Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tila go Dirisa Puo e e Utlwisang ba Bangwe Botlhoko

Tila go Dirisa Puo e e Utlwisang ba Bangwe Botlhoko

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Tila go Dirisa Puo e e Utlwisang ba Bangwe Botlhoko

“Mo molomong o le mongwe go tswa tshegofatso le phutso. Ga go a tshwanela, bakaulengwe ba me, gore dilo tseno di tswelele di direga ka tsela eno.”—JAKOBE 3:10.

BOKGONI jwa go bua ke selo se se tlhomologileng se se re farologanyang le diphologolo. Ka maswabi, batho bangwe ga ba dirise tshiamelo eno sentle. Go dirisa puo ya matlhapa, puo e e sa bontsheng tlotlo, go dira metlae e e sa siamang ka ba bangwe le go dirisa puo e e leswe go ka ba utlwisa botlhoko—ka dinako tse dingwe go feta go utlwisa motho botlhoko mo mmeleng. Baebele e bolela jaana: “Go na le yo o buang a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka.”—Diane 12:18.

Batho ba le bantsi ba dirisa puo ya matlhapa gangwe le gape. Kwa dikolong go begwa gore go dirisa puo e e leswe ga bana go a gola. Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba bolela gore go dirisa puo e e utlwisang ba bangwe botlhoko go ka nna mosola fa motho a e dirisetsa go bontsha gore tota o ikutlwa jang. Moithuti mongwe wa saense ya dipolotiki o kwala jaana: “Go dirisa puo e e leswe e tshwanetse go nna sedirisiwa se se maatla e re ka puo e e itshiametseng fela yone e sa bontshe gore tota re a bo re ikutlwa jang.” A Bakeresete le bone ba tshwanetse go nna le maikutlo a a ntseng jalo ka puo e e leswe? Modimo o ikutlwa jang ka gone?

Ila Metlae e e Leswe

Puo ya matlhapa ga se selo se sesha. A o tla gakgamadiwa ke go itse gore batho ba ne ba dirisa puo ya matlhapa mo metlheng ya baaposetoloi, mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng? Ka sekai, go bonala bangwe mo phuthegong ya Bakolosa ba ne ba tlwaetse go dirisa puo ya matlhapa fa ba galefisitswe. Ba ka tswa ba ne ba dira jalo go tlhasela ba bangwe kgotsa go ba utlwisa botlhoko ka boomo gongwe e le tsela ya go ipusolosetsa. Ka tsela e e tshwanang, batho ba le bantsi gompieno ba dirisa puo ya matlhapa fa ba galefile thata. Ka jalo lekwalo le Paulo a neng a le kwalela Bakolosa le a tshwanela mo motlheng wa rona. Paulo o ne a kwala jaana: “Di tloseng tsotlhe mo go lona, tšhakgalo, bogale, bosula, puo ya go kgoba, le puo e e ferosang sebete e e tswang mo molomong wa lona.” (Bakolosa 3:8) Go phepafetse gore Bakeresete ba kgothalediwa go tila go tlala bogale le go dirisa puo ya matlhapa e gantsi e bakwang ke go galefa.

Ke boammaaruri gore ba bangwe ba dirisa puo ya matlhapa e se ka boikaelelo jwa go tlhasela ba bangwe kgotsa go ba utlwisa botlhoko. Ga go pelaelo gore gantsi batho ba dirisa puo ya matlhapa ba sa akanye. Ka jalo, go dirisa puo ya matlhapa e simolola e nna puo e ba e dirisang letsatsi le letsatsi. E bile bangwe ba go fitlhela go se motlhofo go bua ba sa dirise puo ya matlhapa. Gantsi batho ba dirisa puo ya matlhapa e le go tshegisa ba bangwe. Mme a metlae e e ntseng jalo e e leswe e tshwanetse go lejwa e le puo e e itshiametseng fela? Akanyetsa dintlha tse di latelang.

Metlae e e leswe ke puo e e leswe thata e e dirisediwang go kgatlha ba bangwe. Gompieno, metlae e e ntseng jalo e e leswe gantsi e a bo e amana le dilo tsa tlhakanelodikobo. Mme batho ba le bantsi ba ba itsayang e le batho ba ba tlotlegang, ba kgatlhwa ke puo e e ntseng jalo. (Baroma 1:28-32) Ga go gakgamatse he go bo badirametlae bangwe ba dibaesekopo gantsi ba bua thata ka tlhakanelodikobo e e tlwaelegileng le e e sa tlwaelegang. Metlae e e leswe e fitlhelwa mo difiliming di le dintsi, mo thelebisheneng le mo mananeong a radio.

Baebele e tlhagisa ka kgang eno ya go dira metlae e e leswe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Efeso jaana: “A kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe kgotsa bogagaru di se ka tsa ba tsa umakwa mo go lona, fela jaaka go tshwanela batho ba ba boitshepo; le fa e le boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong kgotsa puo ya boeleele kgotsa nyao e e ferosang sebete, dilo tse di sa tshwanelang.” (Baefeso 5:3, 4) Go phepafetse gore puo ya matlhapa, go sa kgathalesege boikaelelo jwa yone, e kgopisa Modimo. Ga e a siama. Ke puo e e utlwisang ba bangwe botlhoko.

Mafoko a a Botlhoko A a Sa Itumediseng Modimo

Ga go pelaelo gore puo e e utlwisang ba bangwe botlhoko e akaretsa se se fetang fela go dirisa puo ya matlhapa. Puo ya matlhapa, ya tshotlo le go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso ka tsela e e sa siamang go ka ba utlwisa botlhoko thata. Ke boammaaruri gore rotlhe re leofa ka loleme lwa rona, segolobogolo ka ntlha ya batho ba ba re dikologileng ba ba dirisang puo ya tshotlo le ba ba sebang. (Jakobe 3:2) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba a tshwanela go nna le maikutlo a a ntseng jalo ka puo ya go kgoba ba bangwe. Baebele e tlhalosa ka phepafalo gore Jehofa Modimo ga a rate puo yotlhe e e utlwisang ba bangwe botlhoko.

Ka sekai, mo bukeng ya Baebele ya Dikgosi wa Bobedi, re ithuta ka setlhopha sa basimane ba ba neng ba sotla moporofeti Elisha ka mafoko. Pego eo ya re, ba “simolola go mo sotla” mme “ba nna ba mo raya ba re: ‘Tlhatloga, wena yo o lefatla! Tlhatloga, wena yo o lefatla!’” Jehofa, yo o neng a kgona go bona dipelo tsa bana bano le go bona boikaelelo jwa bone jo bo bosula, o ne a tsaya tshotlo eno ya bone masisi. Pego eno ya re Modimo o ne a bolaya basimane bano ba ba 42 ka ntlha ya puo ya bone ya tshotlo.—2 Dikgosi 2:23, 24.

Baiseraele “ba ne ba nna ba sotla barongwa ba Modimo wa boammaaruri ba nyatsa mafoko a gagwe e bile ba sotla baporofeti ba gagwe, go fitlha tšararego ya ga Jehofa e tla mo bathong ba gagwe, go fitlha go se na phodiso.” (2 Ditiragalo 36:16) Lemororo Modimo a ne a galefisiwa thata ke go obamela medingwana ga batho ba gagwe, le tsela ya bone ya go tlhoka kutlo, go botlhokwa go ela tlhoko gore Baebele e umaka ka mo go kgethegileng go sotliwa ga baporofeti ba Modimo. Seno se bontsha ka phepafalo gore Modimo ga a rate boitshwaro jo bo ntseng jalo.

Ka jalo, Baebele e tlhagisa Bakeresete jaana: “O se ka wa tshwaya monna yo mogolwane phoso mo go botlhoko.” (1 Timotheo 5:1) Re ka dirisa molaomotheo ono fa re dirisana le ba bangwe. Baebele e re kgothaletsa go se ‘bue ope ka go mo utlwisa botlhoko, go se rate ntwa, go nna tekatekano, go bontsha bonolo jotlhe mo bathong botlhe.’—Tito 3:2.

Go Laola Dipounama Tsa Rona

Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra ikutlwa re palelwa ke go tila go tlhasela ba bangwe ka mafoko. Fa mongwe a re leofetse, re ka nna ra ikutlwa gore re tshwanetse go mo otlhaya ka go dirisa mafoko a a botlhoko a a sa siamang—gongwe ka tlhamalalo kgotsa ka go mmua maswe mo go ba bangwe. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba tshwanetse go tila go dira jalo. Diane 10:19 e bolela jaana: “Ga go nke go tlhokega tlolo mo mafokong a mantsi, mme yo o thibang dipounama tsa gagwe o dira ka botlhale.”

Baengele ba Modimo ba ne ba re tlhomela sekao se se molemo. Ba itse diphoso tsotlhe tse di dirwang ke batho. Le mororo baengele ba feta batho ka nonofo le maatla, ga ba latofatse batho ka go dirisa mafoko a go ba kgoba mme ga ba “dire jalo ka go bo ba tlotla Jehofa.” (2 Petere 2:11) Baengele ba laola dipounama tsa bone e re ka ba itse gore Modimo o itse diphoso tsa batho botlhe le gore o na le bokgoni jwa go baakanya dilo. Mikaele e leng moengele yo mogolo mo go ba bangwe botlhe, o ne a tila go dirisa mafoko a go kgoba le mo go Diabolo tota.—Jude 9.

Bakeresete ba leka ka natla go etsa baengele. Ba dirisa kgakololo ya Baebele e e reng: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. Nayang dilo tse di molemo mo ponong ya batho botlhe. Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe. Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa, mme thibogelang tšhakgalo; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Pusoloso ke ya me; ke tla duela, go bua Jehofa.’”—Baroma 12:17-19.

Le eleng tsela e re buang ka yone le modumo wa lentswe la rona di ka dira gore se re se buang se utlwise motho yo mongwe botlhoko. Go tlwaelegile gore banna le basadi ba bone ba utlwisane botlhoko ka go omana. Gantsi batsadi ba omanya bana ba bone. Le fa go ntse jalo, ga re tlhoke go omana fa re batla gore ba bangwe ba itse gore re ikutlwa jang. Baebele e kgothatsa jaana: “A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona.” (Baefeso 4:31) Gape, Baebele ya re “motlhanka wa Morena ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe.”—2 Timotheo 2:24.

Mafoko a a Fodisang

E re ka go kgoba le puo ya matlhapa di aname thata jaana gompieno, Bakeresete ba tshwanetse go nna le tsela ya go emelana le tlhotlheletso eno e e bosula. Baebele e re naya tsela e e molemo ya go dira jalo, e leng, ya go rata moagelani wa rona. (Mathaio 7:12; Luke 10:27) Go amega ka tsela ya mmatota ka moagelani wa rona le go mo rata go tla re tlhotlheletsa gore ka metlha re dirise mafoko a a fodisang. Baebele e bolela jaana: “A go se tswe lefoko le le bodileng mo molomong wa lona, fa e se lefoko le fa e le lefe le le molemo go aga kafa go tlhokegang ka gone, gore le tle le abele bautlwi se se rategang.”—Baefeso 4:29.

Gape, go jala Lefoko la Modimo mo megopolong ya rona go re thusa go tila go dirisa puo e e utlwisang ba bangwe botlhoko. Go bala Dikwalo Tse di Boitshepo le go tlhatlhanya ka tsone go tla re thusa go ‘latlha leswe lotlhe.’ (Jakobe 1:21) Ee, Lefoko la Modimo le ka fodisa megopolo ya rona.