Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Go Na le Tharabololo ya Mmatota?

A Go Na le Tharabololo ya Mmatota?

A Go Na le Tharabololo ya Mmatota?

GO LEBEGA bokebekwa e le selo se se tlileng go nnela ruri mo lefatsheng gompieno. Le fa gone badirediloago, mapodise le batho ba ba thapiseditsweng tiro ya go fetola botshelo jwa dikebekwa ba leka ka natla go thusa, lefatshe le ntse le nna kotsi le go feta. A go na le tharabololo?

Baebele e bontsha gore go tloga go nna le phetogo e kgolo. Phetogo eno ga e kitla e tlisiwa ke dipuso tsa batho. Babusi botlhe ba a palelwa, le fa mekgele ya bone e ka tswa e le kwa godimo go le kana kang. Tota ga ba na maatla le tsela e ba ka e dirisang go fedisa bokebekwa kgotsa go tlhoma tsamaiso e e babalesegileng e e tla nnelang ruri.

Phetogo e Baebele e buang ka yone e tla tlisiwa ke Mmopi wa rona. E re ka e le Modiri wa lobopo, o na le maatla le tshwanelo ya go dira se batho ba ka se kang ba kgona go se dira. Baebele e mo tlhalosa e le “Yo o dirang gore badiredi ba bagolo ba se tlhole e le sepe, yo o dirileng gore baatlhodi ba lefatshe ba nne selo se e seng sa mmatota . . . , le ka go bo a na le nonofo e kgolo.” (Isaia 40:23-26) Ke diphetogo dife tse Modimo a di solofetsang, mme di re thusa jang gore re nne le tsholofelo ya mmatota ya lefatshe le le botoka?

Pesalema 37:10 e re bolelela ka tsholofetso eno ya Modimo: “Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme [moikepi] o tla bo a seyo.” Modimo o ikaeletse go fedisa botlhe ba ba dirang boikepo ka boomo mme ba sa batle go fetoga. Le fa go ntse jalo, ga a kitla a senya batho botlhe. Mopesalema o solofetsa botlhe ba ba iketleeleditseng go nna pelonomi, go ikokobetsa le go nna kagiso jaana: “Solofela mo go Jehofa mme o boloke tsela ya gagwe, mme o tla go godisa gore o rue lefatshe. Fa baikepi ba kgaolwa, o tla bona seo.” Fa baikepi ba sena go senngwa, batho ba ba setseng ba tla itumelela ‘letlotlo la kagiso’—lefatshe le le se nang mofuta ope wa bokebekwa.—Pesalema 37:11, 34.

Batho ba Tlhoka go Fetola Mogopolo le Pelo

Bothata jwa bokebekwa ga bo ka ke jwa rarabololelwa ruri ka gore baikepi ba fedisiwe le gore go sale batho ba ba siameng fela mo lefatsheng. Gantsi batho ba dira bokebekwa ka go bo megopolo ya bone le dipelo tsa bone di sa thapisiwa sentle. Le fa go ntse jalo, seno ke sone se se tla supang gore puso ya Modimo ga e tshwane le dipuso tse dingwe. Batho ba tla newa thuto e e tla ba thusang gore ba rate go dira tshiamo. Isaia 54:13 ya re: “Mme bomorwao botlhe e tla nna batho ba ba rutiwang ke Jehofa, mme kagiso ya bomorwao e tla nna kgolo.”

Matswela a seno ruri e tla nna a a kgotsofatsang! Baebele e bua ka tsela ya tshwantshetso ka diphetogo tse di tla dirwang ke batho ba ba kileng ba bo ba na le mekgwa e e tshwanang le ya dibatana. Ya re: “Phiri e tla nna nakonyana le kwanyana e tonanyana, mme lengau le tla botha le potsane, le namane le tawana e e seriri le phologolo e e fepilweng sentle tsotlhe di tla nna mmogo.” Ka ntlha yang? “Ka gonne lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” (Isaia 11:6, 9) Le fa go ntse jalo, wena le ba lelapa la gago ga lo tlhoke go letela isagwe gore lo bone diphetogo tse di ntseng jalo di direga. Ka ntlha yang?

O ka Solegelwa Molemo Gone Jaanong

Go na le batho ba gone jaanong ba dirang diphetogo tse di tlhokegang gore ba ipaakanyetse lefatshe le le se nang bokebekwa. Ba setse ba simolotse go apara botho jo bosha, botho jo Modimo a bo batlang mo bathong ba ba tla tshelang mo lefatsheng la gagwe le lesha. (2 Petere 3:13) Ba dira seno ka go dirisa melaometheo ya Baebele mo matshelong a bone. Utlwa gore Baebele e tlhalosa seno jang ka tsela e e kgatlhang: “Lo dirwe basha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa lona, le gore lo apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.”—Baefeso 4:23, 24.

Bakolosa 3:12-14 e tlhalosa go ya pele ka dinonofo tse di siameng tse batho ba le bantsi ba dipelo tse di ikanyegang ba lekang go nna le tsone gone jaanong. Ya re: “Jaaka ba ba tlhophilweng ba Modimo, ba ba boitshepo le ba ba ratwang, aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele. Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo. Mme, mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”

A o ka rata go thusiwa gore o apare botho jo bosha jwa Bokeresete? Dimilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe ba setse ba dira jalo ba thusiwa ke Basupi ba ga Jehofa. Tota le batho ba e kileng ya bo e le dikebekwa ba ithutile go rata kagiso kwa dipokanong tse di tshwarwang ka metlha kwa Holong ya Bogosi, le kwa dikopanong tse dikgolo. * Fa e le gore o ka rata go solegelwa molemo ke thulaganyo eo e e molemo ya go ithuta Baebele, o se ka wa okaoka go ikgolaganya le bagatisi ba makasine ono. Ba tla itumelela go go thusa go nna mongwe wa batho ba gone jaanong ba ipaakanyetsang go tshela mo lefatsheng la Modimo le le se nang bokebekwa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Bona dikai tsa seno mo makasineng wa Tsogang! ya May 8, 2001, ditsebe 8-10.

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Batho ba le dimilione di le dintsi ba amogela thuto e e tla ba thusang go tshela mo lefatsheng le le se nang bokebekwa