Nka Kgona Jang go Lebana le Dikgwetlho Tsa go Godisiwa ke Batsadi ba e Seng ba Me?
Basha ba Botsa Jaana . . .
Nka Kgona Jang go Lebana le Dikgwetlho Tsa go Godisiwa ke Batsadi ba e Seng ba Me?
“Ga ke itse sepesepe ka batsadi ba me ba ba ntsetseng, mme seo se nkutlwisa botlhoko thata.”—Barbara, wa dingwaga di le 16.
“Ga ke itse gotlhelele gore ke tsholetswe kae kgotsa gore batsadi ba me ke bomang. Ka dinako tse dingwe ke fetsa bosigo jotlhe ke akanya ka kgang eno.”—Matt, wa dingwaga di le 9.
“Fa ke omana le batsadi ba me ba ba nkgodisang, ke akanya gore gongwe batsadi ba me ‘ba ba ntsetseng’ bone ba ne ba tla ntlhaloganya. Ga ke rate go dira jalo, mme ga ke ise ke ba bolelele gore ke ka fa ke akanyang ka teng.”—Quintana, wa dingwaga di le 16.
GA GO pelaelo gore o nna le mathata fa o godisitswe ke batsadi ba e seng ba gago. Basha ba le bantsi ba na le mathata a go nna le maikutlo a a tlhalositsweng fa godimo. Ba le bantsi ba ipotsa gore a ba batlisise gore batsadi ba ba ba tsetseng ke bomang, kgotsa gore a ba ne ba tla itumela fa ba ka bo ba nna le bone. Mme ano ga se one fela mathata a ba nang le one.
Mo setlhogong se se fetileng se se buang ka kgang eno, re tlotlile ka dilo di le mmalwa tse di sa siamang tse basha ba ba godisitsweng ke batsadi ba e seng ba bone ba nang le go di akanya. * Go botlhokwa go tila dikakanyo tse di ntseng jalo tse di ba kgobang marapo gore ba kgone go itumela mo botshelong e re ka e le bana ba ba godisiwang ke batsadi ba e seng ba bone. Ke mathata afe a mangwe a a ka nnang a tsoga, mme o ka tsaya dikgato dife tse di mosola tsa go lebana le one?
A ke Batsadi Ba me Ba “Mmatota”?
Jake yo o nang le dingwaga di le 13 a re o ne a tlhola a ipotsa gore mmaagwe yo o mo tsetseng ke mang. Seno se ne sa dira gore a nne le mathata mangwe ka batsadi ba gagwe ba ba neng ba mo
godisa. O gakologelwa jaana: “Fa ke galefile thata ke ne ke tle ke mo reye ke re, ‘ga o mmè—ga o ka ke wa mpateletsa go dira jalo!’”Jaaka fa re ka bona fano, Jake o ne a tshwaragane le go batla karabo ya potso ya gore: Mmaagwe wa “mmatota” ke mang? Fa o godisitswe ke batsadi ba e seng ba gago, o ka tswa o na le bothata jo bo tshwanang, segolobogolo fa o iphitlhela o ipotsa gore a batsadi ba gago ba ba go tsetseng ba ne ba tla go tshwara ka tsela e e botoka go feta bano ba ba go godisang. Mme a kgang ya gore motho o go tsetse ke yone fela e ka dirang gore motho a nne motsadi wa gago wa “mmatota”?
Mmè yo o neng a ikgodisetsa Jake o ne a sa akanye jalo. Jake o ne a re: “Mmè yo o nkgodisang o ne a tlhola a re, ‘Ee ke nna mmaago wa mmatota. Le fa o na le mmaago yo o go tsetseng, ke nna mmaago wa mmatota jaanong.’” Fa batsadi ba itseela ngwana gore a tle go nna le bone, ba mo otle ba bo ba mo godise, ba mo neye dilo tse a di tlhokang, ba nna batsadi ba gagwe ba mmatota. (1 Timotheo 5:8) Ga go pelaelo gore eno ke tsela e molao o lebang dilo ka yone mo lefelong le o nnang mo go lone. Mme Modimo ene o leba kgang eno jang?
A ko o akanye ka kgang nngwe e e itsegeng thata mo hisitoring, ya ngwana yo o neng a godisiwa ke batsadi ba e seng ba gagwe—e leng kgang ya ga Jesu Keresete. Josefa wa mmetli e ne e se rraagwe Jesu wa mmatota, lefa go ntse jalo, o ne a itseela ngwana yono gore e nne wa gagwe. (Mathaio 1:24, 25) Fa Jesu a ntse a gola, a o ne a tsuologela bolaodi jwa ga Josefa? Go na le gore a tsuologe, Jesu o ne a tlhaloganya gore Modimo o ne a batla gore a ikobele rraagwe yo o neng a mo godisa. Jesu o ne a itse sentle molao o Jehofa a neng a o neile bana ba Baiseraele. E ne e le molao ofe oo?
Tlotla Rraago le Mmaago
Dikwalo di raya basha di re: “Tlotla rrago le mmago.” (Duteronome 5:16) Lefoko le le reng “tlotla” gantsi le dirisiwa mo Baebeleng go raya go tseela motho kwa godimo le go akanyetsa tsela e a ikutlwang ka yone. O ka bontsha gore o tlotla batsadi ba molao o ba letlang go go godisa ka go nna pelonomi mo go bone, go tlotla boemo jwa bone, go reetsa maikutlo a bone le go iketleeletsa go dira sepe fela se ba go kopang gore o se dire.
Go tweng fa ka dinako tse dingwe batsadi ba gago ba ba go godisang ba go kopa go dira dilo dingwe tse e keteng ga di utlwale? Ga go pelaelo gore seo se tla direga. Batsadi botlhe ga ba a itekanela e ka tswa e le ba ba go godisang kgotsa ba ba go tsetseng. Diphoso tsa bone di ka nna tsa dira gore go se ka ga nna motlhofo gore o ba ikobele. Mme ga go gakgamatse fa ka dinako tseo o simolola go amanya seo le go bo o godisiwa ke batsadi ba e seng ba gago, o bo o ipotsa gore a tota o tshwanetse go ba utlwa. A mme tota go tshwanetse ga nna jalo?
Go akanya ka boemo jo Jesu a neng a le mo go jone go ka nna ga go thusa. Gakologelwa gore o ne a itekanetse. (Bahebera 4:15; 1 Petere 2:22) Mme rraagwe yo o neng a mo godisa mmogo le mmaagwe yo o mo tsetseng, ba ne ba sa itekanela. Ga go pelaelo gore go na le dinako dingwe tse Jesu a neng a tle a bone gore batsadi ba gagwe ba ne ba le phoso. A o ne a tsuologela botlhogo jo bo sa itekanelang jwa ga Josefa kgotsa diphoso tse di neng di dirwa ke Marea mmaagwe fa a mo laya? Nnyaa. Baebele e re bolelela gore fa Jesu a ntse a gola, o ne “a tswelela a le mo taolong” ya batsadi ba gagwe.—Luke 2:51.
Jaanong fa go na le mathata fa gare ga gago le batsadi ba ba go godisang, o ka nna wa akanya gore ke bone ba leng phoso. Le fa go ntse jalo, o tshwanetse wa lemoga gore le wena ga o a itekanela. Ka jalo go a kgonega gore e nne wena yo o leng phoso. Go sa kgathalesege seo sotlhe, a ga go molemo gore o latele sekao sa ga Jesu? (1 Petere 2:21) Go dira jalo go tla go thusa go nna kutlo. Mme go na le lebaka lengwe le legolo la gore o ikobele batsadi ba gago.
Baebele ya re: “Lona bana, utlwang batsadi ba lona mo go sengwe le sengwe, gonne seno se itumedisa thata mo Moreneng.” (Bakolosa 3:20) Ee, go nna kutlo go itumedisa Rraago yo o kwa legodimong. (Diane 27:11) Mme o batla gore o ithute go nna kutlo ka gonne o batla gore le wena o itumele. Lefoko la gagwe le kgothaletsa basha go nna kutlo, mme le oketsa jaana, “gore dilo di go tsamaele sentle le gore o tle o tshele nako e telele mo lefatsheng.”—Baefeso 6:3.
Go Nonotsha Kamano ya Gago le Batsadi Ba ba Go Godisang
Go nna le kamano e e molemo le batsadi ba gago ba ba go godisang, go akaretsa se se fetang fela go ba tlotla le go ba utlwa. Ga go pelaelo gore o batla go tshela mo legaeng le le nang le boitumelo le lorato. Batsadi ba ba go godisang ba na le boikarabelo jwa go dira gore o nne le legae le le ntseng jalo. Mme le wena o ka nna le seabe se se botlhokwa mo go direng jalo. Jang?
Santlha, batla ditsela tse di ka dirang gore o atamalane le batsadi ba gago. Ba kope gore ba go tlotlele ka botshelo jwa bone le dilo tse ba di ratang. Kopa kgakololo ya bone fa o na le mathata mangwe a a go tshwenyang mme o tlhophe nako ya fa ba iketlile e Diane 20:5) Sa bobedi, batla ditsela tse o ka dirang gore go nne le tirisanommogo mo lelapeng jaaka, go ba thusa ka ditiro tsa mo gae kwantle ga gore ba go kope go dira jalo.
bile ba ka kgona go go reetsa. (Mme go tweng ka batsadi ba ba go tsetseng? Fa o swetsa ka gore o batla go ba batla kgotsa bone ba swetsa ka gore ba batla go go batla, a seo se tla fedisa kamano e o nang le yone le batsadi ba ba go godisang? Mo nakong e e fetileng mekgatlho e e abelang batho bana gore ba ba ikgodisetse, e ne e tlhola e gana go ntsha tshedimosetso mo batsading ba ba batlang go itse gore ngwana wa bone o kwa kae kgotsa go bolelela ngwana gore batsadi ba gagwe ba kae. Gompieno, melao e fetogile mo dinageng dingwe mme bana ba ba godisiwang ke batsadi ba e seng ba bone, ba ile ba kopanngwa le batsadi ba bone ba ba ba tsetseng bao ba sa ba gopoleng gotlhelele. Ke boammaaruri gore gongwe mo lefelong la gaeno melao eno ga e dire.
Le fa go ntse jalo, ke wena o tla itirelang tshwetso ya gore a o tla batla batsadi ba gago ba ba go tsetseng e bile seo se ka nna sa se ka sa nna motlhofo. Kgang eno e tlhakatlhakanya basha ba le bantsi ba ba godisiwang ke batsadi ba e seng ba bone maikutlo. Bangwe ba eletsa go bona batsadi ba bone ba ba ba tsetseng; fa ba bangwe ba sa ikemisetsa go dira jalo. Le fa go ntse jalo, o ka tlhomamisega gore basha ba le bantsi ba ba godisiwang ke batsadi ba e seng ba bone ba ne ba kopanngwa le batsadi ba bone ba ba ba tsetseng mme seno ga se a ka sa senya kamano e ba nang le yone le batsadi ba ba ba godisang.
Kopa kgakololo mo batsading ba gago ba ba go godisang gongwe le mo ditsaleng tsa gago tse di godileng mo phuthegong ya Bokeresete. (Diane 15:22) Sekaseka ka kelotlhoko gore o batla go dira eng mme o fetise nakonyana pele o tsaya kgato ka seo. Jaaka Diane 14:15 e bolela, “yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.”
Fa o swetsa ka gore o batla go kopana le batsadi ba gago ba ba go tsetseng, leka go tlhomamisetsa batsadi ba gago ba ba go godisang gore o tla nna o ba rata e bile o ba tlotla. Ka tsela eo, fa o ntse o tlwaelana le batsadi ba gago ba ba go tsetseng ba mo nakong e e fetileng ba neng ba go naya batsadi ba sele gore ba go godise, o tla kgona go boloka kamano e e nitameng le batsadi ba gago ba ba go godisitseng le ba ba go thapisitseng.
Nonotsha Kamano ya Gago le Rraago wa Selegodimo
Basha ba le bantsi ba ba godisitsweng ke batsadi ba e seng ba bone ba boifa gore ba ka nna ba latlhiwa. Ba tshwenngwa ke gore ba ka nna ba latlhegelwa ke batsadi ba bone ba ba ba godisang fela jaaka ba latlhegetswe ke batsadi ba bone ba ba ba tsetseng. Go a utlwala go bo ba ikutlwa jalo. Le fa go ntse jalo, gakologelwa mafoko ano a a botlhale: “Ga go na poifo mo loratong, mme lorato lo lo itekanetseng lo latlhela poifo kwa ntle.” (1 Johane 4:18) O se ka wa letla poifo e e sa siamang ya go latlhegelwa ke batho ba o ba ratang e go fekeetsa. Go na le moo, tlhagolela go rata ba bangwe go akaretsa le botlhe ba ba leng mo lelapeng. Mo godimo ga tsotlhe, nonotsha lerato la gago mo go Rraago wa selegodimo e leng Jehofa Modimo. O ikanyega ka botlalo e bile ga a ke a latlha bana ba gagwe ba ba ikanyegang. A ka okobatsa poifo e o nang le yone.—Bafilipi 4:6, 7.
Catrina yo o neng a godisiwa ke batsadi ba e seng ba gagwe, a re go bala Baebele go mo thusitse thata go atamalana le Modimo le go tshela botshelo jo bo itumetseng jo bo mosola. A re go atamalana gaufi thata le Jehofa “go botlhokwa thata ka gonne Rraarona wa selegodimo o itse ka fa re ikutlwang ka gone.” Temana e Catrina a e ratang thata ke Pesalema 27:10 e e reng: “Fa rre le mmè ba ne ba ka ntlogela, Jehofa o ne a tla ntshola.”
Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, tsweetswee kwala o romele leina la gago le aterese ya kwa o nnang teng go Basupi ba ga Jehofa, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 7 Bona setlhogo se se reng, “Ke ka Ntlha Yang fa ke Godisitswe ke Batsadi ba e Seng ba Me?” mo makasineng wa Tsogang! wa May 8, 2003.
[Setshwantsho mo go tsebe 32]
Batla ditsela tse di ka go thusang go atamalana le batsadi ba gago ba ba go godisang