Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Maikutlo A a Sa Tshwaneng ka Ditshwantsho Tse di Hepisang

Maikutlo A a Sa Tshwaneng ka Ditshwantsho Tse di Hepisang

Maikutlo A a Sa Tshwaneng ka Ditshwantsho Tse di Hepisang

“Di tsosa dikeletso tse motho a sa tshwanelang go nna natso, di tlhotlheletsa maikutlo a motho a sa tshwanelang go nna le one.”—Tony Parsons, mokwaladikgang.

JOHN o ne a sa ikaelela go nna lekgoba la go lebelela ‘tlhakanelodikobo e e bonwang mo khomputareng.’ * Fela jaaka batho ba bangwe ba le bantsi ba ba nang le go iphitlhela fela ba bona ditshwantsho tse di hepisang le mafelo a go tshwara motlotlo ka khomputara go tlotliwa ka tsa tlhakanelodikobo, John le ene o ne a dirisa Internet ka letsatsi lengwe fa a ne a iphitlhela a le mo atereseng e e dirisediwang go tshwara metlotlo e e tshwanang le eno. Go ise go ye kae, o ne a setse a tshwaregile thata ka go lebelela tlhakanelodikobo e e bonwang mo khomputareng. O gakologelwa jaana: “Ke ne ke tle ke emele gore mosadi wa me a ye tirong, ke bo ke tsoga ka bonako mme ke fetsa diura di le dintsi mo pele ga khomputara.” Fa a ne a tshwere metlotlo e meleele le ba bangwe ka khomputara, o ne a sa akanye le ka dijo kgotsa dino tota. A re: “Tota le tlala ke ne ke sa e utlwe.” O ne a simolola go aketsa mosadi wa gagwe ka ditiro tsa gagwe tse a neng a di dira mo sephiring. Seo se ne sa simolola sa dira gore a se ka a kgona go tlhoma mogopolo kwa tirong, mme a simolola go se tshepe batho. Lenyalo la gagwe le ne la simolola go nna le mathata, mme fa kgabagare a rulaganya go kopana ka namana le mongwe wa balekane ba gagwe, yo a kopaneng le ene ka khomputara, mosadi wa gagwe o ne a lemoga seo. Gompieno John o alafelwa go nna lekgoba la go lebelela ditshwantsho tse di hepisang mo khomputareng.

Batho ba ba kgatlhanong le ditshwantsho tse di hepisang ba umaka ditiragalo tse di tshwanang le eno e le bosupi jwa diphelelo tse di tlhabisang ditlhong tsa ditshwantsho tse di hepisang. Ba bolela gore di senya kamano ya banyalani, di tseela basadi kwa tlase, di sotla bana e bile di dira gore tlhakanelodikobo e lebiwe ka tsela e e sokameng le e e kotsi. Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ba buelelang ditshwantsho tseno tse di hepisang ba bolela gore di siame e bile ba tsaya batho ba ba kgatlhanong le ditshwantsho tseno e le batho ba ba boboi thata. Motho mongwe yo o buelelang ditshwantsho tseno tse di hepisang o ne a kwala jaana: “Batho ga ba a tshwanela go tlhabisiwa ditlhong ke tshekamelo ya bone kgotsa dikeletso tsa bone tsa tlhakanelodikobo. Ditshwantsho tse di hepisang di ka dirisiwa go simolola metlotlo e e sa fitlheng sepe ka tsa tlhakanelodikobo le go e tlhotlheletsa.” Batho ba le mmalwa ba akantsha gore go anama ga ditshwantsho tse di hepisang go supa fa setšhaba se itekanetse sentle mo megopolong. Brian McNair yo e leng mokwadi a re: “Setšhaba se se godileng sentle mo se sa tlhabisiweng ditlhong ke go bona batho ba ba godileng ba tlhakanela dikobo go ka se direge gore se nne le mathata a go amogela batho ba ba nang le ditshekamelo di sele tsa tlhakanelodikobo e bile se ka se nne le bothata jwa go tseela basadi kwa tlase.”

A maikutlo ano a a sa tshwaneng a setšhaba a dira gore ditshwantsho tse di hepisang di amogelesege? Ke ka ntlha yang fa di aname? A tota go kotsi go lebelela ditshwantsho tse di hepisang? Ditlhogo tse di latelang di tla sekaseka dipotso tseno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Maina a fetotswe.