Bokebekwa—Ke Eng fa bo Etegela?
Bokebekwa—Ke Eng fa bo Etegela?
FRANK le Gabriella ba ne ba ntse ba itsamaela ba iketlile fa lotshitshing lwa Oregon, kwa United States of America go sa le mo mosong, ba lebile tlhabo ya letsatsi. Go ne go se sepe se se ba lemotshang gore go tla tloga go direga eng. Metsotso e le mmalwa moragonyana, boobabedi ke fa ba setse ba sule, ba thuntshitswe ke mongwe mo ditlhogong a le gaufi thata le bone. A motho yono o ne a ipusolosetsa? Kgotsa a o ne a fufega? Nnyaa, le eseng. Monna yono yo o neng a tshotse tlhobolo, yo Frank le Gabriella ba neng ba sa mo itse, o ne a diragaditse maikaelelo a gagwe—o ne a batla go utlwa gore go ntse jang go bolaya mongwe.
“Ka Sontaga, April 28, 1996, batho ba dinaga tsa Botlhaba ba ne ba gapiwa mogopolo ke Martin Bryant fa a ne a dira sengwe se a neng a ijesa monate ka sone. O ne a ijesa monate ka go thuntsha mongwe le mongwe yo a neng a kopana le ene fa a ntse a tsamaya go ralala Port Arthur, kwa Tasmania, mme seo se ne sa mo itumedisa thata sa bo sa dira gore a ikutlwe a na le maatla.” (A Study of Our Decline, ka Philip Atkinson) Gape o ne a bolaya batho ba le 35!
Motho mongwe wa dingwaga tse 65 yo o rotseng tiro wa kwa Canada o ne a ntse a itsamaela ka baesekele ya gagwe mo mosong. Fa a ntse a le mo tseleng, o ne a thulwa ke mongwe ka koloi go tswa ka fa morago, a bo a mo tlogela gore a swe. Koloi eo e ne ya goga baesekele ya gagwe sekgala sa dimitara di le 700 mo tseleng eo. Kwa tshimologong go ne go akanngwa gore mongwe o mo thutse a bo a sia, mme fa dipatlisiso di ntse di tsweletse go ne ga lemogiwa gore o ne a thutswe ka koloi e e utswilweng, e mokgweetsi wa yone a neng a ijesa monate ka go kgweetsa botlhaswa. Go bonala mokgweetsi wa koloi eno a ne a mo thulela “monate fela.”
A ke Mofuta o Mosha wa Bokebekwa?
Bokebekwa ga bo bolo go nna teng ka makgolokgolo a dingwaga, le fa go ntse jalo, mefuta ya bokebekwa e e umakilweng fa godimo e dira gore batho ba ipotse jaana: “Ke eng fa batho ba dira dilo tseno? Tota ke eng se se dirang gore motho a akanye go dira selo se se ntseng jalo?” Le fa batho ba le bantsi ba sa gakgamadiwe ke bokebekwa jo bo tlwaelegileng jo bo tshwanang le go utswa kgotsa go tsietsa, go na le dilo dingwe tse batho ba di dirang tse di gakgamatsang babegadikgang le go dira gore batho ba bue jaana, ‘Seno ke go tlhoka tlhaloganyo! Go diregang ka lefatshe leno?’
Ditiro tseno tsa bokebekwa ga di tshwane. Gantsi di garola pelo e bile di setlhogo thata. Fela jaaka go bontshitswe mo dikaing tse di fa godimo, gantsi bokebekwa jono bo dirwa mo bathong ba ba se nang molato e bile ba sa itsane ka gope le batho ba ba dirang dilo tseno mo go bone. Mo godimo ga moo, gantsi go bonala bokebekwa jono bo dirwa kwantle ga mabaka. Ditiro tseno tse di supang go tlhoka tlhaloganyo di ntse di oketsega.
Ka April 1999, kwa Colorado, kwa United States of America, baithuti ba babedi ba ne ba bolaya baithuti ba le 12 le morutabana ka go ba thuntsha kwa sekolong, go tswa foo ba bo ba ipolaya. Monna mongwe o
ne a swa kwa California ka 1982 fa a sena go nwa molemo mongwe o a neng a o rekile mo lebenkeleng o mongwe a neng a o tsentse seedi se se botlhole se se bidiwang strychnine. Ka 1993, basimane bangwe ba babedi ba dingwaga tse di lesome ba ne ba ngwega ka James Bulger wa dingwaga tse pedi go tswa mo lefelong la mabenkele kwa Bootle, Merseyside, kwa Engelane, fa mmaagwe a sa ntse a le mo lebenkeleng le le rekisang nama. Ba ne ba mo isa kwa seporong sa terena mme ba mmolaya ka go mo rutha ka molamu.Ditiro dingwe tsa bokebekwa di ka tsewa e le tsa borukhutlhi, jaaka fa batho ba ne ba bolawa ka gase e e botlhole kwa Tokyo ka 1995. Batho ba kwa Japane ba ne ba garoga dipelo fa maloko a lekoko lengwe le le kotsi a ne a bulela gase e e botlhole mo seteisheneng sa terena sa ka fa tlase ga lefatshe kwa Tokyo, e e neng ya bolaya batho ba le 12 le go gobatsa ba le diketekete. Ga go motlhofo go lebala tiragalo ya go senngwa ga dikago tsa World Trade Centre kwa New York le ya go tlhaselwa ga dikago tsa Pentagon kwa Washington, D.C., tse mo go tsone go neng ga swa batho ba ka nna 3 000, e bile batho ba ka se lebale se se neng sa direga ngogola kwa Bali, Indonesia, fa bomo e ne e bolaya batho ba le 200.
Go phepafetse gore bokebekwa jo bo ntseng jalo bo aname gotlhe. Bothata jono bo mo lefatsheng lotlhe, mme bo ama ditšhaba di le dintsi le ditlhopha tsa batho.
Ka dinako tse dingwe go lebega e kete batho ba ba dirang dilo tseno ba a gaisana, ba leka go bona gore ke mang yo o ka dirang bokebekwa jo bo maswe go gaisa ba bangwe. Mo godimo ga moo, bokebekwa jo bo dirwang ka ntlha ya letlhoo bo ntse bo oketsega. Bokebekwa jono bo dirwa ka tsela e e setlhogo thata mo bathong ba go tweng “bothata” jwa bone ke gore ke ba lotso, bodumedi kana setšhaba se sengwe—fela jaaka go ne ga direga ka 1994 kwa Rwanda kwa go neng ga bolawa Batutsi ba ka nna 800 000.
Dilo tseno tsotlhe di dira gore batho ba le bantsi ba ipotse jaana: ‘Tota go diregang? A go ne go ntse jaana mo nakong e e fetileng? Ke eng se se ka tswang se baka bokebekwa jo bo boitshegang jaana? A go na le tsholofelo ya gore bokebekwa jono jo bo setlhogo bo ka fokodiwa kgotsa jwa fedisiwa? Ditlhogo tse di latelang di tla araba dipotso tseno le tse dingwe.
[Mafoko a a mo go tsebe 4]
Gantsi bokebekwa bo diragalela mongwe le mongwe fela e bile e le kwantle ga lebaka