Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bothata jo bo Golang Jwa Malwetse a a Anamisiwang ke Ditshenekegi

Bothata jo bo Golang Jwa Malwetse a a Anamisiwang ke Ditshenekegi

Bothata jo bo Golang Jwa Malwetse a a Anamisiwang ke Ditshenekegi

KE NAKO YA GO YA GO ROBALA mo legaeng lengwe la kwa Latin-America. Mmè o tsenya ngwana wa gagwe mo bolaong a bo a mo atla gore a robale sentle. Mme mo lefifing leo, go tswa tshenekegi nngwe e ntsho mo maphanyegong a marulelo, e e ratang go loma fa molomong e e boleele jo bo ka fa tlase ga disentimetara di le tharo. E fofela mo sefatlhegong sa ngwana yo o robetseng a sa utlwe sepe, e bo e phunya letlalo la gagwe le le boruma ka molomo wa yone. Fa tshenekegi eno e se na go kgora madi a gagwe, e tlogela mo go ene mantle a yone a a tletseng megare. A ntse a thulametse, mosimanyana yono o ingwaya sefatlhego a tsenya mantle ano a a nang le megare mo nthong.

Ka ntlha ya go longwa ke tshenekegi eno gangwe fela, ngwana o tsenwa ke bolwetse jwa Chagas. Morago ga beke e le nngwe kgotsa tse pedi, o tsenwa ke letshoroma le legolo a bo a ruruga mmele. Fa a sa tsenwe ke bolwetse jono, megare eno e aga mo go ene e bo e tlhasela pelo, methapo le dithishu tsa ka fa teng. A ka nna a fetsa dingwaga di le 10 kgotsa di le 20 a se na matshwao a bolwetse joo. Mme morago ga moo, a ka nna a tswa diso mo moseleng o dijo di tsamayang ka one, a tshwaediwa ke megare ya bolwetse joo mo bobokong mme kgabagare a ka nna a bolawa ke go ema pelo.

Pego eno e e itlhametsweng, tota e bontsha ka fa motho a ka tsenwang ke bolwetse jwa Chagas ka gone. Kwa Latin America, batho ba le dimilione ba ka tswa ba le mo kotsing ya go ka longwa ke tshenekegi eo.

Ditshenekegi Tse di Maotomantsi Tse di Nnang le Batho

Encyclopædia Britannica e bega jaana: “Mefuta e le mentsi ya letshoroma e e tshwarang batho e bakwa ke megare e ba e tsenngwang ke ditshenekegi.” Gantsi batho ba dirisa lefoko “tshenekegi” le fa ba bua ka tse dingwe tse tota e seng ditshenekegi—ditshedinyana tse di nang le maoto a le marataro jaaka dintshi, matsetse, menang, dinta le dikhukhwana—le tse dingwe tse di nang le maoto a le robedi tse di jaaka dikōkōnyana le dikgofa. Borasaense ba bitsa ditshedinyana tseno tsotlhe ditshenekegi—e leng ditshedi tse dintsi go feta diphologolo tsotlhe—tse di akaretsang mo e ka nnang mefuta e le milione e e itsiweng.

Bontsi jwa ditshenekegi ga di kotsi mo mothong e bile dingwe tsa tsone di mosola thata. Fa di ka bo di seyo, dimela le ditlhare di le dintsi tse batho le diphologolo ba ikaegileng ka tsone go bona dijo, di ne di se kitla di ungwa. Ditshenekegi dingwe di thusa ka go tlosa leswe. Tse dingwe tse dintsi di ja dimela, fa tse dingwe tsone di ja ditshenekegi tse dingwe.

Gone ke boammaaruri gore go na le ditshenekegi tse di tshwenyang batho le diphologolo ka go di loma kgotsa ka go nna teng fela ga tsone ka bontsi. Gape go na le tse dingwe tse di senyang dijalo. Le fa go ntse jalo, se se maswe le go feta ke gore go na le ditshenekegi tse dingwe tse di anamisang malwetse le loso. Malwetse a a anamisiwang ke ditshenekegi “ke one a neng a tshwara batho ba le bantsi go feta malwetse a mangwe otlhe a kopane le go ba bolaya mo lekgolong la bo17 la dingwaga go fitlha mo masimologong a lekgolo la bo20,” go ne ga bolela jalo Duane Gubler wa kwa Ditheong tsa kwa United States Tsa go Alafa Malwetse Le go A Thibela.

Gone jaanong, motho a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 6 o tshwaeditswe ke bolwetse jo bo anamisiwang ke ditshenekegi. Malwetse a a anamisiwang ke ditshenekegi ga a bogise batho fela gape a dira gore dinaga tse di tlhabologang di nne le mathata a magolo a madi—e leng dinaga tse di se nang madi a go lwantshana le malwetse ao. Le eleng go tlhaselwa gangwe fela ke malwetse ano go ka ja madi a le mantsi. Tiragalo e le nngwe ya go tlhaselwa ke malwetse a a bakiwang ke ditshenekegi kwa bophirima jwa India ka 1994, e ne ya ama ikonomi ya naga eo le ya lefatshe lotlhe mme seo sa dira gore di latlhegelwe ke madi a le mantsi thata. Go ya ka World Health Organization (WHO), dinaga tse di humanegileng thata mo lefatsheng ga di kitla di kgona go tlhabolola ikonomi ya tsone go fitlha mathata ao a botsogo a kgona go laolwa.

Kafa Ditshenekegi di re Lwatsang ka Gone

Go na le ditsela di le pedi tse ditshenekegi di anamisang malwetse ka tsone. Ya ntlha ke ka go anamisa megare e e kgomaretseng mo mebeleng ya tsone. Encyclopædia Britannica e bolela jaana: Fela jaaka batho ba kgona go tsenya leswe mo ntlong ka ditlhako tsa bone, “dintshi tse di tsenang mo ntlong di ka rwala megare e e seng kana ka sepe ka maoto a tsone, e fa e le mentsi thata e ka kgonang go lwatsa motho.” Ka sekai, dintshi di kgomarelwa ke leswe la mantle di bo di le fetisetsa mo dijong kgotsa mo senōng fa di kotama mo go sone. Batho ba tsenwa ke malwetse a a ntseng jalo a a koafatsang, a a bolayang a a jaaka letshoroma, letshololo tota le cholera. Gape, dintshi di anamisa bolwetse jo bo foufatsang jwa trachoma—e leng jone jo bo di gogang kwa pele mo go foufatseng batho mo lefatsheng. Bolwetse jwa trachoma bo ka foufatsa motho ka go senya letha la leitlho—karolo e e phatsimang ya leitlho e e fa pele ga thaka ya lone. Mo lefatsheng lotlhe, batho ba ka nna 500 000 000 ba tshwerwe ke kgogodi eno.

Mafele a a ratang leswe, le one go belaelwa gore a anamisa malwetse ka megare e e kgomaretseng mo mebeleng ya one. Mo godimo ga moo, baitse ba golaganya bothata jo bo neng jwa gola bosheng jaana jwa go thibana ga batho mafatlha, segolo jang mo baneng, le dialeji tse di bakwang ke mafele. Ka sekai, akanya ka Ashley, yo o nang le dingwaga di le 15, yo o feditseng masigo a le mantsi a sa kgone go hema sentle ka ntlha ya go thibana mafatlha. E ne ya re fa ngaka e tloga e reetsa makgwafo a gagwe, ga wa lefele mo hempeng ya gagwe mme la taboga go kgabaganya tafole e a neng a mo tlhatlhobela mo go yone.

Malwetse A a Mo Teng ga Tsone

Gape, ditshenekegi di ka anamisa malwetse fa di na le megare, dibaketeria kgotsa diparasaete mo teng ga mebele ya tsone, mme di fetisetsa malwetse ao mo bathong ka tsela e nngwe gape, e leng ka go ba loma kgotsa ka ditsela tse dingwe. Go na le diperesente di le mmalwanyana fela tsa ditshenekegi tse di fetisetsang malwetse mo bathong ka tsela eno. Ka sekai, le fa go na le mefuta e le diketekete ya menang, menang ya mofuta wa Anopheles ke yone e anamisang malaria—e leng bolwetse jo bo kotsi thata jo bo tshwaetsang (jo bo gaisiwang fela ke jwa lehuba).

Le fa go ntse jalo, go na le menang e mengwe e e anamisang malwetse a a farologaneng. WHO e bega jaana: “Mo ditshenekeging tsotlhe tse di anamisang malwetse, monang ke one o o kotsi go di feta tsotlhe, o o anamisang malaria, bolwetse jwa dengue le letshoroma le lesetlha, e leng malwetse a a bolaileng dimilione di le mmalwa le go lwatsa batho ba le dimilione di le makgolo ngwaga le ngwaga.” Mo e ka nnang diperesente di le 40 tsa baagi ba lefatshe, di mo kotsing ya go tshwarwa ke malaria, mme diperesente di le 40 ke bolwetse jwa dengue. Mo mafelong a le mantsi, motho a ka tsenwa ke malwetse ano ka bobedi.

Gone ke boammaaruri gore menang ga se tsone fela ditshenekegi tse di rwalang malwetse mo teng ga tsone. Di Tsetse fly di anamisa megare e e bakang bolwetse jwa go tshwarwa ke letshoroma, go roroma le go ota jo bo tshwarang batho ba le makgolokgolo le go dira gore ba palelwe ke go lema masimo a bone. Dintshi tse dintsho di foufaditse Baafrika ba le 400 000 ka go anamisa mogare o o ba foufatsang e re ka ba nna gaufi le dinoka tse di nnang mo go tsone. Ntshi e e tlwaelegileng fela e anamisa mogare o o bakang bolwetse jwa leishmaniasis, e leng malwetse a a golafatsang e bile gantsi e le a a kotsi a gone jaanong a tshwereng batho ba le dimilione, ba dingwaga tsotlhe mo lefatsheng lotlhe. Ntshi e e fitlhelwang gongwe le gongwe e na le dibokwana, e ka baka bolwetse jo bo ka rurutshang motho boboko, bolwetse jwa tularemia le malwetse a leroborobo—mme gantsi e amanngwa le bolwetse jwa Black Death jo mo dingwageng di le thataro fela bo bolaileng nngwetharong ya baagi ba Yuropa mo Metlheng ya Bogare.

Dinta, dibokwana le dikgofa di ka baka mefuta e e farologaneng ya bolwetse jwa typhus, mo godimo ga malwetse a mangwe a di a bakang. Dikgofa tse di fitlhelwang mo dinageng tse di nang le maemo a a itekanetseng sentle a bosa mo lefatsheng lotlhe di ka anamisa bolwetse jo bo kotsi jwa Lyme—e leng bolwetse jo bo anamisiwang thata ke ditshenekegi kwa United States le kwa Yuropa. Patlisiso e e neng ya dirwa kwa Sweden e ne ya bontsha gore dinonyane tse di fudugang di ka tsamaya dikilometara di le dintsi di rwele dikgofa, mme tsa tlisa malwetse a di a rweleng mo mafelong a masha. Britannica e bolela jaana, “Dikgofa di rwala malwetse a le mantsi thata a di a tsenyang batho go feta ditshenekegi tse dingwe (mme di fetwa ke menang fela).” Tota e bile, kgofa e le nngwe e ka rwala megare e e bakang mefuta e le meraro e e farologaneng ya malwetse mme e ka a anamisa otlhe fela ka nako e le nngwe ka go loma motho gangwe fela!

Go “Gololesega” mo Malwetseng

Borasaense ba lemogile bosheng jaana ka ngwaga wa 1877 gore ditshenekegi di kgona go anamisa malwetse. Fa e sa le ka nako eo, go nnile le matsholo a le mantsi a go laola kgotsa go fedisa ditshenekegi tseno tse di anamisang malwetse. Ka 1939, go ne ga ba ga dirisiwa le sebolayaditshenekegi sa DDT, mme ka dingwaga tsa bo1960, bolwetse jo bo anamisiwang ke ditshenekegi bo ne bo sa tlhole bo tsenya boitekanelo jwa batho ba ba nnang kwa ntle ga Afrika mo kotsing. Ba ne ba se ka ba tlhola ba tlhoma mogopolo mo go laoleng ditshenekegi tseno tse di anamisang malwetse, mme ba ne ba alafa malwetse a tsone ka tiriso ya diokobatsi dingwe ba bo ba sa tlhole ba kgatlhegela go ithuta ka ditshenekegi tseno le mafelo a di nnang mo go one. Gape, ba ne ba tlhama melemo mengwe e mesha mme go ne go bonala e kete borasaense ba ne ba tla bona “molemo wa makgonatsotlhe” o o neng o ka alafa bolwetse bongwe le bongwe. Batho mo lefatsheng lotlhe ba ne ba “gololesegile” mo malwetseng a a tshwaetsang. Mme go ise go ye kae, kgololesego eo e ne e tla fela. Setlhogo se se latelang se tla tlotla gore e ne e tla fedisiwa ke eng.

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

Gone jaanong, motho a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 6 o tshwaeditswe ke bolwetse jo bo anamisiwang ke ditshenekegi

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Tshenekegi e e lomang mo molomong

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Dintshi tse di tsenang mo ntlong, di rwele megare e e bakang malwetse ka maoto a tsone

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Ditshenekegi di le dintsi di rwele malwetse mo teng ga tsone

Dintshi tse dintsho di foufatsa batho ba ba nnang gaufi le metsi a di nnang mo go one

Menang e anamisa malaria, bolwetse jwa “dengue” le letshoroma le le setlha

Dinta di ka anamisa bolwetse jwa “typhus”

Ntshi e e fitlhelwang gongwe le gongwe e anamisa bolwetse jo bo rurutshang boboko le malwetse a mangwe

Di Tsetse fly di anamisa megare e e bakang bolwetse jwa go tshwarwa ke letshoroma, go roroma le go ota

[Metswedi ya Ditshwantsho]

WHO/TDR/LSTM

CDC/James D. Gathany

CDC/Dr. Dennis D. Juranek

CDC/Janice Carr

WHO/TDR/Fisher

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 20]

Clemson University - USDA Cooperative Extension Slide Series, www.insectimages.org