Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa Ditshwantsho Tse di Hepisang di Aname Jaana?

Ke ka Ntlha Yang fa Ditshwantsho Tse di Hepisang di Aname Jaana?

Ke ka Ntlha Yang fa Ditshwantsho Tse di Hepisang di Aname Jaana?

DITSHWANTSHO tse di leswe tse di dirilweng gore di tsose dikeletso tsa tlhakanelodikobo ga di bolo go nna gone ka diketekete tsa dingwaga. Mme mo bontsing jwa nako e di ntseng di le gone ka yone, go ne go se motlhofo go di dira mme ka ntlha ya moo di ne di bonwa fela ke bahumi le batho ba maemo. Go kgona go gatisa dilo ka dipalo tse dikgolo le go tlhamiwa ga metšhine ya dibaesekopo go ne ga fetola seo sotlhe. Seno se ne sa dira gore le batho ba ba sa humang ba kgone go bona ditshwantsho tseno tse di hepisang.

Go dirwa ga motšhine wa dikhasete tsa bidio go ne ga gakatsa dilo. Go farologana le didirisiwa tse di tsenyang difilimi tsa dibaesekopo le ditshwantsho tsa bogologolo, go ne ga nna motlhofo go boloka dikhasete tsa bidio, go dira dikhopi tsa tsone le go di anamisa. Gape batho ba ne ba ka kgona go di lebelela kwa magaeng a bone. Bosheng jaana, go ata ga dithelebishene tsa mogala le Internet go dirile gore ditshwantsho tse di hepisang e nne selo se se motlhofo thata go nna le sone. Mmegi mongwe wa metswedi ya tshedimosetso e bong Dennis McAlpine o tlhalosa gore motho yo o tshabang gore moagelani wa gagwe o tla mmona kwa lebenkeleng le le rekisang dibidio tsa ditshwantsho tse di hepisang gone jaanong a ka kgona go “nna kwa gae a bo a reka dibidio tseo ka go tobetsa konopo e e mo thelebisheneng ya gagwe ya mogala kgotsa mo thelebisheneng ya gagwe e e tlwaelegileng.” Go ya ka McAlpine, go kgona go bona dibidio tseno motlhofo fela go dirile gore “batho ba le bantsi ba se ka ba bona molato ope ka ditshwantsho tse di hepisang.”

Ditshwantsho Tse di Hepisang di Simolola go Amogelwa Ke ba Le Bantsi

Batho ba le bantsi ba na le maikutlo a a sa tshwaneng ka ditshwantsho tse di hepisang ka gonne jaanong di setse di amogelwa ke ba le bantsi. Mokwadi Germaine Greer o bolela jaana: “Di setse di na le tlhotlheletso e kgolo mo setsong sa rona go gaisa diopera tsotlhe tsa rona, dibalete, mafelo a bobogelo, mmino le botaki di kopantswe tsotlhe.” Motho o kgona go lemoga maikutlo a batho ba nang le one morago jaana ka ditshwantsho tse di hepisang fa a leba ‘diaparo tsa diaka’ tse di aparwang ke batho ba le bantsi ba ba tumileng, a bona dibidio tsa mmino tse di bontshang ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo le tsela e metswedi ya phasalatso e amogetseng ka yone “go dirisiwa ga ditshwantsho tse di hepisang.” McAlpine o konela jaana: “Batho ba amogela sengwe le sengwe fela se ba se newang . . . Seno se dira gore go lebege go se na molato ope ka ditshwantsho tseno.” Mokwadi Andrea Dworkin o ngongoregela gore ka ntlha ya moo, “ga go bonale batho ba tshosiwa ke ditshwantsho tseno. Go bonala ba sa kgathale.”

Mabaka a a Dirisiwang go Buelela Ditshwantsho Tse di Hepisang

Moemedi yo o tlogetseng tiro wa FBI e bong Roger Young o ne a boeletsa mafoko a a neng a buiwa ke mokwadi Dworkin a a bontshang gore batho ba le bantsi “ga ba bone ka tsela e boitshwaro jo bo ferosang sebete jono bo leng maswe ka teng le mathata a bo a bakang.” Bangwe ba tlhotlhelediwa ke batho ba ba buelelang ditshwantsho tse di hepisang, ba bolela gore ga go na bosupi bope jwa gore ditshwantsho tse di hepisang di na le diphelelo tse di sa siamang mo bathong. Mokwadi F. M. Christensen o ne a re: “Ditshwantsho tse di hepisang ke go ijesa monate fela, e leng selo se batho ba ba sa di rateng ba sa kgoneng go se amogela.” Mme gone fa e le gore ga di na tlhotlheletso mo bathong, ke eng fa di dirisiwa ke ditheo tsa papatso? Ke ka ntlha yang fa dikgwebo di dirisa dimilione tsa didolara go dira dipapatso, dibidio le diphasalatso fa e le gore ga di tlhotlheletse batho?

Lebaka ke gore fela jaaka mefuta yotlhe ya go bapatsa, boikaelelo jo bogolo jwa ditshwantsho tse di hepisang ke go tsosa dikeletso tse di neng di seyo pele. Steven Hill le Nina Silver ba e leng babatlisisi ba ile ba re: “Ditshwantsho tse di hepisang ga se sepe fa e se kgwebo fela. Mme mo dikgwebong tseno tse di feteletsang dilo, sengwe le sengwe, segolobogolo mebele ya basadi le go bontsha batho ba tlhakanela dikobo, se lebiwa e le se se ka rekisiwang gore go bonwe madi ka sone.” Greer o tshwantsha ditshwantsho tse di hepisang le dijo tse di ratiwang thata, tse di se nang dikotla mme gone di tsentswe dinatetshi tse dintsi le dikhemikale dingwe. O bolela jaana: “Ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo tse di bontshiwang mo metsweding ya tshedimosetso ga se tlhakanelodikobo ya mmatota . . . Mafelo a a bapatsang dijo a rekisa dijo tse di se nang dikotla mme mafelo a a bapatsang tlhakanelodikobo a rekisa tlhakanelodikobo e e seng yone.”

Dingaka dingwe di bolela gore ditshwantsho tse di hepisang di ka dira motho lekgoba le go leng thata go le tlogedisa mokgwa oo go gaisa motho yo o tshwakgotsweng ke diokobatsi. Gantsi batho ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi ba alafiwa ka gore go simololwe go tlosiwe pele diokobatsi tse di ba tshwakgotseng mo mmeleng. Mme go nna lekgoba la ditshwantsho tse di hepisang gone, jaaka fa Dr. Mary Anne Layden wa Yunibesithi ya Pennsylvania a tlhalosa, “go dira gore ditshwantsho tseo di nnele ruri mo mogopolong wa motho yo o di lebelelang mme e nna karolo ya boboko jwa gagwe.” Ke gone ka moo batho ba kgonang go gakologelwa sentle ditshwantsho tse di hepisang tsa dingwaga tse dintsi tse di fetileng. O konela jaana: “Seno ke selo sa ntlha se se tshwakgolang se go se nang tsholofelo epe ya gore motho a ka tlogela go nna lekgoba la sone.” A mme seno se raya gore ga go kgonege go tlogela go tlhotlhelediwa ke ditshwantsho tse di hepisang? Mme ke dilo dife tse di kotsi tse ditshwantsho tse di hepisang di ka di bakang?

[Lebokoso mo go tsebe 21]

Dintlha Malebana le Ditshwantsho Tse di Hepisang Tsa Internet

▪ Diperesente di ka nna 75 tsa ditshwantsho tse di hepisang tsa Internet di simologa kwa United States. Diperesente di ka nna 15 di simologa kwa Yuropa.

▪ Go fopholediwa gore ka beke batho ba le dimilione di le 70 ba leba mafelo a a bontshang ditshwantsho tse di hepisang mo Internet. Mo e ka nnang dimilione di le 20 tsa bone ke batho ba kwa Canada le United States.

▪ Patlisiso nngwe e ne ya bontsha gore bosheng jaana, mo kgweding e le nngwe fela, Jeremane e ne e na le batho ba le bantsi ba ba lebelelang ditshwantsho tse di hepisang go gaisa botlhe kwa Yuropa, go latele Great Britain, Fora, Italy le Spain.

▪ Kwa Jeremane, batho ba ba lebelelang ditshwantsho tse di hepisang ba dirisa mo e ka nnang metsotso e le 70 kgwedi le kgwedi ba lebeletse ditshwantsho tseno.

▪ Mo bathong ba Yuropa ba ba lebelelang ditshwantsho tse di hepisang tsa Internet, batho ba dingwaga tse di fetang tse 50 ba dirisa bontsi jwa nako ba lebile mafelo ano a Internet a a bontshang ditiro tsa tlhakanelodikobo.

▪ Go ya ka buka nngwe, diperesente di le 70 tsa batho ba ba lebelelang ditshwantsho tse di hepisang tsa Internet ba di lebelela motshegare.

▪ Bangwe ba fopholetsa gore mafelo a le 100 000 mo Internet a akaretsa ditshwantsho tse di hepisang tse go bontshiwang bana mo go tsone.

▪ Diperesente di ka nna 80 tsa ditshwantsho tse di hepisang tsa Internet tse go bontshiwang bana mo go tsone tse di rekisiwang di simologa kwa Japan.

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Ditshwantsho tse di hepisang di setse di bonwa motlhofo