone se dira gore dikgoro tse dimolekhule tsa sukiri ya glucose di tsenang ka yone di bulege

Disele tsa mesifa di monya sukiri ya glucose di bo di e dirisa. Fa seno se direga, selekanyo sa sukiri ya glucose e e mo mading se boela mo maemong a sone

Bolwetse Jwa Sukiri Jwa Type 1

Disele tse ditlhagisang insulin tse di mo lobeteng di tlhaselwa ke thulaganyo ya mmele ya go itwela kgatlhanong le malwetse. Fa seno se direga, insulin ga e kgone go nna teng

Fa insulin e seyo, dimolekhule tsa sukiri ya glucose ga di ka ke tsa kgona go tsena mo teng ga disele

Bolwetse Jwa Sukiri Jwa Type 2

Gantsi lobete lo tlhagisa insulin e nnye

Fa disele tse di amogelang melaetsa di sa tsiboge go tlhagisa ga insulin, dikgoro tse di tshwanetseng go monya sukiri ya glucose mo mading ga di bulege

Sukiri ya glucose e a oketsega mo mading e bo e kgoreletsa go dira ga ditiro tse dingwe tse di botlhokwa mo mmeleng le go senya ditshika tsa madi

[Setshwantsho]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

SELE

Sele e e amogelang melaetsa

Kgoro

Insulin

Nuklease

Sukiri ya glucose

[Setshwantsho]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

DITSHIKA TSA MADI

Disele tse di khibidu tsa madi

Sukiri ya glucose

[Motswedi wa Setshwantsho]

Man: The Complete Encyclopedia of Illustration/J. G. Heck

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go botlhokwa gore motho yo o nang le bolwetse jwa sukiri a je sentle

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri ba ka kgona go itumelela botshelo ka tsela e e tlwaelegileng