Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Siame go Tlhoa Batho ka Ntlha ya Lotso Lwa Bone?

A go Siame go Tlhoa Batho ka Ntlha ya Lotso Lwa Bone?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A go Siame go Tlhoa Batho ka Ntlha ya Lotso Lwa Bone?

ONE o ka ikutlwa jang fa o ne o ka tsewa o le leferefere, o rata ntwa, o le seeleele kgotsa o se na boitsholo fela ka gonne o le motho wa lotso lo lo rileng? * O ne o ka se rate seo le e seng. Go a swabisa gore batho ba bantsintsi ba diragaletswe ke sone seo. Mo godimo ga moo, go ralala hisitori batho ba bantsi ba ba se nang molato ba ile ba sotlwa le go bolawa fela ka ntlha ya go bo e le ba morafe o o rileng kgotsa e le ba setšhaba se se rileng. Ee, bontsi jwa dintwa tse go tshololwang madi thata mo go tsone tse di lowang gompieno di bakilwe ke go tlhoa batho ba ditso tse dingwe. Mme bontsi jwa batho ba ba emang nokeng dintwa tse di ntseng jalo, ba ipolela gore ba dumela mo Modimong le mo Baebeleng. E bile go na le batho ba ba reng tlhaolele e tla tswelela e le teng—ke selo sa tlhago.

A Baebele e letlelela go tlhoa batho jalo ka ntlha ya lotso lwa bone? A go na le maemo a a ka dirang gore go lejwe go siame go tlhoa batho ba lotso kgotsa ba morafe o o farologaneng le wa rona? A go na le tsholofelo epe ya isagwe e mo go yone go tla bong go sa tlhoiwe batho ka ntlha ya lotso lwa bone? Baebele ya reng ka seno?

Ba ne Ba Atlholelwa Ditiro Tsa Bone

Fa o sa bale ka kelotlhoko ka tsela e Modimo a neng a dirisana ka teng le batho mo nakong e e fetileng, o ka akanya ka tsela e e phoso gore Modimo o ne a ema nokeng go tlhoa batho ka ntlha ya lotso lwa bone. A dipego di le mmalwa tsa Baebele ga di bontshe gore Modimo o kile a nyeletsa merafe le ditšhaba? Ee tsa rialo, mme fa o leba dilo ka kelotlhoko o tla lemoga gore Modimo o ne a atlhola ditšhaba tseno ka ntlha ya go tlhokomologa melao e a neng a e beile ya boitsholo, e seng ka ntlha ya lotso lwa bone.

Ka sekai, Jehofa Modimo o ne a kgala Bakanana ka ntlha ya meetlo ya bone e e bosula ya tlhakanelodikobo le ya bodimona. E bile ba ne ba fisa bana mo molelong go ntshetsa medimo ya maaka setlhabelo! (Duteronome 7:5; 18:9-12) Le fa go ntse jalo, mo makgetlhong mangwe, Bakanana bangwe ba ne ba bontsha tumelo mo Modimong mme ba ikwatlhaya. Fa ba dira jalo, Jehofa o ne a sa ba fedise mme o ne a ba segofatsa. (Joshua 9:3, 25-27; Bahebera 11:31) E bile mosadi mongwe wa Mokanana, e bong Rahabe, o ne a nna mmèmogologolwane wa ga Mesia yo o solofeditsweng, Jesu Keresete.—Mathaio 1:5.

Molao o Modimo a neng a o neile Baiseraele o bontsha gore ga a na tlhaolele. Go na le moo, o kgathalela batho ba ditšhaba tsotlhe ka tsela ya mmatota e bile o batla gore dilo di ba tsamaele sentle. Mo go Lefitiko 19:33, 34, re fitlhela taelo eno e e lorato e Modimo a neng a e naya Baiseraele: “Mme fa go direga gore moagi wa moeng a age le wena e le moeng mo lefatsheng la lona, lo se ka lwa mo sotla. Moagi wa moeng yo o agileng le lona e le moeng o tshwanetse go nna jaaka motho wa mo lefatsheng la ga lona; mme o mo rate jaaka o ithata, gonne lo ne lwa nna baagi ba baeng kwa lefatsheng la Egepeto. Ke nna Jehofa Modimo wa lona.” Go na le ditaelo tse di tshwanang le eo mo dibukeng tsa Ekesodo le Duteronome. Go bonala sentle gore Jehofa o ne a sa buelele go tlhoa batho ka ntlha ya lotso lwa bone. O ne a batla gore batho ba ditso tse di farologaneng ba utlwane.

Jesu O ne A Rotloetsa go Rata Batho ba Ditso Tse Dingwe

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, Bajuda le Basamarea ba ne ba sa utlwane. Mo lekgetlhong lengwe batho ba motse mongwe wa kwa Samarea ba ne ba leleka Jesu fela ka gonne e ne e le Mojuda a le mo tseleng e e yang Jerusalema. O ne o tla itshwara jang fa o ne o ka lelekwa jalo? Barutwa ba ga Jesu ba ka tswa ba ne ba bontsha moya wa tlhaolele o o neng o le teng mo motlheng oo, fa ba ne ba mmotsa ba re: “Morena, a o batla gore re bolelele molelo gore o fologe kwa legodimong mme o ba nyeletse?” (Luke 9:51-56) A Jesu o ne a itetla go laolwa ke boikutlo joo jo bo sa siamang jwa barutwa ba gagwe? Go na le gore a ikutlwe jalo, o ne a ba kgalemela mme a ya go batla marobalo kwa motsaneng o sele. Moragonyana ga moo, Jesu o ne a tlotla ka setshwantsho sa Mosamarea yo o molemo. Se a neng a se bua se ne se gatelela gore lotso lwa motho ka bolone ga lo mo dire mmaba. Tota e bile, motho yoo o ka tswa a le molemo tota!

Batho ba Ditso Tse di Farologaneng mo Phuthegong ya Bokeresete

Fa Jesu a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, o ne a tlhoma mogopolo pele mo go direng barutwa mo bathong ba setšhaba sa gagabo. Mme o ne a bontsha gore kgabagare le batho ba bangwe ba ne ba tla nna balatedi ba gagwe. (Mathaio 28:19) A batho ba ditso tse di farologaneng ba ne ba tla amogelwa? Ee! Moaposetoloi Petere o ne a re: “Ruri ke a lemoga gore Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Ditiro 10:34, 35) Moragonyana moaposetoloi Paulo o ne a dumalana le kgopolo eno ka go tlhalosa ka phepafalo gore kgang ya gore motho ke wa lotso lofe ga se yone ya botlhokwa mo phuthegong ya Bokeresete.—Bakolosa 3:11.

Selo se sengwe gape se se bontshang gore Modimo o amogela batho ba ditso tsotlhe se fitlhelwa mo bukeng ya Baebele ya Tshenolo. Mo ponong e e tlhotlheleditsweng ke Modimo, moaposetoloi Johane o ne a bona “boidiidi jo bogolo . . . bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme,” jo Modimo a neng a bo bolokile. (Tshenolo 7:9, 10) “Boidiidi jo bogolo” jono ke jone bo tla bopang setšhaba se sesha se mo go sone batho ba ba farologaneng ba tla nnang mmogo ka kagiso, ba kopantswe ke go rata Modimo.

Gone jaanong, Bakeresete ba tla bo ba dira sentle fa ba tila mokgwa ono wa go tlhoa batho go ya ka lotso lwa bone. Go leba batho jaaka Modimo a ba leba, re ba leba motho ka bongwe, e seng jaaka karolo ya ditso dingwe, go siame e bile ke go bontsha lorato. A wena ga o batle go lebiwa jalo? Jesu o re gakolola jaana ka tlhamalalo: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Go tshela go se na letlhoo la lotso go monate. Go dira gore batho ba nne le kagiso ya mogopolo mme ba nne ka kagiso le ba bangwe. Mo godimo ga moo, go dira gore re utlwane le Mmopi wa rona yo o se nang tlhaolele, Jehofa Modimo. Ruri leo ke lebaka le le utlwalang la go sa tlhoe batho ka ntlha ya lotso lwa bone!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Lefoko le le dirisitsweng mo setlhogong seno le le rayang “lotso” le raya batho ba morafe, setšhaba, kgotsa setso se se tshwanang.