Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Dilo di Tla Tsamaya di Tokafala?

A Dilo di Tla Tsamaya di Tokafala?

A Dilo di Tla Tsamaya di Tokafala?

GOMPIENO World Health Organization le mekgatlho e mengwe e e tshwenyegileng ka kgang eno, ba dira dipatlisiso ka malwetse ano le go bona gore a ka laolwa jang. Mekgatlho e le mentsi e anamisa tshedimosetso le go rotloetsa gore go dirwe patlisiso ka melemo e mesha le ka ditsela tse disha tsa go laola bolwetse jono mme ba dira seno sotlhe ka maiteko a go fedisa bothata jo bo golang jwa malwetse a a anamisiwang ke ditshenekegi. Batho ka bongwe le batho mo setšhabeng le bone ba ka dira go le gontsi go ithuta ka malwetse ano le go itshireletsa mo go one. Le fa go ntse jalo, go sireletsa batho ga go tshwane le go laola bolwetse lefatshe ka bophara.

Baitse ba le bantsi ba dumela gore tirisanommogo ya batho mo lefatsheng lotlhe le go ikanyega, di botlhokwa gore re atlege mo go laoleng malwetse ano. Mmegadikgang e bong Laurie Garrett yo o gapileng sekgele sa Pulitzer Prize o kwala jaana mo bukeng ya gagwe e e bidiwang, The Coming Plague—Newly Emerging Diseases in a World out of Balance, “Go dira batho seoposengwe ka bonako mo lefatsheng lotlhe go tlhoka gore batho gongwe le gongwe mo lefatsheng ba se ka ba leba tikologo e ba nnang mo go yone, diporofense tsa bone, dinaga kgotsa dihemesefere e le tikologo ya bone ba le bosi. Megare le ditshenekegi tse di e anamisang, ga di bone melelwane e e tlhomilweng ke batho.” Go runya ga bolwetse jono mo nageng nngwe, go ne ga se ka ga tshwenya batho ba ba mo dinageng tse di mabapi fela mme go ne ga tshwenya lefatshe lotlhe.

Dipuso dingwe le batho ba tsone di belaela thuso epe fela—le thulaganyo epe fela ya go laola bolwetse jono—e e tswang kwa dinageng tse di kwa ntle. Mo godimo ga moo, go sa akanyetseng isagwe ga dipolotiki le bopelotshetlha jo bo leng teng mo go tsa kgwebo, gantsi go kgoreletsa tirisanommogo ya boditšhabatšhaba. A megare e tla fenya mo ntweng eno ya go e lwantsha? Mokwadi e bong Eugene Linden, yo o dumelang gore e tla fenya, o bolela jaana: “Re setse re siilwe ke nako.”

Lebaka la go Nna le Tsholofelo

Kgatelopele ya saense le ya botegeniki ga e kgone go lwantshana le malwetse ano. Mme gone bothata jwa malwetse a a anamisiwang ke ditshenekegi ke nngwe ya dikotsi tse di tshosetsang boitekanelo jwa motho. Mme go na le lebaka la go nna le tsholofelo. Le fa baitsesaense e le gone ba simololang go tlhaloganya tsela e e raraaneng e ditshedi tse di farologaneng di tshelang ka yone, ba lemoga gore lefatshe le na le bokgoni jwa go iphodisa. Polanete ya rona e na le ditsela tsa tlhago tsa go baakanya medikologo ya tlholego. Ka sekai, gantsi dikgwa di gola mo lefelong le le kileng la bo le se na sepe, mme tsela e megare, ditshenekegi le diphologolo di tshelang ka yone, e a tlhomama fa nako e ntse e tsamaya.

Se se botlhokwa le go feta ke gore tsela e e raraaneng e popo e ntseng ka yone e bontsha gore e dirilwe ke Mmopi mongwe e leng Modimo yo go tswa kwa tshimologong a neng a dira gore lefatshe le kgone go iphodisa. Baitsesaense ba le bantsi ba a dumela gore go tshwanetse ga bo go na le mongwe, motho yo o botlhale yo o bopileng lefatshe leno. Ee, batho ba ba akanyang ka kelotlhoko ga ba ka ke ba kgona go latola ka mo go feletseng gore Modimo o teng. Baebele e tlhalosa Mmopi e bong Jehofa Modimo e re ke mothata yotlhe e bile o lorato. O eletsa thata gore re itumele.

Gape, Baebele e tlhalosa gore ka ntlha ya go leofa ka bomo ga batho ba ntlha, batho ba ruile bosaitekanelang, bolwetse le loso. A seo se raya gore re atlholetswe go boga ka bosakhutleng? Nnyaa! Boikaelelo jwa Modimo ke go dira gore lefatshe e nne paradaise e batho ba tla tshelang mo go yone ka boitumelo le diphologolo tse dingwe tse dikgolo le tse dinnye. Baebele e bolelelapele ka lefatshe le mo go lone go tla bong go se na setshedi sepe se segolo kgotsa tshenekegi e nnye, tse di tla tsenyang batho mo kotsing.—Isaia 11:6-9.

Ke boammaaruri gore batho ba tla nna le seabe mo go bolokeng maemo a a ntseng jalo a ntse a le teng—mo bathong le mo tikologong. Modimo o laetse motho gore a “tlhokomele” lefatshe. (Genesise 2:15) Mo paradaeseng ya mo isagweng motho o tla kgona go dira tiro eo ka botlalo ka go nna kutlo le go latela ditaelo tsa Mmopi wa gagwe. Ka jalo, re ka leba pele ka tsholofelo go tla ga letsatsi leo fa go tla bo go se “monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.