Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Serapa sa Diphologolo sa Nairobi—Lefelo le Diphologolo di Itsamaelang ka Kgololesego Fela mo go Lone

Serapa sa Diphologolo sa Nairobi—Lefelo le Diphologolo di Itsamaelang ka Kgololesego Fela mo go Lone

Serapa sa Diphologolo sa Nairobi—Lefelo le Diphologolo di Itsamaelang ka Kgololesego Fela mo go Lone

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA KENYA

KE METSOTSO e le masome a mararo morago ga ura ya borataro mo mosong. Letsatsi le le ntshang nko kafa botlhaba le tshwana le sebenya sengwe sa gauta se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo se se nang le phatsimo e e gakgamatsang. E re ka e le tshimologo ya letsatsi le lengwe, marang a letsatsi leno a sutlhelela fa fensetereng ya dikago tse di goletseng kwa godimo tsa diofisi, a dira gore go nne le mmala o montle wa gouta kafa teng ga tsone. Go na le sengwe se se kgatlhang se se diregang gaufi le diofisi tseno.

Tau e e iphitlhileng mo bojannyeng jo bogolo e feditse nakonyana e ntse e nanarela phala e e fulang gaufi le yone. Fa phologotswana eno e utlwa gore e gomagomelwa ke kotsi, e le botsa phokoje mme tau e a e lelekisa. Di taboga ka lobelo lo logolo. Fa tau eno e ka atlega, e tlile go bolaya phologotswana eno e e tlhokileng lesego.

Go a kgatlha go bogela diphologolo di lelekisana jalo gangwe le gape letsatsi le letsatsi mo Serapeng sa Diphologolo sa Nairobi se se gaufi le motsemogolo wa Kenya e leng Nairobi. Diphologolo tse di leng koo di nna gaufi le batho. Aitsane, ka 1962, go ne ga bonwa tau e tsamayatsamaya ka fa ntle ga hotele nngwe e e itsegeng thata, gongwe e ne e batla go boela mo lefelong la yone le legolo le pele e neng e nna mo go lone. Go tlile jang gore diphologolo tseno tsa naga di tlhakanele lefelo leno la bonno le batho?

Go Simolotse ka Mathata

Go ne go se motlhofo go tlhoma serapa sa diphologolo mo lefelong leno. Go ne ga tshwanelwa ke gore go fenngwe dikgoreletsi di le mmalwa gore diphologolo di tle di kgone go ipelela legae la tsone le le sireletsegileng. Pele re tsena mo lekgolong la bo20 la dingwaga, diphologolo tseno di ne di itsamaela fela ka kgololesego mo mafelong a magolo a Afrika Botlhaba. Gantsi batho ba ne ba nna gaufi thata le diphologolo tsa naga mo mafelong ano, ba fudisa matsomane a bone gaufi thata le tsone. Aitsane, bangwe ba ne ba bile ba leba diphologolo dingwe jaaka diruiwa tse di tlotlegang!

Le fa go ntse jalo, batsomi ba bagolo ba diphologolo ba ne ba tla mo nageng eno, ba le bantsi ba bone ba ne ba batla go ikgapela dikgele di le dintsi ka moo ba neng ba ka kgona ka gone. Mongwe wa bone e ne e le Theodore Roosevelt yo o kileng a bo a le Poresidente wa United States, yo o neng a tla mo Kenya ka 1909 a tla go tsaya diphologolo le dimela dingwe gore a di ise kwa dimusiamong. O ne a tla a na le basikari ba le 600 ba mekgweleo le batsomi ba maemo a a kwa godimo, mme a bolaya diphologolo di feta 500 a bo a romela matlalo a tsone gae. Mo e ka nnang ka yone nako eo, go ne go na le motsomi yo mongwe gape yo o itsegeng thata, e bong Edward, Morwakgosi wa kwa Wales. Ditiro tsa bone di ne tsa dira gore batho ba bangwe le bone ba simolole go tsoma diphologolo. Ee, lerumo la tlhobolo le ne le le bonako e bile le ne le kgona go korola sentle go gaisa bora le lerumo tse di neng di dirisiwa ka nako eo.

Go felelediwa ga seporo se se itsegeng thata se se tswang Kenya go ya Uganda se se neng se bidiwa Lunatic Line ka nako eo, go ne ga dira gore batho ba simolole go nna mo lefelong lengwe gaufi le Nairobi, mme seno sa dira gore diphologolo di se ka tsa tlhola di kgona go itsamaela fela ka kgololesego mo nageng ya tsone. Ka jalo, go ne go lebega diphologolo tseno di le gaufi le go lelekwa mo lefelong la tsone.

Morago ga moo, mo dingwageng tsa bo1930, batho bangwe ba ne ba simolola go buelela diphologolo tseno. Archie Ritchie, motlhokomedi wa diphologolo ka nako eo, mmogo le Mervyn Cowie, motlhokomelamatlotlo, e ne e le bangwe ba bone. Ba ne ba tshwara dipokano ba bo ba dirisa makwalodikgang go kopa puso e e neng e dirile naga eno kolone go tlhoma serapa sa diphologolo se se neng se tla thusa go fokotsa—kgotsa go emisa—go bolawa ga diphologolo ka tsela e e feteletseng. Puso e ne e okaoka go dumalana le kakanyo eo. E ne e sa ikaelela go tlogela lefelo leno le le neng le le gaufi le go fetoga motsesetoropo o mogolo mo Afrika Botlhaba gore e nne la go tlhokomela dimela le diphologolo.

Maiteko a go sireletsa lefelo leno a ne a itaya sefololetse ka nako ya ntwa ya bobedi ya lefatshe fa masole a a neng a ikatisa a ne a senya lefelo le gone jaanong e leng serapa sa diphologolo. Diphologolo tseo le tsone di ne tsa bolawa mo ntweng eo. Go nna teng ga masole ka metlha mo lefelong leo go ne ga dira gore diphologolo di se ka tsa tlhola di tshaba batho, mme go ne go ka nna ga direga gore di simolole go tlhasela batho. Mme gore di se ka tsa ba tlhasela, diphologolo dingwe go akaretsa le tau e e neng e ratwa thata e namagadi e ba neng ba e bitsa Lulu mmogo le ditau tse dingwe tse e neng e di rata thata tse e neng e tsamaya mmogo le tsone, di ne tsa bolawa.

Le fa go ntse jalo, e re ka balaodi ba puso eo ba ne ba fetola maikutlo a bone ka kgang eno, dikgoreletsi di le dintsi di ne tsa fenngwa mme batho ba ba neng ba batla go sireletsa tikologo eno ba ne ba atlega. Kgabagare, morago ga lobaka lo loleele lwa go ngangisana ka kgang eno, Serapa sa Diphologolo sa Nairobi—e leng serapa sa ntlha se se ntseng jalo mo Afrika Botlhaba—se ne sa nna teng ka December 16, 1946, fa molaodi wa puso e e neng e dirile naga ya Kenya kolone ka nako eo e bong Philip Mitchell a ne a dumalana go saena setifikeiti sa go nna teng ga yone.

Lefelo le Lentle la Bojanala

Serapa sa Diphologolo sa Nairobi, sa kwa Afrika Botlhaba, se sennye thata fa se bapisiwa le dirapa tse dingwe tsa diphologolo. Go fopholediwa gore se bogolo jwa disekwerekilometara di le 117, mme kgoro ya sone e botlhe ba tsenang ka yone e kwa tlase ga dikilometara di le 10 go tswa toropong ya Nairobi. Le fa go ntse jalo, bogolo jono jwa sone ke jone jo bo dirang gore se itsege thata jaana. Ke mafelo a le mmalwa fela mo lefatsheng a mo go one bajanala ba kgonang go bona diphologolo sentle jaaka mo go leno—fa a bapisiwa le leno le le mo toropong e e tlhabologang ka bonako ya Nairobi le dikgwa tsa Afrika.

Bonnye jwa lone bo dira gore bajanala ba kgone go bona diphologolo tse dikgolo di le setlhopha se segolo, kwantle ga ditlou fela, go na le fa ba le kwa dirapeng tse dikgolo tsa diphologolo. Se na le mefuta e le 100 ya diphologolo tse di amusang le mefuta e feta 400 ya dinonyane. Serapa seno se gaufi le tsela e difofane di e dirisang fa di kotama kwa boemafofaneng jwa boditšhabatšhaba jwa Nairobi.

Mojanala mo Nairobi, a ka kgona go tswa mo hoteleng ya gagwe mo toropong, a ba a kgweetsa koloi a feta fa dikagong tse dintle tsa diofisi, mme mo metsotsong e se kae fela, a bo a goroga fa dipoeng tsa bogologolo, ditlhatshana le mo dikgweng. Fa o le mono, o kgona go bona ditau le diphologolo tse dingwe di tsoma. Go bogela diphologolo tseno tse di tsomang tse dingwe fa pele ga dikago tse di goletseng kwa godimo tsa toropo eno ga se selo se o ka se lebalang ka bonako.

Serapa seno se tletse ka diphologolo tsa naga tse di jaaka, dinare, mangau, matlotse, dithutlwa, dikgabo, ditshepe di le makgolokgolo le ditshukudu tse dintsho tse di sa tlwaelegang tse di leng gaufi le go nyelela. Bontsi jwa diphologolo tseno ke tse di se keng di fuduga. Mo setlheng sa komelelo sa February/March le ka August/September, o ka kgona go bona metlhape e megolo ya diphologolo tse di fudugang, jaaka dikgokong mo megobeng e mentsi ya serapa seno.

Mo megobeng mengwe, e e bidiwang megobe ya dikubu, ditlhopha tsa diphologolo tse di nonneng tseno di fetsa letsatsi lotlhe di inweditse mo teng ga metsi, mme di tswa mo go one bosigo di tla go fula. Gaufi le megobe eno, go dirilwe ditselana tse motho a ka tswang mo koloing a bo a tsamaya mo go tsone go iphokisa phefo. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko: Go ka nna kotsi thata go iphokisa phefo mo ditselaneng tseo, e re ka mengwe ya megobe eno e na le dikwena tse di ka tswang di bobile fa dintshing tsa yone mme di sa bonale! Go dira gore o se ka wa jewa ke dikwena tseno, go molemo gore o tsamaye o na le batlhokomedi ba ba katisitsweng sentle ba diphologolo.

Mo serapeng seno, go na le lenaane la mefuta e e itsegeng ya dinonyane. Go na le ntšhwe, e leng nonyane e kgolo go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng, e e boleele jwa dimetara di feta tse pedi. Kwa godimo mo loaping, go fofa lenong, e leng nonyane e gantsi batho ba sa e rateng, e e batlang phologolo e e suleng gore e e je. Nonyane e e maswe eno e botlhokwa mo tikologong ya serapa seno sa diphologolo ka gonne e tlosa nama epe e e bodileng e e ka tswang e na le megare e e ka nnang kotsi mo diphologolong tse dingwe.

Ka dinako tse dingwe, o ka nna wa bona nonyane e e bidiwang secretary (mokwaledi). E na le mafofa kafa morago ga ditsebe tsa yone a a tshwanang le dipene tsa bogologolo tse di neng di dirisiwa ke bakwaledi. E lebega e itlhaganetse ka dinako tsotlhe, e taboga go tswa mo lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe. Dinonyane tse dingwe di akaretsa di hammerkop, dikokolofute le bommamoleane.

Le fa serapa seno sa diphologolo se le sennye, se na le diphologolo di le dintsi le mafelo a mantle a tlhago. Kafa bophirima jwa sone, go na le sekgwa sa bogolo jwa diperesente di le 6, mme go na pula ya dimilimetara di le 700 go ya go di le 1 100 ka ngwaga. Mo sekgweng seno, motho a ka kgona go bona ditlhare di le dintsi tse di akaretsang tsa chestnut tse di golang kwa Kapa le tse dintle tse di bidiwang motsebi. Kafa karolong ya sone e e kafa botlhaba le e e kafa borwa, go na le dipoa tse dikgolo, mekgatšha le dithota, mme go na pula ya dimilimetara tse di magareng ga di le 500 le 700. Go na le bojang jo bo bidiwang red oat, ditlhare tsa naga tsa mokolane, ditlhare tse di bidiwang arrow-poison le mefuta e e farologaneng ya ditlhare tsa mokala tse fa di le mmogo di dirang gore tikologo yotlhe e lebege e le ntle.

Sengwe gape se se kgatlhang ke mafika a mantle a a ikadileng kafa matlhakoreng a mokgatšha a a fologelang kwa tlase dimetara di le 100. Go ka lapisa tota go a pagama mo bathong ba ba ratang go pagama mafika—kgotsa ba ba eletsang go a pagama!

Kotsi e Serapa Seno sa Diphologolo se Lebaneng le Yone

Mathata a le mantsi a a amanang le go sireletsa diphologolo tsa naga a bakwa ke motho. Go ise go ye kae, Serapa sa Diphologolo sa Nairobi se ka nna sa nyelela ka ntlha ya ‘ditlhabologo’ tse motho a di dirang. Toropo ya Nairobi, e e ntseng e gola ka ntlha ya go anama ga batho, e fokotsa lefelo le diphologolo di nnang mo go lone. Go fudugela ga batho ba le bantsi mo toropong eno go dira gore go tlhokege lefelo le le oketsegileng la bonno mme seno se dira gore diphologolo di sale di se na bonno. Diedi tse di tswang mo madirelong a a fa gaufi, le tsone di tsenya diphologolo tse di mo serapeng seno mo kotsing.

Selo sengwe sa botlhokwa se se dirang gore serapa seno se nne se ntse se le teng ke gore diphologolo tse di fudugang di nne le lefelo le di ka fudugelang kwa go lone. Dikarolo di le dintsi tsa serapa seno di kampeletswe ka legora go thibela diphologolo gore di se ka tsa tsena mo toropong. Go lengwa ga masimo a a ntseng a oketsega le go fudisa matsomane mo lefelong la diphologolo tseno, go tswala tselana e e kafa borwa e diphologolo tse di fudugang di neng di ka tswa ka yone. Go di tswalela gotlhelele go ka nna ga nna le diphelelo tse di kotsi. Diphologolo tse di tswang di ya go batla mafulo di ka nna tsa se ka tsa tlhola di kgona go boa! Go dira gore tselana eno e se ka ya tswalwa gotlhelele, ba Lephata la Diphologolo Tsa Naga Tsa Kenya, e leng setlhopha se se eteletseng pele mo go sirelediweng ga diphologolo tsa naga, ba rekile naga e e bapileng le serapa seno sa diphologolo. Go sa kgathalesege mathata ano, ngwaga le ngwaga, Serapa sa Diphologolo sa Nairobi se ngoka bajanala go tla go boga bontle jwa sone.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Thutlwa

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Lengau

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Dinonyane tsa mogolodi

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Kwena

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Tau

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Kokolofute

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Tshukudu e ntsho

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Ntšhwe