Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Puso e e Tla Rotloetsang Mekgwa ya Bomodimo

Puso e e Tla Rotloetsang Mekgwa ya Bomodimo

Puso e e Tla Rotloetsang Mekgwa ya Bomodimo

AKO o akanye ka lefatshe le le busiwang ke puso e le nngwe fela, e busa batho ba ditso le dipuo tsotlhe. Akanya ka puso e e itsegeng ka go buelela mekgwa e mentle le ka go fedisa ntwa, letlhoo, bokebekwa, lehuma, kgotlelo, bolwetse le e leng loso!

O ka nna wa re, ‘Eo ke puso e e molemo tota mme e ka se nne teng.’ Mme gone e tlile go nna teng. Tota e bile go na le bosupi jo bo tlhomamisegileng jwa seo. Jesu Keresete o ne a solofetsa puso e e ntseng jalo. O ne a ruta balatedi ba gagwe go e rapelela: “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno: ‘Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.’”—Mathaio 6:9, 10.

Gongwe o tlwaelane le mafoko a thapelo eno, ka gonne batho ba le dimilionemilione mo lefatsheng lotlhe ba a e itse kgotsa ba kile ba utlwa ka yone. Mme a o kile wa akanya ka kelotlhoko gore tota mafoko ao a rayang? Ela tlhoko gore Bogosi joo bo amanngwa le go dirwa ga thato ya Modimo mo lefatsheng. Jaanong tota Bogosi Jwa Modimo ke eng? Mme thato ya Modimo ke eng ka lefatshe la rona?

Se Bogosi Jwa Modimo e Leng Sone

Tlhaloso e nngwe ya bogosi ke puso e e buswang ke kgosi. Bogosi Jwa Modimo ke tsela ya ga Jehofa Modimo ya go diragatsa bolaodi jwa gagwe jwa lefatshe lotlhe. Ke puso ya segosi e mo go yone go busang Morwawe Jesu Keresete. Thato ya Modimo ka lefatshe e tlhalosiwa jaana ka phepafalo mo go Pesalema 37:10, 11: “Mme mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo. Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”

Ka jalo, fa o ikutlwa o feletswe ke tsholofelo ka ntlha ya mekgwa ya batho ba lefatshe leno e e ntseng e senyegela pele, nametsega. Baebele e solofetsa gore go ise go ye kae, maemo a lefatshe le mekgwa ya batho di tla fetoga gotlhelele. Tsholofelo ya gore Bogosi Jwa Modimo bo tla tloga bo busa lefatshe gore bo tsosolose mekgwa ya bomodimo ke tsholofelo e e tlhomamisegileng.

Go ithuta go ikanya ditsholofetso tsa Bogosi Jwa Modimo go tla dira gore re ikutlwe re sireletsegile fela thata. Akanya ka dilo tse di tla diregang mo pusong eo ya Bogosi: “Tlang, lona batho, lo bone ditiro tsa ga Jehofa, kafa a beileng ditiragalo tse di akabatsang ka teng mo lefatsheng. O dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.” (Pesalema 46:8, 9) A bo eno e le tsholofetso e e molemo jang ne ya kagiso le polokesego!

Mo boporofeting jo bo buang ka Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo e bong Jesu Keresete, Pesalema 72:12-14 ya re: “Gonne o tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong, mme madi a bone a tla nna tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe.”

Mekgwa e e Rotloediwang ke Baebele

Akanya ka mekgwa mengwe e e rotloediwang ke Baebele: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) O mongwe ke o o reng: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”—Diane 3:5, 6

Gape, Baebele e ruta gore rotlhe re tla ikarabelela ka mekgwa e re tlhophang go tshela ka yone. Akanya ka Moreri 11:9: “Ipele wena lekau, mo bosheng jwa gago, mme a pelo ya gago e go itumedise mo malatsing a bokau jwa gago, o tsamaye mo ditseleng tsa pelo ya gago le mo dilong tse di bonwang ke matlho a gago. Mme o itse gore Modimo wa boammaaruri o tla go tlisa katlholong ka ntlha ya tseno tsotlhe.” Go ikarabelela ka dilo tse re di dirang go tlhalosiwa ka tlhamalalo mo go Diane 2:21, 22: “Gonne bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.”

E re ka re na le tsholofelo eno e e kgothatsang ya puso ya tshiamo, a bo go le mosola jang ne gore re nne le kamano e e atamalaneng le Modimo! Go tsalana le ba bangwe ba le bone ba eletsang go nna babusiwa ba Bogosi Jwa Modimo, go tla re thusa gore re tshele ka tsela e e tla dirang gore re busiwe ke Bogosi jwa gagwe jo bo galalelang le go bona matswela a a molemo a mekgwa e mentle e Bogosi jono bo e rotloetsang.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ba ba pelonolo ba tla “rua lefatshe” mme “ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—PESALEMA 37:11.