Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikgwa Tsa Pula—A re Ka di Dirisa Kwantle Ga go Di Senya?

Dikgwa Tsa Pula—A re Ka di Dirisa Kwantle Ga go Di Senya?

Dikgwa Tsa Pula—A re Ka di Dirisa Kwantle Ga go Di Senya?

AO AKANYA gore madirelo a a remang dikgwa a na le tetla ya go senya dikgwa tsa lefatshe tsa pula tsa boboatsatsi? O ka nna wa se ka wa dumalana le kgang eno! Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba ba ithutang tikologo ba ka nna ba bolela gore batho ba ba reng ga ba dumalane le kgang eo ba dumalana le yone ka gonne ba reka difanitšhara tse di dirilweng ka magong a mantle le a a rategang a ditlhare tsa boboatsatsi a a tswang mo dikgweng tsa pula go na le go a reka kwa dipolantasing tse balemi ba ijalelang ditlhare mo go tsone.

Batho ba le bantsi ba tsaya go rema ditlhare gore go rekisiwe dikota tsa tsone go tshwana le go senya dikgwa gotlhelele. Mme gone ke boammaaruri gore dikgwa di le dintsi di senngwa ka go rengwa ga ditlhare. Le fa go ntse jalo, go bolelwa gore dikgwa tse dingwe di ntse di rengwa mme di sa senngwe thata. Fa ditlhare di ntse di rengwa, a dikgwa tsa pula tsa boboatsatsi le ditshedi tse di nnang mo go tsone di ka kgona go sireletsega? Sa ntlha, mma re sekasekeng go bona kafa go rema ditlhare go ka senyang dikgwa ka gone.

Kafa go Rema Ditlhare go ka Senyang Dikgwa le Diphologolo Tse Di mo Go Tsone ka Gone

Tsela nngwe e seno se diregang ka yone ke eno: Diterekere tse dikgolo di bula ditsela mo sekgweng. Go ise go ye kae, baremi ba ditlhare ba tla bo ba setse ba tsene mo tirong ba dirisa disaga tse di nang le meno a a bogale. Khampani e e remang ditlhare e newa tetla ya go rema ditlhare mo nakong e khutshwanyane fela, ka jalo badiri ba laelwa gore ba reme ditlhare tsotlhe tse di botlhokwa tse ba tla di dirisang. Fa ditlhare tseno tse di batliwang di ntse di wa, di senya ditlhare tse di bapileng le tsone tse di ithateletseng ka tsone. Morago ga moo, diterekere tse dikgolo tseno di sutlhelela mo sekgweng se se kitlaneng go tla go ntsha dikota tse di remilweng, mme di papiela mmu go fitlha o sa tlhole o na le mosola ope.

Badiri ba dikhampani tse di remang ditlhare ba ja nama e ntsi go feta baagi ba motse wa bone. Ba tsoma diphologolo mo sekgweng; mme gantsi ba bolaya di le dintsi go feta kafa go tlhokegang ka gone. Ditsela tse baremi ba ditlhare ba di tlogetseng di butswe di bula tsela e e tsenang mo mafelong a go neng go sa kgonege go tsena mo go one pele. Mme ka ntlha ya ditsela tseo, batsomi ba kgona go tsena mo sekgweng ka dikoloi le ditlhobolo ba bo ba bolaya diphologolo dipe fela tse di ka tswang di setse. Batho ba ba tshwarang diphologolo ka diru ba tshwara diphologotswana le dinonyane gore ba di rekise. Morago ga moo go tla batho ba le diketekete ba ba se nang magae ba tla go leka botshelo mo lefelong le lesha le le bulegileng. Mekgwa ya bone ya go lema ka go rema ditlhare pele ba bo ba di fisa e nyeletsa ditlhare tsotlhe tse di setseng, mme seno se dira gore mmu o mosesanyane o o fa godimo o gogolwe ke dipula tse di maatla.

Ka go dira jalo, sekgwa sotlhe se tlogelwa se se na botshelo. Go rema ditlhare e ne e le kgato ya ntlha fela ya go senya sekgwa. Mme a go rema ditlhare mo dikgweng tsa pula tsa boboatsatsi go tshwanetse ga baka tshenyo e e kalo?

Go Rema Ditlhare ka Tsela E e Sa Senyeng Tikologo

Mo dingwageng tsa bosheng jaana batho ba ile ba boa gape ba kgatlhegela mokgwa o o dirisiwang wa go rema ditlhare ka tsela e e sa senyeng tikologo. Boikaelelo jwa seno ke go rema ditlhare ka tsela e e se kitlang e senya sekgwa le diphologolo tse di mo go sone. Sekgwa se tla boa gape se gola ka iketlo, mme ditlhare tsa sone di ka nna tsa boa tsa rengwa gape masome a dingwaga moragonyana. E re ka bagwebi bangwe ba gatelelwa ke ba tsa tshireletso ya dikgwa, ba itsise batho phatlalatsa gore ditlhare tse ba di remang di tswa mo dikgweng tse go tlhomamisitsweng gore di laolwa sentle. A re ko re tlhatlhobeng kafa mokgwa o o dirisiwang wa go rema ditlhare ka tsela e e sa senyeng tikologo o dirang ka gone.

Radikgwa wa porofeshenale le setlhopha sa batho ba ba mo thusang ba bula tsela gore ba kgone go ralala sekgwa. Ke bangwe ba ditlhopha di le mmalwa tse di tla nnang gongwe dikgwedi di le thataro mo sekgweng se se kitlaneng, ba tlhatlhoba gore sekgwa se na le mefuta efe ya ditlhare. Khampani e e remang ditlhare e na le laesense ya lobaka lo loleele ya go rema ditlhare koo, ka jalo badiri ba na le nako ya go bala ditlhare gore ba di sireletse gore di kgone go dirisiwa mo isagweng.

Rasekgwa yono o tshwaya setlhare sengwe le sengwe ka nomoro a bo a bontsha gore ke sa mofuta ofe. Go na le mefuta e le makgolokgolo ya ditlhare, ka jalo o tshwanetse a bo a na le kitso e e rileng ka tsone. Le fa go ntse jalo, kgato e e latelang e e tla tsewang e tlhoka botegeniki jwa segompieno.

Rasekgwa yono, a dirisa motšhine o o tshwarwang ka seatla o o golaganang le disatalaete tsa Global Positioning System o kwala bogolo jwa setlhare, mofuta wa sone le nomoro ya sone mo khomputareng. Mme fa a sena go tobetsa konopo, dintlha tseo tse di kaga setlhare seo, go akaretsa le fa se leng teng, di romelwa ka bonako kwa khomputareng e e kwa toropong nngwe e e kgakala e e tlhanaselang.

Kwa morago, manejara wa sekgwa o gatisa mmapa o o nang le tshedimosetso e e bontshang setlhare sengwe le sengwe se se botlhokwa mo sekgweng ka khomputara. O tlhopha gore ke ditlhare dife tse di ka rengwang go ya ka ditao tsa puso. Fa go na le mefuta e le mentsi ya ditlhare, o letleletswe go rema diperesente di le 50 fela tsa ditlhare tsa bogolo jo bo rileng go ya ka se go dumalanweng ka sone. Ditlhare tse di nang le dingwaga di le dintsi le tse di godileng sentle di tshwanetse tsa tlogelwa di sa rengwa gore e nne tse di ntshang peo.

Le fa go ntse jalo, o ka rema ditlhare jang kwantle ga go senya sekgwa? Tsogang! e ne ya botsa Roberto potso eo, rasekgwa yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng. O tlhalositse jaana: “Selo sa botlhokwa ke go nna le mmapa. Ka mmapa wa ditlhare, re kgona go rulaganya go rema ditlhare re sa senye sekgwa go le kalo. Tota le tsela e setlhare se wang ka yone fa se remiwa e ka rulaganngwa ka tsela e e tla dirang gore se se ka sa senya ditlhare tse dingwe.

“Re kgona gape go rulaganya go ntsha dikota ka metšhine e e nang le dikgole, go na le gore re dirise diterekere tse dikgolo go bula tsela ya gore re kgone go ya kwa ditlhareng tse di remilweng. Pele ga baremi ba ditlhare ba di rema, ba kgaola ditlhatsana tse di ithathelelang ka tse dingwe, tse di dirang gore ditlhare tse di remiwang di tshwaragane le tse dingwe tse di fa gaufi le tsone—ka go dira jalo re dira gore ditlhare tse dingwe di se ka tsa senyega. Re rema ditlhare mo re letleletsweng go rema gone ka thulaganyo, ngwaga le ngwaga re rema karolo nngwe re bo e tshwaya gore re se ka ra boela gape kwa go yone go fitlhela go fetile dingwaga di le 20. Mo dikgaolong dingwe tsa sekgwa, re fetisa dingwaga tse 30.”

Le fa go ntse jalo, Roberto o hirilwe ke khampani e e remang ditlhare. Ka jalo, Tsogang! e ne ya mmotsa jaana: “Batho ba ba remang ditlhare ba rata go sireletsa diphologolo go le kana kang?”

Go Sireletsa Diphologolo

Roberto o bolela jaana: “O ka se ka wa nna le sekgwa se se golang sentle fa go se na diphologolo. Di botlhokwa thata gore di fetise peo go tswa mo semeleng se sengwe go ya kwa go se sengwe le go phatlalatsa peo. Re dira boiteko bongwe le bongwe jwa gore re se ka ra tshwenya diphologolo tsa naga. Ka sekai, re rulaganya ka kelotlhoko gore ditsela tse go tsamaiwang ka tsone di se nne dintsi thata e bile di katogane. Gongwe le gongwe kwa go kgonegang teng, re dira ditsela tseno ditshesane gore dikala tsa ditlhare di kgone go kopana kwa godimo. Seno se dira gore diphologolo tse di tshwanang le bokgabo di kgone go kgabaganya tsela kwantle ga go fologa ditlhare.”

Roberto o supa mafelo mangwe mo mmapeng wa gagwe a a nang le mmala. Mafelo ano one a tshwanetse go tlogelwa fela. Ka sekai, sebata sa lefatshe se se mo matlhakoreng otlhe a molatswana se dira gore diphologolo di kgone go tsamaya mo matlhakoreng otlhe a dibata tseno kwantle ga mathata.

O tlhalosa jaana: “Mo godimo ga go sireletsa mafelo a a botlhokwa thata a a fa thoko ga melatswana, re sireletsa gape le magaga, mafika, ditlhare tsa bogologolo, ditlhare tse di ungwang maungo a a monate—tota lefelo lepe fela le mefuta e e rileng ya ditshedi e le tlhokang gore e tswelele pele e tshela. E le gore bathapiwa ba rona ba se ka ba tsoma diphologolo dipe ba sa newa tetla ke molao, ga re ba letlelele go nna le ditlhobolo, mme re dirisa sefofane go ba isetsa nama ya kgomo le ya koko kwa dikampeng tse di dirilweng ka dikgong gore ba se ka ba tlhoka nama ya diphologolo tsa naga. Morago ga moo, fa re setse re feditse karolo nngwe, re tswala ditsela kgotsa re di laola ka kelotlhoko go thibela batsomi kgotsa batho ba ba remang dikgong e se kafa molaong go tsena mo sekgweng.

“Nna ka bonna, ke itumelela go dira seno sotlhe ka gonne ke dumela mo go sireletseng popo ya Modimo. Mo e batlang e le dikgato tsotlhe tse ke di tlhalositseng ke tse di batliwang mo dinageng tsotlhe gore sekgwa e nne se se tlhokometsweng le se se laolwang sentle. Gore khampani e nne le setefikeite, e tshwanetse go bontsha batlhatlhobi ba ba tswang kwa mekgatlhong ya boditšhabatšhaba gore e fitlhelela dipatlafalo tseno.”

A dikgwa tse di tlhokomelwang sentle di tsenya lotseno? Kwantle ga batho ba le mmalwa fela ba ba tlhagafetseng jaaka Roberto, baremi ba dikgong ka kakaretso ga ba rate thulaganyo eno ya go sireletsa diphologolo tse di nnang mo sekgweng. Gantsi dithibelo tse di ntseng jalo ba di leba e le dilo tse di dirang gore ba se ka ba nna le lotseno.

Le fa go ntse jalo, dipatlisiso tse di dirilweng kwa botlhaba jwa Amazonia mo bofelong jwa dingwaga tsa bo1990 di ne tsa bontsha gore go ne ga bolokwa madi a mantsi fa go ne go dirwa mmapa wa ditlhare, go kgaolwa ditlhare tse di ithathelelang ka tse dingwe e bile go kumolwa ditlhare ka tsela e e rulagantsweng sentle, ka gonne tiro e ne e dirwa ka manontlhotlho. Ka sekai, ga re a ka ra latlhegelwa ke dikota di le dintsi mo go kalo. Gantsi, fa go sena mmapa, setlhopha sa batho ba ba sagang ditlhare se tla kgaola setlhare se setlhopha se se ntshang ditlhare se se kitlang se se bona mo sekgweng se se kitlaneng.

Gape, go nna motlhofo go rekisa dikota tse di tshwailweng ke batlhatlhobi gore di tswa kwa sekgweng se se tlhokometsweng sentle. A mme tota go rema ditlhare ka tsela e e sa senyeng tikologo go sireletsa mefuta e e farologaneng ya ditshedi? Ke diphologolo di le kae tsa naga tse di falolang fa ditlhare di rengwa mo sekgweng se se ratwang ke pula?

A Diphologolo Tsa Naga di ka Falola fa go Rengwa Ditlhare?

Gone ke boammaaruri gore botshelo jwa dikgwa tsa pula tsa boboatsatsi bo raraane e bile bo kgona go senyega motlhofo. Le fa go ntse jalo, ditshedi tsa teng di kgona go emelana le maemo mangwe a a rileng. Ka sekai, fa go na le dikgwa dingwe tse go sa remiwang ditlhare mo go tsone gaufi le sekgwa se go remilweng ditlhare mo go sone, ditlhatsana tsa ditlhare tse di remiwang di tla gola ka iketlo gore di emisetse ditlhare tse di remilweng. Mme go tweng ka diphologolo, dinonyane le ditshenekegi?

Go rema ditlhare go senya mefuta e le mmalwa ya ditshedi e bile go fokotsa palo ya mefuta e e farologaneng ya dinonyane le diphologolo mo kgaolong eo. Le fa go ntse jalo, gantsi go rema ditlhare ka tsela e e se kitlang e senya tikologo gone ga go kotsi go le kalo mo ditsheding di le dintsi. Tota e bile, go bulega ga diphatlha kwa dithulelong tsa ditlhare mo sekgweng go thusa ditshedi dingwe gore di gole. Dipatlisiso tsa bosheng jaana di bontshitse gore go nna gone ga batho mo dikgweng dingwe—tota le fa bangwe ba bone ba isitswe ke go ya go rema ditlhare dingwe—go ka thusa go oketsa mefuta e e farologaneng ya ditshedi mo dikgweng tsa pula.

Ka jalo, go a bonala gore go a kgonega go rema ditlhare mo dikgweng tsa pula tsa boboatsatsi kwantle ga go senya mefuta e e farologaneng ya ditshedi tse di mo dikgweng tseno. Makasine wa Lontone wa Economist o ne wa re: “Go setse diperesente di le 10 fela tsa dikgwa tse di tlhokometsweng sentle, tse di ka kgonang go naya batho dikota tsa boboatsatsi tse ba di tlhokang. Ka jalo, go ka twe bontsi jwa dikgwa tsa boboatsatsi ga di a tshwanelwa go rengwa.”

Sekai sa go sireletsa sekgwa ka tsela e e feletseng ke se go builweng ka sone mo setlhogong se se fetileng. Ramiro o a se sireletsa ka gonne baitsesaense ba bone mefuta ya ditshedi e e leng mo kotsing ya go nyelela. Dikgwa tse di ntseng jalo tse di kitlaneng ga di dintsi mme di na le mefuta e le mentsi ya ditshedi. Ramiro o tlhalosa jaana: “Go ithuta dilo tse dintsi mo sekgweng seno ke gone go dirileng gore ke se sireletse. E rile fela fa baagi ba sena go lemoga gore metsi a ba a nwang a tswa mo sekgweng seno, ba ne ba simolola ba batla go se sireletsa.”

Ramiro o oketsa jaana: “Bajanala ba ba etelang dikgwa tseno gore ba di sireletse le bone ba thusa thata ka gonne ba kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa ba tshwanetse go sireletsa ditlhare tse di farologaneng le dimela tse ba di bonang. Ba tlogela sekgwa seno ba se anaanela thata e bile ba anaanela le diphologolo tsa sone.”

Sekai sa ga Ramiro le Roberto se bontsha gore go a kgonega gore batho ba dirise dikgwa tsa pula tsa boboatsatsi le diphologolo tsa naga kwantle ga go di senya. Le fa go ntse jalo, le fa seno se kgonega, ga go reye gore batho ba tla kgona dira jalo. Batho bangwe gompieno ba tlhomamisa gore dikota tsa boboatsatsi tse ba di rekang di tswa kwa sekgweng se se kafa molaong le se se tlhokomelwang sentle. Le fa go ntse jalo, ba bangwe bone ga ba kgone go tlhomamisa jalo. Ka jalo, a maiteko a a dirwang go sireletsa le go boloka dikgwa a tla thusa go boloka mefuta e e farologaneng ya ditshedi tse di mo dikgweng tseno?

[Dimmapa mo go tsebe 23]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

BOLIVIA

Mmapa o o kafa mojeng o ntsha dintlha ka setlhare sengwe le sengwe; jaaka fa ditshwantsho tse di fa godimo di bontsha, mmapa ono o bontsha karolonyana e nnye fela ya Bolivia

[Motswedi wa Setshwantsho]

All maps except top left: Aserradero San Martin S.R.L., Bolivia

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Setlhare sengwe le sengwe se kwalwa nomoro ya sone go bo go tlhomamisiwa gore ke sa mofuta ofe. Morago ga moo, go kwalwa fa fatshe kwa se leng gone go dirisiwa sedirisiwa sa Global Positioning System (se se fa godimo)

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

‘Go nna le mmapa o o bontshang ditlhare tse di leng teng mo dikgweng go thusa thata fa o batla go rema ditlhare mo sekgweng ka tsela e e rulagantsweng sentle mme o sa senye sekgwa seo kgotsa diphologolo tse di mo go sone.’—Roberto

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

“Go ithuta dilo tse dintsi mo sekgweng seno ke gone go dirileng gore ke se sireletse.”—Ramiro

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

Foto: Zoo de Baños