A Batho ba Latlhegelwa ke Mekgwa e Mentle?
A Batho ba Latlhegelwa ke Mekgwa e Mentle?
NNGWE ya dimpho tse dikgolo tse batsadi ba ka di nayang bana ba bone, ke lorato lwa bone lo lo sa fetogeng le go ba ruta mekgwa e mentle e le bone ba tshelang ka yone, ba sa ba bolelele fela ka yone.
Fa motho a se na mekgwa e mentle, botshelo bo ka nna thata tota. Mekgwa e mentle e dira gore o nne le boikaelelo mo botshelong. E dira gore o itse dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong jwa gago. Gape e dira gore o itshole sentle.
Le fa go ntse jalo, mekgwa e le mentsi e e tlwaelegileng e fetoga ka bonako. Ka sekai, Porofesa Ronald Inglehart a re “batho mo setšhabeng ba setse ba na le mokgwa o o feteletseng wa boitshwaro jo bo sa siamang wa go kgotsofatsa keletso ya bone ya tlhakanelodikobo le go tshela ka tsela e go batlang bone ka yone. Mo patlisisong ya kwa Gallup e e neng ya dirwa mo dinageng di le 16 ka 1997, baagi ba ne ba bodiwa gore ba ikutlwa jang ka kgang ya go tshola bana motho a se mo lenyalong. Patlisiso ya kwa Gallup e ne ya bega jaana: “Kwa dikarolong tsa Yuropa Bophirima, mokgwa ono wa bosheng o batho ba tshelang ka one o amogelwa ke diperesente di le 90 kgotsa go feta mme kwa Singapore le India o amogelwa ke ba ba kwa tlase ga diperesente di le 15.”
Bangwe ba buelela mokgwa ono o mosha wa kgololesego ya tlhakanelodikobo. Lefa go ntse jalo, buka e e bidiwang The Rise of Government and the Decline of Morality e e kwadilweng ke James A. Dorn e bolela go re, “go anama ga mokgwa ono wa go tshola ngwana motho a se mo lenyalong” le go “thubega ga malapa” ke “matshwao a a bonalang sentle a gore boitsholo jwa batho bo senyegile.”
Mekgwa e Mengwe e e Ntseng e Senyegela Pele
Mekgwa e mengwe e mentle e batho ba neng ba na le yone pele ga e sa tlhole e le teng. World Values Survey e e eteletsweng pele ke porofesa Inglehart e bega gore, “puso ga e tlhole e tlotlwa” mo dinageng tse di tlhabologileng.
Selo se sengwe gape se batho ba neng ba dumela thata mo go sone mo nakong e e fetileng, e ne e le go bereka ka natla. Lefa go ntse jalo, go phepafetse gore ga go tlhole go ntse jalo. Kwa United States, mokgatlho wa National Federation of Independent Business o ne wa dira patlisiso mo bathaping ba feta halofo ya milione. “Diperesente di le 31 tsa bathapi ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba bolela gore go thata go bona batho ba ba tshwanelang ditiro tse di leng teng, mme ba le diperesente di le 21 bone ba ne ba bolela gore go thata go bona batho ba ba itseng go dira tiro sentle.” Mothapi mongwe o ne a re: “Go ntse go nna thata go bona badiri ba ba tlang tirong letsatsi le letsatsi, ba tla ka nako e bile ba sa nwa.”
Mathata a ikonomi ke one a ka nnang a oketsa bothata jono. Fa bathapi ba se na dipoelo mo dikgwebong tsa bone, ba ntsha bangwe mo tirong le go fokotsa madi a ba tshwanetseng go a fiwa fa ba tlogedisiwa tiro. Lokwalodikgang lo lo bidiwang Ethics & Behavior lo bolela jaana: “Badiri ba ba direlwang bosaikanyegeng jo bo tshwanang le jono, le bone ba simolola go direla bathapiwa ba bone mekgwa e e sa siamang. Ga ba tlhole ba batla go bereka ka natla ka gonne go ka direga gore ka moso ba bo ba ntshitswe mo tirong.”
Mo godimo ga moo, selo se sengwe gape se se fetogileng ke tsela e batho ba itshwarang ka yone mo setšhabeng le maitseo a bone. Patlisiso e e neng ya dirwa kwa Australia e ne ya konela jaana: “Diperesente di feta 87,7 tsa bathapiwa ba ne ba bega gore mekgwa e e maswe e e dirwang mo kantorong e ama bathapiwa botlhe.” Mo patlisisong e e neng ya dirwa kwa United States ya borakgwebo ba maemo a a kwa godimo, “diperesente di le 80 tsa ba ba neng ba botsolodiwa ba bega gore go na le borakgwebo ba le bantsi ba ba makgakga.” Go ya ka bobegadikgang jwa CNN, “bareki ga ba tshwarwe sentle mo mabenkeleng mo e leng gore mo e batlang e nna halofo ya ba ba neng ba botsolodiwa, ba re ba ne ba tswa mo lebenkeleng ba itsamaela ba sa reka sepe ka ntlha ya go tsholwa makgwakgwa. Halofo e nngwe ya bone e bega gore gantsi ba bona batho ba bua ka difouno tsa selula ba tlhodia le gone ba bua ka tsela ya go tlhoka maitseo. Mme bakgweetsi ba le barataro mo go bangwe le bangwe ba le 10 ba re gantsi ba bona batho ba bangwe ba kgweetsa botlhaswa.”
Go Botlhokwa go le Kae Gore Batho ba Nne le Mekgwa e Mentle?
Ka dinako tse dingwe batho ba re ba na le “mekgwa e mentle,” mme tsela e ba buang ka yone ga e bontshe seo. Ka sekai, Setheo sa go Ithuta Batho mo Lefatsheng se ne sa botsolotsa baemedi ba ba tswang mo dinageng di le 40. Diperesente di le 40 tsa bone, di ne tsa tlhalosa gore “go tlotla botshelo” ke sengwe sa dilo tse tlhano “tse di botlhokwa thata.” *
Lefa go ntse jalo, a mme tota ba bontsha seo ka ditiro tsa bone? Ga go pelaelo gore dinaga tse di nang le madirelo di na le bokgoni jwa go fokotsa go sotlega ga batho. Mme buka e e kwadilweng ke Carol
Bellamy e leng mokaedimogolo wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng la go Tlhokomela Bana ka Madi e ne ya bolela ka 1998 gore “halofo ya dintsho di le dimilione di le 12 tsa bana ba ba swang ngwaga le ngwaga ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano kwa dinageng tse di tlhabologang e bolawa ke [phepelotlase], e leng palo e e ka se kang ya lekanngwa le epe fa e sa le bolwetse jwa Black Death bo ganyaola Yuropa mo lekgolong la bo14 la dingwaga.” Dipego tse di ntseng jalo di tshosa tota mo mothong ope fela yo o ratang botshelo. Bellamy o bolela jaana: “Le fa go ntse jalo, bothata jo lefatshe lotlhe le nang le jone jwa phepelotlase, ga bo a tshosa batho bape mo setšhabeng go sa kgathalesege bosupi jo bo ntseng bo gola jwa saense jwa kotsi ya bothata joo. Go tlhomilwe mogopolo thata mo tseleng e mebaraka ya lefatshe e dirang ka yone go na le go o tlhoma mo tshenyong e e seng kana ka sepe e e bakwang ke bothata jwa phepelotlase—kgotsa go o tlhoma mo go neyeng batho dijo tse di nang le dikotla.”Ba tsa kalafi le bone ga ba tlhole ba tsaya botshelo bo le botlhokwa. Mo dingwageng tsa bosheng jaana tsa bo1970, go ne go se motlhofo gore ngwana yo o neng a tsholwa a na le dibeke di le 23 a imilwe, a tshele. Gompieno gongwe diperesente di ka nna 40 tsa bana ba ba tsholwang pele ga nako ba ka kgona go tshela. Ka ntlha ya seno, go a gakgamatsa go bo mo lefatsheng lotlhe go fopholediwa gore go senngwa dimpa di ka nna dimilione di le 40 go ya go di le 60 ngwaga le ngwaga! Bontsi jwa masea ano a a iseng a tsalwe a a bolawang, a mannye mo go a a tsholwang pele ga nako ka dibeke di le mmalwa, a dingaka di lwelang go boloka matshelo a one! A dintlha tse di fa godimo tseno ga di bontshe gore boitsholo bo ntse bo senyegela pele?
Go Tlhokega Kaelo e e Siameng ya Boitsholo
Fa bontsi jwa batho ba ba neng ba botsolodiwa ke mokgatlho wa kwa Gallup ba ne ba bodiwa gore “ke eng se se seng botlhokwa mo botshelong?” ba le bantsi ba bone ba ne ba re go “ikanyega mo bodumeding jwa me” ke sengwe sa dilo tse pedi tse di seng botlhokwa. Ga go gakgamatse go bo palo ya batho ba ba tsenang dikereke e ntse e fokotsega. Porofesa Inglehart o bolela gore go huma ga dinaga tsa Bophirima go “dirile gore batho ba ikutlwe ba sireletsegile fela thata” mme seo “se fokoditse tshireletsego e gantsi ba e newang ke bodumedi.”
Go sa tlhole ba ikanya bodumedi go tshwana le tsela e ba sa tlholeng ba ikanya Baebele ka yone. Mo patlisisong nngwe ya boditšhabatšhaba batho ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba bodiwa gore ba ne ba ikanya eng kgotsa mang malebana le gore ke boitsholo bofe jo bo siameng. Ba le bantsi ba bone ba ne ba bolela se se ba diragaletseng. Pego ya patlisiso eno ya re, “ba ne ba sa tseye lefoko la Modimo le le botlhokwa.”
Ka jalo ga go gakgamatse go bo mekgwa ya batho e senyegela pele jaana! Go tlhokega ga kaelo e e siameng ya boitsholo mmogo le go tlhoma mogopolo thata mo dikhumong le go nna pelotshetlha go dirile gore batho ba nne bogagaru le gore ba se ka ba kgathalela maikutlo a ba bangwe. Re latlhegetswe ke dilo dife tsa botlhokwa ka ntlha ya diphetogo tseno?
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 12 Mo dingwageng di le 50 tse di fetileng, lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la amogela Maikano a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Batho. Setlhogo sa 1 sa Maikano ao se tlhalosa jaana: “Batho botlhe ba tsalwa ba gololesegile mme ba na le seriti le ditshwanelo tse di lekanang.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 4, 5]
Go thubega ga malapa, go sa nneng le mekgwa e mentle mo tirong le boganana ke dilo tse di bontshang gore mekgwa ya batho e senyegile go le kanakang gompieno
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Masea a le dimilionemilione a mannye mo leseeng leno le le tsetsweng pele ga nako ka dibeke di le mmalwa fela, a bolawa ngwaga le ngwaga ka go ntshiwa ga dimpa