Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ga go Kitla go Tlhola go Nna le Masetlapelo a a Bakwang ke Maemo a Bosa!

Ga go Kitla go Tlhola go Nna le Masetlapelo a a Bakwang ke Maemo a Bosa!

Ga go Kitla go Tlhola go Nna le Masetlapelo a a Bakwang ke Maemo a Bosa!

“BATHO ba gompieno ga ba tlhole ba bontsha go tlotla lefatshe ka ntlha ya bopelotshetlha jwa bone jwa go rata dilo tse di manobonobo, go batla gore dilo di direge ka bonako le go rata dipoelo mo go tsa kgwebo.” Mafoko ano a kwadilwe mo khabareng ya buka ya 5000 Days to Save the Planet. Re lebane le matswela a bogagapa jwa motho. Le fa gone dikgopolo tse di malebana le go gotela ga lefatshe di ka tswa di le boammaaruri kana nnyaa, go na le sengwe se re tlhomamisegileng ka sone—motho o senya polanete ya rona e ntle. Tsholofelo e le yosi fela e re nang le yone ke ya go diragadiwa ga tsholofetso e e mo Baebeleng ya gore Modimo o tla “senya ba ba senyang lefatshe.”—Tshenolo 11:18.

Modimo o tla emisetsa tsamaiso e e bosula ya puso ya batho ka tsamaiso e ntšha gotlhelele. Pele ga o tsaya seno e le kgopolo fela ya bodumedi e e sa utlwaleng, akanya ka seno: Ke mang yo o ka itseng go le gontsi ka se tikologo ya lefatshe e se tlhokang fa e se Modiri wa lone? A ga a na tshwanelo ya go laola se se diregang mo polaneteng eno? Baebele e bontsha ka tlhamalalo gore o na le tshwanelo eo, ka go bolela mo go Isaia 45:18 gore Jehofa ke “Modimo wa boammaaruri, Mmopi wa lefatshe le Modiri wa lone, Ene yo o le tlhomamisitseng thata, yo o sa le bopelang lefela, yo o le bopetseng go nniwa.” Gore boikaelelo joo bo diragadiwe, Modimo a ka kgona go tsaya kgato e bile o tla dira jalo.

Modimo o tla dira seno ka go tlisa puso e ntšha kana bogosi, gore bo laole lefatshe. Fa Bakeresete ba rapela se go tweng ke Thapelo ya Morena ba re, “A bogosi jwa gago bo tle,” ba a bo ba kopa gore bogosi jono bo tle go tsaya marapo mo lefatsheng. (Mathaio 6:9, 10) Bogosi Jwa Modimo kgotsa puso, bo tla bontsha gore bo tlhaloganya medikologo ya lefatshe ya tlholego e e raraaneng. Ka gone bo tla kgona go ntšhafatsa dikarolo tsa lefatshe tse di sentsweng ke kgotlelo le go se dirisiweng sentle ga tikologo. Isaia 35:1, 6 ya re: “Lebala le le sekaka le tla . . . ntsha dithunya jaaka saferone. . . . Gonne metsi a tla bo a pomponyegile mo nageng, le melatswana e e phothoselang mo lebaleng le le sekaka.”

Go Fitlhela Modimo a Tsaya Kgato

Morago ga merwalela ya 2002, Helmut Schmidt, yo pele e neng e le mokanseleri wa Jeremane Bophirima, o ne a kwala jaana: “Ga go na ope yo o ka thibelang merwalela gore e se ka ya gogola matamo. Masetlapelo a tla nna a le gone.” Ke boammaaruri. Mo godimo ga moo, fa maemo a bosa a a bakang tshenyo a tlhasela, ga go se batho ba ka se dirang fa e se fela go itshokela seno ka mo ba ka kgonang ka gone. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege mathata otlhe a a bakwang ke ditiragalo tseno tsa masetlapelo, di ka nna le matswela a a solegelang batho molemo. Di ka tlhotlheletsa batho go bontsha gore ba rata baagelani ba bone le gore ba amega ka bone. (Mareko 12:31) Ka sekai, merwalela ya kwa Yuropa go bonala e ile ya nna le matswela ano mo bathong bangwe. Lokwalodikgang longwe lo ne lwa bega jaana: “Baithaopi ba ba tlhoafetseng ba ba tswang mo Jeremane yotlhe ba ne ba tla go thusa mo tirong [ya namolo]. Eno ke tiro e kgolo go gaisa ya baithaopi fa e sa le ka Ntwa ya Lefatshe II.”

Mo gare ga baithaopi bano go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi. Setlhogo se se latelang se tlotla ka tiro ya namolo e e dirilweng ke Basupi mo dinageng di le nnè tse di farologaneng tse di neng di sentswe thata ke dikgwanyape. Se Bakeresete bano ba se dirileng ke malebela fela a gore botshelo bo tla bo bo ntse jang fa go busa puso ya Modimo e e tlang, e mo go yone lorato le go amega ka bakaulengwe—e seng bogagapa le bopelotshetlha—di tla bong di rena.—Isaia 11:9. *

Bakeresete ba ka gomodiwa ke se Modimo a neng a se solofetsa Baiseraele ba bogologolo a re: “Le nna ke tla naya lefatshe la lona pula ka nako ya yone e e tlhomilweng, pula ya letlhafula le kgogolamoko.” (Duteronome 11:14) Tsholofetso eo gape e tla itshupa e le boammaaruri mo go ba ba tla nnang le tshiamelo ya go tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo—lefatshe le le tla bong le se na masetlapelo a a bakiwang ke maemo a bosa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Fa e le gore o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka tsholofetso ya Baebele ya puso ya Bogosi, tsweetswee ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona kana o kwalele bagatisi ba makasine ono.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Go Laolwa ga Maemo a Bosa ka Botlalo

Mo lefatsheng le lesha la Modimo, batho ga ba kitla ba tlhoka go boifa gore magae a bone kana dijalo tsa bone di tla senngwa ke dikgwanyape tse di sa tlwaelegang. (2 Petere 3:13) Baebele e bontsha sentle gore Modimo le Morwawe, Jesu Keresete, ba kgona go laola maemo a bosa ka botlalo. Akanya ka ditemana tse di latelang.

Genesise 7:4: “Mo malatsing a le supa fela a a tlang ke dira gore pula e ne mo lefatsheng malatsi a le masome a manè le masigo a le masome a manè.”

Ekesodo 14:21: “Jehofa a dira gore lewatle le boele morago ka phefo e e maatla ya botlhaba bosigo jotlhe a fetola boalo jwa lewatle go nna lefatshe le le omileng, mme metsi a ne a kgaoganngwa.”

1 Samuele 12:18: “Samuele a biletsa kwa go Jehofa, mme Jehofa a tlisa ditumo tsa maru le pula mo letsatsing leo, mo batho botlhe ba neng ba boifa Jehofa le Samuele thata.”

Jona 1:4: “Jehofa ka boene a romela phefo e kgolo kwa lewatleng, mme ga nna setsuatsue se segolo mo lewatleng; mme sekepe, se ne se tloga se thubega.”

Mareko 4:39: “Foo [Jesu, a fiwa maatla ke Modimo] a tsoga a ba a kgalema phefo mme a raya lewatle a re: ‘Kgaotsa! Didimala!’ Mme phefo ya kokobela, ga ba ga nna le tshisibalo e kgolo.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Mo lefatsheng le lesha la Modimo, re tla bo re sa tlhoke go boifa maemo a bosa a a kotsi