Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Maemo a Bosa—A go Na le Sengwe se se Phoso ka One?

Maemo a Bosa—A go Na le Sengwe se se Phoso ka One?

Maemo a Bosa—A go Na le Sengwe se se Phoso ka One?

“FA BANNA ba babedi ba Maesemane ba kopana, selo sa ntlha se ba buang ka sone ke maemo a bosa.” Go ne ga rialo mokwadi mongwe yo o tumileng, e bong Samuel Johnson, a dira motlae. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana, maemo a bosa ga e tlhole e le kgang fela e go simololwang motlotlo ka yone. E setse e le kgang e batho mo lefatsheng lotlhe ba tshwenyegileng thata ka yone. Ka ntlha yang? Ke ka gonne maemo a bosa a a sa bolong go nna a sa tlhomama—jaanong go bonala a sa tlhomama le eleng go feta.

Ka sekai, ka selemo sa 2002, go ne ga na dipula tse di boitshegang kwa Yuropa. Tota e bile, di ne tsa baka se go neng ga twe ke “merwalela e e maswe go gaisa yotlhe e e kileng ya nna gone kwa bogare jwa Yuropa mo lobakeng lwa dingwaga di feta lekgolo.” Ela tlhoko dipego tse di latelang tsa dikgang:

AUSTRIA: “Diporofense tsa Salzburg, Carinthia, le Tirol ke tsone tse segolobogolo di ileng tsa senngwa thata ke dipula tse dikgolo. Mebila e le mentsi e ne e le loraga fela, e tletse ka mokoa wa seretse le matlakala a bogodimo jwa dimetara di le 15. Kwa seteisheneng sa Vienna sa Südbahnhof, pula e kgolo ya dikgadima e ne ya baka kotsi ya terena e e neng ya gobatsa batho ba le mmalwa.”

CZECH REPUBLIC: “Prague e diragaletswe ke selo se se boifisang thata. Mme mo diporofensing tsa yone go nnile le masetlapelo a a maswe le go feta. Batho ba ka nna 200 000 ba ile ba fudusiwa mo magaeng a bone. Ditoropo dingwe di ile tsa khurumediwa ke metsi.”

FORA: “Batho ba le 23 ba sule, ba le 9 ba nyeletse mme ba le bantsi ba senyegetswe thata . . . Batho ba le bararo ba bolailwe ke legadima mo puleng ya dikgadima e e neleng ka Mantaga. . . . Mongwe wa batho ba ba timang molelo o sule fa a sena go falotsa banyalani bangwe; koloi ya bone e ne e gogolwa ke metsi.”

JEREMANE: “Ga go ise go ke go direge mo nakong e e fetileng gore batho ba Federal Republic ba tswe mo ditoropong le mo metseng ya bone ka selekanyo se ba duleng ka sone mo nakong eno ya ‘morwalela o mogolo go gaisa yotlhe mo lobakeng lwa dingwaga di le lekgolo.’ Baagi ba le diketekete ba ne ba tshaba ba tlogela magae a bone. Bontsi jwa bone ba ne ba dira jalo e le fela gore ba se ka ba thanya lomapo lo setse lo le tsebeng. Bangwe ba ne ba namolwa mo merwaleleng ka mokoro kana ka helikopotara ba setse ba tloga ba tsewa ke metsi.”

ROMANIA: “Go tloga mo bogareng jwa kgwedi ya July go setse go sule batho ba ka nna 12 ka ntlha ya dikgwanyape.”

RUSSIA: “Go sule bobotlana batho ba le 58 fa lobopong lwa Lewatle le Lentsho . . . Dibese le dikoloi di ka nna 30 di sa ntse di le kwa tlase mo boalong jwa lewatle, mme ga go kgonege gore di ntshiwe ka gonne go ntshitswe ditlhagiso tse dingwe tsa gore go ka nna ga runya kgwanyape e nngwe.”

Ga se Yuropa Fela

Ka August 2002 lokwalodikgang lwa letsatsi le letsatsi lwa Jeremane e leng Süddeutsche Zeitung lo ne lwa bega jaana: “Dipula tse dingwe gape tsa matlakadibe tse di neleng kwa Amerika Borwa, Asia le Yuropa di bakile tshenyo e e boitshegang. Ka Laboraro go sule bobotlana batho ba le 50 ka ntlha ya go gosomana ga mmu kwa Nepal. Setsuatsue se bolaile batho ba le robedi kwa borwa jwa China mme sa baka pula e kgolo kwa bogareng jwa China. Merwalela ya kwa China e dirile gore Noka ya Mekong e penologe ka selekanyo se segolo go gaisa se e kileng ya penologa ka sone mo dingwageng di le 30, mo eleng gore metsi a teng a khurumeditse matlo a feta 100 kwa bokonebotlhaba jwa Thailand. . . . Kwa Argentina, batho ba ka nna batlhano ba betilwe ke metsi morago ga dipula tse dikgolo. . . . Go setse go sule batho ba feta sekete ka ntlha ya dikgwanyape tsa selemo kwa China.”

Fa metsi a ntse a senya dikarolo di le dintsi tsa lefatshe, United States yone e ne e tlhasetswe ke leuba le legolo. Go ne ga begwa jaana: “Batho mo nageng yotlhe ba tshwenyegile ka ntlha ya didiba tse di kgalang le tse di setseng di kgadile, go ngotlega thata ga metsi a bontsi jwa dinoka le melelo ya naga e e oketsegileng go feta go menagane gabedi mo pakeng eno. Bomankge ba bonela pele gore leuba la 2002 le tlile go baka tshenyo ya dimilionemilione tsa didolara mo ikonoming ka ntlha ya go senyega ga dijalo le mafulo, go tlhaela ga metsi a a nowang, melelo ya naga le diphefo tse dikgolo.”

Dikarolo dingwe tsa botlhaba jwa Afrika di ile tsa padimolwa ke leuba fa e sa le go tloga ka bo1960. Dipego di bolela gore, “selekanyo sa pula se ne sa fokotsega ka diperesente di le masomeamabedi go ya go di le masomeamanè le borobongwe go gaisa mo dingwageng tsa ntlha tse 50 tsa lekgolo la bo20 la dingwaga, mme seno se dirile gore leuba le dintsho di aname.”

Maemo a bosa a a bidiwang El Niño—a a bakwang ke go thutafala ga metsi a a ka fa botlhaba jwa Pacific—nako le nako a baka merwalela le go kgoreletsa maemo a bosa ka ditsela tse dingwe kwa Amerika Bokone le Amerika Borwa. * Mokgatlho wa dikgang wa CNN o bega gore maemo a bosa a a bidiwang El Niño a a nnileng gone ka 1983/84 “a ne a baka dintsho di feta 1 000, a boa a baka masetlapelo a a amanang le maemo a bosa mo e ka nnang mo kontinenteng nngwe le nngwe le go baka ditshenyegelo tsa dithoto le tsa leruo tsa madi a a balelwang go didolara di le dibilione di le lesome [diranta di le dimilione di le dikete di le 80]. Maemo ano a bosa a ile a ipoapoeletsa (mo e ka nnang morago ga dingwaga dingwe le dingwe di le nnè) fa e sa le a lemogiwa la ntlha mo lekgolong la bo19 la dingwaga. Mme gone bomankge bangwe ba bolela gore “El Niño e setse e okeditse makgetlo a e nnang gone ka one” le gore e tla “nna gone ka makgetlo a le mantsinyana” mo nakong e e tlang.

Buka nngwe e e gatisitsweng ke National Aeronautics and Space Administration ya United States e kgothatsa jaana: “Bontsi jwa maemo ano a bosa a a sa tlwaelegang a re ntseng re nna le one—e leng letlhabula le le mogote o o sa tlwaelegang kgotsa mariga a a nang le dipula tse dikgolo—a bakwa ke go fetoga go go tlwaelegileng ga maemo a bosa mo tikologong e e rileng.” Le fa go ntse jalo, go na le matshwao a a bontshang gore sengwe se se masisi se ka nna sa direga. Mokgatlho wa Greenpeace o o buelelang go sirelediwa ga tikologo o bolelela pele jaana: “Maemo a bosa a a kotsi a a akaretsang dikgwanyape tse dikgolo le dipula tse dikgolo a tla tswelela pele a senya go ralala polanete. Mauba a magolo le merwalela a tla fetola sebopego sa Lefatshe, e leng selo se se tla fedisang mafelo a a fa lobopong le go senya dikgwa.” A se se bolelwang fano se boammaaruri? Fa e le gore go ntse jalo, ke eng se se bakang “maemo ano a bosa a a kotsi”?

[Ntlha e e kwa tlase]

[Ditshwantsho mo go tsebe 2, 3]

Merwalela kwa Jeremane (fa godimo) le kwa Czech Republic (ka fa molemeng)