Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lekwalo le le Tswang Kwa go Mongwe Yo o Mo Ratang

Lekwalo le le Tswang Kwa go Mongwe Yo o Mo Ratang

Lekwalo le le Tswang Kwa go Mongwe Yo o Mo Ratang

Mmadi mongwe go tswa kwa New York o ne a tshwantsha buka ya Atamalana le Jehofa le lekwalo le le tswang kwa go mongwe yo o mo ratang, mme o tlhalosa jaana: “Kgaolo nngwe le nngwe e ama maikutlo fela thata mme e dira gore o rate Jehofa le go feta.” O ne a oketsa a re: “E re ka jaanong ke feditse go bala buka eno, nka rata go simolola go e bala gape, fela jaaka motho a ka bala gape lekwalo le le tswang kwa go mongwe yo a mo ratang thata.” Utlwa gore ba bangwe ba reng ka yone.

Mmadi mongwe go tswa kwa Kansas a re: “Ruri ke kgona go ikutlwa ke atamalana thata le Rre yo o kwa legodimong. Pelo ya me e phophoma ka lerato . . . Ke lebelela pele go e bala moso mongwe le mongwe, mme ke tla nna ke e boaboeletsa.”

Mosadi mongwe go tswa kwa Maine o kwala jaana: “E nthusitse thata go tlhaloganya gore Jehofa ke motho wa mmatota! Kakgelo eno e e mo go tsebe 74 e kgothatsa tota: ‘Fa e le ka ba ba swang, ga go na lefelo le le babalesegileng go gaisa go nna mo mogopolong wa Modimo.’” Mokwadi mongwe go tswa kwa Alaska o dumalana jaana: “E ile ya nkama thata jaana mo ke ileng ka lela.” O ne a oketsa a re: “Ruri ke tla e bala gantsintsi fela.”

Re dumela gore le wena o tla ikutlwa jalo fa o bala buka eno. Morago ga dikgaolo tsa yone tsa ntlha tse tharo, buka eno e kgaogantswe ka dikarolo tse nnè tsa ditlhogo tse di reng, “O na Le Nonofo e Kgolo,” “Morati wa Tshiamo,” “O Pelo e e Botlhale,” le “Modimo ke Lorato.” E konela ka kgaolo e e reng “Atamelang Modimo, Mme o Tla lo Atamela.”

O ka ikopela buka eno ya khabara e e seng thata ya ditsebe tse 320 ka go tlatsa le go romela setlankana se se fa tlase kwa atereseng e e kwadilweng fano kgotsa kwa atereseng e e tshwanetseng mo go tse di mo go tsebe 5 ya makasine ono.

□ Tsweetswee nthomelelang khopi ya buka ya Atamalana le Jehofa.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya legae ya mahala ya Baebele.