Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Lebana Jang le Masetlapelo fa a Tlhaga?

Nka Lebana Jang le Masetlapelo fa a Tlhaga?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Lebana Jang le Masetlapelo fa a Tlhaga?

“Ke ka ntlha yang fa dirukhutlhi di bolaile mmè?”—Kevin. *

“[Pele ga September 11] ke ne ke rata dithanele. Gone jaanong ke ipona ke swela mo thaneleng ka gonne bomo e thunyeditse mo go yone.”—Peter.

MMAAGWE Kevin o ne a bolawa fa go ne go tlhaselwa World Trade Center ka September 11, kwa New York City. Peter ene ga a ka a diragalelwa ke se se diragaletseng Kevin, mme gone o ne a sa ntse a amilwe thata ke ditiragalo tsa letsatsi leo.

Pego nngwe ya dikgang ya re: “Diketekete tsa bana ba ba nnang kwa New York ba tshwenngwa ke mathata a tlhaloganyo a a bakilweng ke [ditlhaselo tsa] September 11, e leng mathata a bontsi jwa bone ba tla golang ba na le one.” Matshwao a a tshosang a go tshwenyega mo maikutlong “a bana ba ba neng ba se gaufi le dikago tsa World Trade Center fa di ne di tlhaselwa ba neng ba na le one a ne a tshwana fela le a bana ba ba neng ba iponela ditlhaselo tseno ka matlho.” *

Motho a ka nna le mathata a tlhaloganyo a a tshwanang le ano fa a tlhagetswe ke masetlapelo a mangwe a a tshwanang le go bolawa ga batho ka go ithuntsha ka dibomo go go neng ga direga kwa Iseraele le go thuntsha fela go sa tlhophiwe ope. Moitse mongwe wa diphelelo tsa go utlwisiwa botlhoko o ne a bolela jaana ka go thuntshiwa mo go ntseng jalo: “Le fa [bana] ba nna bokgakala jwa dimaele di le 2 000 le lefelo le dithuntshano di diragetseng mo go lone, ditiragalo tseno di sa ntse di ka dira gore [ba] tlhobaele thata.”

Ke ka ntlha yang fa go le jalo? Ke ka gonne fa go nna le ditiragalo tsa masetlapelo, basha ba bona kgaso ya tsone ka tlhamalalo mo metsweding ya dikgang. Gangwe le gape metswedi eno ya dikgang e bontsha ditshwantsho tse di tshosang tsa dibomo tse di thuntshiwang ke dirukhutlhi, go dirisiwa ga ditlhobolo kwa dikolong le dikotsi tsa masetlapelo a tlholego mme seo se dira gore go nne thata gore basha ba le bantsi ba lebale ditshwantsho tseo. Ka jalo ga go gakgamatse go bo patlisiso e e neng ya direlwa Lekgotla la Thuto la kwa New York City e ne ya senola jaana: “Dikgwedi di le thataro morago ga go phutlhama ga dikago tsa World Trade Center, baithuti ba dikolo ba le diperesente di le 76 mo go ba le 8 266 ba ne ba sa ntse ba akanya gantsi ka ditlhaselo tseo tsa dirukhutlhi.”

Re tshela mo motlheng o Baebele e o bitsang “dinako tse di boitshegang.” (2 Timotheo 3:1-5, New International Version) O ka kgona jang go lebana le masetlapelo fa a go tlhagela? *

Lebaka La go Bo Dilo Tse di Botlhoko di Diragala

Tsela nngwe e e ka go thusang gore o se ka wa fekeediwa ke kutlobotlhoko ke go kurusa ‘bokgoni jwa gago jwa go akanya.’ (2 Petere 3:1) Leka go leba dilo ka tsela e e siameng kafa Modimo a di lebang ka yone. Ka sekai, o ka nna wa tlhoka go ikgakolola gore masetlapelo a le mantsi a diragala ka ntlha ya “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) Jesu Keresete o ne a neela sekai sa seno fa a ne a bua ka go phutlhama ga tora ya Siloame. Batho ba motse oo ba le 18 ba ne ba swa mo kotsing eo ya masetlapelo. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhalosa sentle gore batho bao ba ba suleng ba ne ba sa otlhaiwe ke Modimo. Ba ne ba swa ka gonne go ne go diregile gore ba bo ba le mo lefelong le le sa tshwanelang ka nako e e sa tshwanelang. (Luke 13:1-5) Go tlhatlhanya ka kgang eno go tla go thusa gore o lebe ditiragalo tsa masetlapelo ka tsela e e tshwanetseng.

Gape go akanya ka tsela e e tshwanetseng go tla go thusa gore o se ka wa “galefela Jehofa ka boene” le go mo pega molato ka ditiragalo tseno tse di botlhoko. (Diane 19:3) Go na le go re utlwisa botlhoko, Jehofa ke “Modimo wa kgomotso yotlhe.” (2 Bakorintha 1:3) Fa re tlhagelwa ke masetlapelo, re tshwanetse go atamalana gaufi thata le ene—go na le go mo katoga re galefile. Tlhatlhanya ka mafoko a Baebele a a mo go Jakobe 1:13 a a reng: “Fa mongwe a le mo tekong, a a se ka a re: ‘Ke lekwa ke Modimo.’ Gonne Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” *

Tiragalo ya masetlapelo e e diragetseng makgolo a dingwaga a a fetileng kwa Botlhabagare e ka nna ya re thusa go tlhaloganya ntlha eno. Baebele e re bolelela gore motho a le mongwe fela yo o neng a falola masetlapelo ano o bega jaana: “Molelo wa Modimo o ne wa wa kwa magodimong mme wa tuka mo dinkung le mo batlhokomeding wa ba laila.” (Jobe 1:16) A masetlapelo a a tshosang ruri! Mme ga go pelaelo gore monna yono yo o neng a tshogile o ne a akanya gore a bakilwe ke Modimo. Le fa go ntse jalo, e ne e se Modimo. Jobe 1:7-12 e senola gore molelo oo o ne o sa romelwa ke Modimo, mme o ne o rometswe ke Moganetsi wa Modimo—e bong Satane Diabolo!

Tiragalo eno e ne e le ya mofuta wa yone e le nosi: Jehofa o ne a neile Satane tetla e e kgethegileng ya gore a leke boikanyegi jwa ga Jobe. Ka jalo, o se ka wa swetsa ka gore Satane o ikarabelela ka tlhamalalo ka ditiragalo tsa masetlapelo a tlholego tse di jaaka difefo le merwalela. * Le fa go ntse jalo, Baebele e bolela gore “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Ka jalo, a ka kgona go dirisa batho go senya.

Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go latlhegelwa ke tsholofelo. Akanya ka tiragalo nngwe e e kwadilweng mo Baebeleng e e mo go 1 Samuele 22:12-23. Moo re ithuta ka tiragalo ya fa setlhopha sengwe sa baperesiti le ba malapa a bone ba ne ba bolawa setlhogo. Ga go pelaelo gore Satane o ne a na le seabe mo go tlhotlheletseng Kgosi Saulo yo o bosula gore a ba bolaye setlhogo jalo. Le fa go ntse jalo, Dafide yo o ikanyegang, yo moragonyana a neng a nna kgosi, o ne a kwala Pesalema 52 e mo go yone a tlhalosang ka fa a tlhomamisegileng ka gone gore Modimo o tla nyeletsa banna ba ba bosula ba ba neng ba baka masetlapelo ano.—Pesalema 52:5.

Ka tsela e e tshwanang gompieno, o ka tlhomamisega gore Modimo ga a kitla a itshokela ka bosakhutleng ditiro tse di tlhotlheleditsweng ke Diabolo tsa polao le thubakanyo. Eleruri Baebele e solofetsa gore go ise go ye kae Modimo o tla dirisa Morwawe e bong Jesu, go “senya ditiro tsa ga Diabolo”! (1 Johane 3:8) Kgabagare, tshenyo yotlhe e e bakilweng ke Satane e tla bo e nyeleletse ruri. Modimo a ka kgona go tsosa batho ba ba suleng mo ditiragalong tsa masetlapelo, tsa thubakanyo le tsa borukhutlhi.—Ditiro 24:15.

Se se Ka go Thusang go Itshoka

Tsholofelo eno e e mo Baebeleng e ka go thusa gore o se ka wa boifa thata. Mme go na le dilo dingwe tse di mosola tse o ka di dirang. Ka sekai, ela tlhoko molaomotheo wa Baebele o o mo lekwalong la Diane 12:25. Ke fela ka go bolelela ba bangwe ka fa o ikutlwang ka gone o ka amogelang “lefoko le le molemo” la kgomotso. Ka go dira jalo, o tla lemoga gore ga se wena fela o lebaneng le bothata jono. Ka jalo, fa o ikutlwa o tlaletswe, leka go bolelela batsadi ba gago kgotsa leloko lengwe le le godileng semoyeng la phuthego ya Bokeresete. *

Kakantsho e nngwe: O se ka wa lebelela metswedi ya dikgang ya ditiragalo tsa masetlapelo nako le nako. Go dira jalo go tla dira gore go nne thata go ntsha ditshwantsho tse di tshwenyang mo mogopolong wa gago.—Dipesalema 119:37.

A o Mokeresete? Fa go le jalo, ikemisetse go tswelela pele ka thulaganyo ya gago ya ka metlha ya ditiro tsa Bokeresete. (Bafilipi 3:16) Ditiro tse di ntseng jalo di akaretsa go nna gone kwa dipokanong le Bakeresete ba bangwe mmogo le go bolelela ba bangwe ka se o se dumelang. (Bahebera 10:23-25) Seo se tla go thusa gore o se ka wa nna le dikakanyo tse di sa siamang. Go itlhaola go tla go bakela mathata fela—mo maikutlong le mo semoyeng.—Diane 18:1.

Fa re le mo boemong bope fela jo re ikutlwang re gateletswe thata mo maikutlong le mo mogopolong, go ka nna mosola thata go tswelela pele re bala Baebele letsatsi le letsatsi. Mmaagwe mosha mongwe yo o bidiwang Loraine o ne a tshwerwe ke bolwetse jwa kankere. Ela tlhoko kafa Loraine a neng a lebana le boemo jono jwa masetlapelo ka gone: “Ke gakologelwa ke bala buka ya Jobe makgetlo a le mmalwa ka nako ya fa ke ne ke le mo mathateng ano. Buka ya Dipesalema le yone e ne ya nkgomotsa. Fa ke ne ke bala mafoko a a gomotsang mo Dikwalong, ke ne ka ikutlwa e ke te Jehofa o a ntlamparela.” Monnawe e bong Mishael le ene o gakologelwa fela jalo: “Fa go ne go na le letsatsi le ke neng ke sa bale Baebele ka lone, ke ne ke utlwa ke sa itumela. Mogopolo wa me o ne o akanya dikakanyo tse di sa siamang. Go bala Baebele go ne go nkotla semoyeng jaaka ke ne ke go tlhoka gore ke kgone go emelana le letsatsi lengwe le lengwe.”

Fa o kile wa swelwa—segolobogolo ke mongwe yo o mo ratang—go bala boroutšhara jwa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang a Tlhokafala * go ka go gomotsa fela thata. Iphe nako ya go bala le go tlhatlhanya ka dikwalo tsotlhe tse di umakilweng. Gape, tlhatlhanya ka tsholofelo ya tsogo. Loraine a re: “Ke ne ke tle ke akanye ka mmè a tsoga mo baswing. Ke ne ke tle ke akanye ke utlwa a re: ‘Ke boile. O apeile eng?’ Seo se ne se intumedisa thata.”

Go ikaega ka Jehofa ka thapelo go ka go naya nonofo e o e tlhokang gore o itshokele masetlapelo a magolo. Loraine o gakologelwa jaana: “Ke ne ke le mo kamoreng fa mmè a ne a tlhokafala. Ke ne ka kopa Jehofa ka bonako gore a nnonotshe gore ke itshokele seno. Ke ne ka nna le kagiso ya Modimo ka bonako.” Fa o rapela Jehofa umaka dilo tse di go tshwenyang. Dira gore a itse kafa o ikutlwang ka gone. Mopesalema o kgothatsa jaana: “Tshololelang pelo ya lona fa pele ga gagwe.”—Pesalema 62:8.

Fa nako e ntse e ya, matshwenyego a mo lefatsheng a tla oketsega. (2 Timotheo 3:13) Le fa go ntse jalo, Baebele e solofetsa jaana: “Gonne badirabosula ka bobone ba tla kgaolwa . . . Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:9-11, 29) Go nna le tsholofelo eno go tla go thusa go lebana ka katlego le masetlapelo fa a nna teng.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 6 Go ya ka baitse ba boitekanelo jwa tlhaloganyo, matshwao ao a ka akaretsa go kgwaralala maikutlo, go nna le ditoro tse di tshosang, go itlhaola mo bathong, go emisa go dira ditiro tsa gago tsa letsatsi le letsatsi le go ikutlwa o le molato e bile o galefile.

^ ser. 9 Le fa setlhogo seno se bua ka masetlapelo a a amang batho ba le bantsi, kgakololo e e mo go sone e ka dirisiwa le mo masetlapelong a a tlhagelang motho a le esi a a jaaka go swelwa ke mongwe yo o mo ratang.

^ ser. 12 Go utlwa lebaka la go bo Modimo a letleletse boikepo, bona kgaolo 7 ya buka ya Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 14 Bona “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya December 1, 1974 (ka Seesemane).

^ ser. 18 Mo mabakeng a mo go one motho a tlaletsweng thata mo maikutlong kgotsa a tshwenyegile thata mo maikutlong, go ka nna ga tlhokega gore a bone thuso ya tsa kalafi.

^ ser. 22 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Go ka nna molemo gore o se ka wa lebelela thata ditshwantsho tse di ngomolang pelo tsa metswedi ya dikgang