Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Bakeresete ba Tshwanetse go Itetla go Tshereanngwa?

A Bakeresete ba Tshwanetse go Itetla go Tshereanngwa?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Bakeresete ba Tshwanetse go Itetla go Tshereanngwa?

“Go se ka ga fitlhelwa ope mo go wena yo o . . . dirisang lefoko la maselamose go kolopa ba bangwe.”—DUTERONOME 18:10, 11.

GO TSHEREANYA ga e bolo go nna kgang e go ngangisanwang le e go ganetsanwang ka yone. * Tota le bomankge ba go tshereanya batho ba palelwa ke go go tlhalosa. Gantsi go tshereanya go tlhalosiwa e le go nna mo maibing kgotsa go tsenwa ke moya. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba kgatlhegela thata se go tshereanya go kgonang go se dira go na le go itse gore ke eng.

Mo dingwageng tsa bosheng, go tlwaelegile mo dinageng dingwe gore dingaka di buelele go tshereanya e le mofuta mongwe wa kalafi. Ka sekai, makasine wa Psychology Today wa re: “Kalafi ya go tshereanya e ka fodisa tlhogo e e opang, ya fokotsa ditlhabi tsa pelegi, ya thusa motho go tlogela motsoko, ya dirisiwa mo boemong jwa melemo e e idibatsang le go tokafatsa tsela ya go ithuta—mme ga e na matswela a a sa siamang.” Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba le bantsi ba amanya go tshereanya le go dirisana le meya.

Kgopolo ya Baebele ke efe malebana le kgang eno? Gone ke boammaaruri gore Baebele ga se buka ya boitekanelo, mme e bile ga e bue ka kgang eno ya go tshereanya ka tlhamalalo. Mme gone melaometheo e e mo Lefokong la Modimo e ka re thusa go lemoga kafa Modimo a lebang kgang eno ka gone.

A go Tshereanya go Amana le go Dirisana le Meya?

A kgang ya gore go tshereanya go amana le go dirisana le meya ke selo fela se se itlhametsweng ke motho? Dikgangkhutshwe tse di seng boammaaruri tse di mo difiliming le mo dibukeng tsa marato di ka tswa di dirile gore go lebege jalo, mme gone go na le mabaka a a bontshang gore go tshereanya go amana le go dirisana le meya. Encyclopedia of Occultism and Parapsychology e bua jaana malebana le go tshereanya: “Hisitori ya go tshereanya e amana thata le go dirisana le meya.” Go tsenwa ke moya ga batho ba bodumedi go e sa bolong go nna karolo ya boloi le maselamose go ralala hisitori, gantsi go tsewa e le mofuta wa go tshereanya. Gape, baruti ba Egepeto le Gerika tsa bogologolo ba ne ba tshereanya batho fa ba ne ba leka go fodisa malwetse ba dirisa maina a medimo ya bone ya maaka.

Saetlopedia e e umakilweng fa godimo e bolela jaana: “Tota le gompieno go tshereanya go tsewa e le ‘Go dirisana le meya.’” Le fa go se motlhofo go lemoga gore mekgwa e e farologaneng ya go tshereanya e amana go le kana kang le go dirisana le meya, gone Modimo o kgala mekgwa yotlhe ya go dirisana le meya. (Duteronome 18:9-12; Tshenolo 21:8) Ka gone, Bakeresete ba ka se itlhokomolose dilo tse di amanang le go tshereanya tse go bonalang sentle gore ga di dumalane le Dikwalo.

Tsela e go Amang Boitshwaro ka Yone

Go tweng ka tsela e go tshereanya go amang mogopolo wa motho le boitshwaro jwa gagwe ka yone? A go na le dikotsi dingwe tse di amanang le gone? Selo se go amegilweng thata ka sone ke gore motho yo o tshereantsweng ga a kgone go laola tsela e a itshwarang ka yone. Batho ba ba tshereanyang ba bangwe mo seraleng sa bobogelo ba dirisa boemo jono, ba dira gore batho ba ba ba tshereantseng ba dire dilo tse gantsi ba neng ba se kitla ba di dira, tota le go dira gore ba lebege e kete ba tagilwe.

The Encyclopedia Americana e bolela jaana malebana le go tshereanngwa gono ga phatlalatsa: “Motho yo o tshereantsweng a ka dira le dilo tse di fitlhegileng tse a di laelwang ke motho yo a mo tshereantseng, e bile a ka nna a mo dirisa le dilo tse gantsi e leng ga tlholego fela gore motho a di dire, mme fa a ntse a tshereantswe jalo, a ka nna a ikutlwa e kete ga go na sepe se se thibelang tsela e a itshwarang ka yone.” Collier’s Encyclopedia e bolela jaana: “Motho yo o tshereantsweng o tlhoma mogopolo mo go se a kgonang go se dira a sa kgorelediwe ke sepe, e leng se se dirang gore a reetse ka kelotlhoko a bo a dire dilo tse motho yo o mo tshereantseng a mo laelang gore a di dire.”

A seno ga se kotsi? A go tla bo go le botlhale gore Mokeresete wa boammaaruri a letlelele batho ba ba tshereanyang gore ba laole mogopolo wa gagwe ka go mo dirisa dilo tse bone ba batlang a di dira? Seno se tla bo se sa dumalane le kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo ka maatla a lona a go akanya. Mme tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.”—Baroma 12:1, 2.

A Mokeresete a ka ‘nna le segakolodi se se siameng,’ fa a itetla go bewa mo boemong jo mo go jone a ka se kgoneng go laola ka botlalo mogopolo wa gagwe kgotsa dilo tse a di eletsang kgotsa le eleng ditiro tsa gagwe? (1 Petere 3:16) Baebele e gakolola jaana: “Mongwe le mongwe wa lona a itse kafa a ka tsholang sejana sa gagwe ka gone se le boitshepo e bile se tlotlega.” (1 Bathesalonika 4:4) Go bonala sentle gore go tshereanngwa go tla kgoreletsa motho go latela kgakololo eno.

Tsholofelo ya Botsogo jo bo Itekanetseng

Ka ntlha ya melaometheo ya Baebele e e umakilweng fa godimo, Basupi ba ga Jehofa ba gana mekgwa e e amanang le go tshereanngwa. Ba latela molao o o mo go Duteronome 18:10, 11: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope yo o . . . dirisang lefoko la maselamose go kolopa ba bangwe.” Go na le mefuta e le mentsi ya kalafi e batho ba ba lwalang ba ka e dirisang e e sa amaneng le go dirisana le meya kgotsa go letla batho ba bangwe gore ba laole mogopolo wa gago.

Fa Bakeresete ba gana go dira dilo tse di sa dumalaneng le melaometheo ya Baebele, ba ka nna le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Modimo le lesha la tshiamo. Ka nako eo, batho botlhe ba tla itumelela botsogo jo bo itekanetseng mo mmeleng le mo tlhaloganyong kwantle ga gore ba tshereanngwe.—Tshenolo 21:3, 4.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Go tshereanya go tlhalosiwa e le “boemo jo mo go jone motho a tsenngwang mo maibing ke yo mongwe, mme a kgone go gakologelwa dilo tsa bogologolo kgotsa tse di neng di lebetswe, go bona dipono le go laolwa mogopolo ke motho yo a mo tshereantseng.”—The American Heritage Dictionary.