“O se Ka wa Lebala Sekhukhu!”
“O se Ka wa Lebala Sekhukhu!”
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA BORITANE
BATHO ba le bantsi ba tsamaya ba tshotse sekhukhu letsatsi le letsatsi kwa Boritane. Ga o ka ke wa itse gore e tla na leng. “O se ka wa lebala sekhukhu!” re gakololana jalo fa re tswa mo ntlong—mme morago ga moo, re ka nna ra se lebala mo beseng kgotsa mo tereneng kgotsa mo lebenkeleng. Ee, re na le mokgwa wa go sa lebe seitshireletso se sennye seno sa rona se le botlhokwa e re ka re itse gore re ka kgona go reka se sengwe. Mme mo nakong e e fetileng, sekhukhu se ne se sa lejwe motlhofo jalo.
Hisitori ya Sone e e Tlhomologileng
Go bonala dikhukhu tsa ntlha di ne di sa amane ka gope le pula. E ne e le dilo tse di tshwantshetsang maemo le tlotlo, tse di dirisiwang fela ke batho ba ba botlhokwa. Ditshwantsho tsa kwa Asiria, Egepeto, Peresia le India tse di betlilweng le tse di takilweng diketekete tsa dingwaga tse di fetileng, di bontsha batlhanka ba tshotse sekhukhu ba sireleditse babusi ka tsone gore ba se ka ba fisiwa ke letsatsi. Kwa Asiria, kgosi ke yone fela e e neng e letlelelwa go nna le sekhukhu.
Mo hisitoring yotlhe, sekhukhu se ne sa tswelela se tshwantshetsa maatla, segolobogolo kwa Asia. Maemo a mmusi a neng a na le one a ne a tlhatloga fa palo ya dikhukhu tsa gagwe e ntse e oketsega, jaaka go ne go ntse ka kgosi ya kwa Burma e e neng e bidiwa Morena wa Dikhukhu di le Masome a Mabedi le Bonè. Ka dinako tse dingwe, matlhatlaganyane a sone a ne a le botlhokwa. Sekhukhu sa mmusimogolo wa kwa China se ne se na le matlhatlaganyane a le manè, mme dikhukhu tsa dikgosi tsa kwa Siam tsone di ne di na le matlhatlaganye a le supa kgotsa a le robonngwe. Tota le gompieno, kwa dinageng dingwe tsa Botlhaba le tsa Afrika, sekhukhu e sa ntse e le letshwao la go nna le taolo.
Dikhukhu Tsa Bodumedi
Mo tshimologong ya hisitori, sekhukhu se ne se amanngwa le bodumedi. Baegepeto ba bogologolo ba ne ba dumela gore modimogadi e bong Nut o ne a sireleditse lefatshe lotlhe ka mmele wa gagwe, jaaka e kete ka sekhukhu. Ka jalo, batho ba ne ba tsamaya ba itshireleditse ka “dikhukhunyana” tsa bone gore ba bone tshireletso ya gagwe. Kwa India le kwa China, batho ba ne ba dumela gore sekhukhu se se butsweng se tshwantshetsa phuthologo ya magodimo. Babuda ba bogologolo ba ne ba se dirisa jaaka se se tshwantshetsang modimo wa bone e leng Buda, mme gantsi dirotobolo tsa dikago tsa bone di ne di tlhomelwa dikhukhu. Dikhukhu di a dirisiwa le mo bodumeding jwa Sehindu.
Dikhukhu di ne tsa anamela kwa Gerika ka 500 B.C.E., kwa medingwana ya ditshwantsho le medimogadi e neng e sirelediwa ka tsone kwa meletlong ya bodumedi. Batlhanka ba ne ba sireletsa basadi ba Baathena ka dikhukhu, mme di ne di dirisiwa ke banna ba le mmalwa fela. Mokgwa ono o ne wa anama go tswa kwa Gerika go ya kwa Roma.
Kereke ya Roma Katoliki e ne e dirisa dikhukhu jaaka dilo dingwe tse go neng go kgabisiwa ka tsone mo meletlong ya yone ya bodumedi. Mopapa o ne a simolola go dirisa sekhukhu sa letsela la sei se se mmala o mohibidu le serolwana, mme bakadinale le bobishopo bone ba ne ba dirisa tse di phepole kgotsa tse ditala. Go tla go fitlha gompieno jaana, dikereke tse dikgolo tsa Roma di na le setulo sa mopapa se se tlhometsweng ombrellone kgotsa sekhukhu se se nang le mebala e e neng e dirisetswa bomopapa. Mokadinale yo o etelelang kereke pele fa mopapa a sena go tlhokafala fa go sa ntse go emetswe gore go tlhophiwe yo mongwe, le ene o na le ombrellone e a tlhaolwang ka yone mo nakong eo.
E ne E le Sa Letsatsi Mme ya Nna sa Pula
Gompieno, go na le pharologanyo fa gare ga mafoko a a neng a raya sekhukhu se se dirisediwang go re sireletsa mo puleng le se se dirisediwang go re sireletsa mo letsatsing, mme ga go lepe la mafoko ao le le neng le amana le pula ka gope. Lefoko la Seesemane le le rayang “sekhukhu” le tswa mo go la Selatine e leng umbra, le le rayang “moriti,” mme lefoko le le rayang “sethibaletsatsi” lone le tswa mo mafokong a a rayang “go sireletsa” le “letsatsi.” Go bonala Ba-China kgotsa basadi ba Roma wa bogologolo e le bone ba ba neng ba simolola go tshasa dikhukhu tsa bone seedi sengwe se se tsabakelang gore se ba sireletse mo puleng. Le fa go ntse jalo, go dirisiwa ga dikhukhu tsa go itshireletsa mo letsatsing le tsa go itshireletsa mo puleng go ne ga khutla kwa Yuropa go fitlha ka lekgolo la bo16 la dingwaga fa Bantadiana, mme moragonyana ga moo Bafora, ba ne ba simolola go di dirisa gape.
Mo lekgolong la bo18 la dingwaga, basadi ba kwa Boritane ba ne ba simolola go tsamaya ba tshotse dikhukhu, fa banna bone ba ne ba sa batle go tsamaya ba di tshotse ka ba ne ba re ke selo se se diretsweng gore basadi ba ikgabise ka sone. Di ne di dirisiwa fela ke banna ba e leng beng ba mabenkele a a rekisang kofi, ba ba neng ba lemoga botlhokwa jwa go nna le sekhukhu fa gaufi ka dinako tsotlhe gore ba se dirisetse go sireletsa bareki ka tsone fa ba ya kwa koloing pula e tsorotla. Baruti le bone ba ne ba di fitlhela di le mosola mo jarateng ya kereke fa ba tshwere tirelo ya phitlho mo puleng.
Monna wa motsamai yo o direlang batho dilo tse di molemo e bong Jonas Hanway, ke ene a neng a fetola hisitori ya sekhukhu kwa Engelane. Go bolelwa gore ke ene monna wa ntlha yo o neng a le pelokgale go tsamaya a tshotse sekhukhu gongwe le gongwe kwa Lontone. E re ka a ne a bone banna bangwe ba tsamaya ba di tshotse fa a ne a etetse dinaga dingwe kwa moseja, o ne a ititaya sehuba gore o tla nna pelokgale go lebana le lenyatso la banna ba ba kgweetsang dithekisi ba ba neng ba rata go di kgweeletsa ka boomo mo metsing a a leswe a a elelang fa thoko ga tsela gore a mo gase fa ba feta fa go ene. Go ne ga feta dingwaga di le 30 batho ba tlhola ba ntse ba bona Hanway a tsamaya a tshotse sekhukhu, mme e ne ya re fa a tlhokafala ka 1786, banna mmogo le basadi ba ne ba setse ba tlwaetse go tsamaya ba tshotse dikhukhu ba sa tshwenngwe ke ope.
Mo metlheng eo, go ne go se motlhofo go tshwara sekhukhu fa pula e na. Dikhukhu tsa motlha oo di ne di le dikgolo, di le boima e bile di sa tshwarege sentle. Matsela a tsone a a
tsabakelang le ditshitswana tse a gagamaditsweng ka tsone le mofinyana wa tsone o o dirilweng ka lotlhaka kgotsa ka lehihiri la leruarua, di ne di dira gore go se ka ga nna motlhofo go se bula fa se le metsi, mme e bile metsi a ne a sutlhelela fela mo go tsone. Le fa go ntse jalo, palo ya batho ba ba di ratang e ne ya nna ya oketsega, segolobogolo e re ka go reka sekhukhu go ne go ja madi a a kwa tlase fa go bapisiwa le go tsamaya ka thekisi fa pula e na. Batho ba ba dirang dikhukhu ba ne ba oketsega le mabenkele a a di rekisang a ne a nna mantsi, mme batlhami ba tsone ba ile ba tlhoma mogopolo mo go tokafatseng mokgwa o ba di dirang ka one. Mo bogareng jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, Samuel Fox o ne a tlhama sekhukhu sa mofuta wa Paragon, se se neng se na le foreimi e e seng boima ya tshipi mme e le e e tshwarelelang lobaka lo loleele. Se ne se dirilwe ka matsela a a lotsatsa a a jaaka a sei, a letseta, le leloba le le tsabakelang gore se emisetse sekhukhu se segolo se se neng se dirisiwa pele. Jaanong seo e ne e le sekhukhu sa motlha wa segompieno.Sedirisiwa Se se Mo Fesheneng
Jaanong kwa Engelane, sekhukhu se ne sa simolola go ratega thata jaaka sedirisiwa se sentle se se mo fesheneng se se dirisiwang ke basadi ba ba ratang dilo tsa maemo. Fa difeshene di ntse di fetoga, dikhukhu tse dinnye tse di neng di dirisiwa ke basadi bano di ne tsa fetolwa go nna tse dikgolo tse di dirwang ka matsela a sei a a mebalabala. Gantsi ba ne ba tlhokomela gore ba tshola tse di kgabisitsweng ka matsela a leisi, makantsa, malente, dikanta, tota le ka mafofa, tsa mmala o o tsamaelanang le wa diaparo tsa bone. Fa re sena go tsenelela thata mo lekgolong la bo20 la dingwaga, o ne o ka se ka wa bona mosadi ope fela yo o tlotlegang yo o batlang go tlhokomela mmala wa letlalo la gagwe a sa tshwara sekhukhu.
Mo dingwageng tsa bo1920, go ne ga tsena feshene ya go itetla go tshubiwa ke letsatsi go senene mme ka jalo ga se ka ga tlhola go tshwarwa dikhukhu. Morago ga moo, ga tsena motlha wa makawana a a neng a rata go tsamaya a rwele dihutse tse ditelele a tshotse sekhukhu se se tswetsweng a ikokotlela ka sone.
Morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe, botegeniki bo ne jwa lere tsela e ntšha ya go dirwa ga sekhukhu, jaaka se se menwang ka go khutshwafatsa mofinyana wa sone se se nang le kgetsana ya naelone e e sa tseneng metsi, kgotsa ya polyester kgotsa ya polasetiki. Go sa ntse go na le mabenkele a le mmalwa a a dirang dikhukhu tse dintle tse di jang madi a le mantsi tse dintlha tsa tsone di rokilweng ka seatla. Mme mo malatsing a segompieno, madirelo a dira dikhukhu di le dintsi tse di tlhwatlhwatlase tsa mebalabala tse di kgonang go tsenya batho ba le babedi le tse di kgonang go tlhomiwa kwa ntle, go fitlha ka tsa boleele jwa disentimetara di le 15 tse di menwang ka go khutshwafatsa mofinyana wa tsone gore di kgone go tsena mo bekeng e nnye.
Gone jaanong jaana, sekhukhu se se kileng sa bo se lejwa e le selo sa manobonobo se se dirisiwang ke bahumi fela, se kgona go rekwa ke mongwe le mongwe, e bile gantsi se a bo se ntse se le teng mo dilong tse di latlhegileng. Ke sedirisiwa se se molemo thata sa go itshireletsa mo maemong a a sa siamang a bosa gongwe le gongwe mo lefatsheng, mme fa e sa le batho ba le bantsi ba tlhagisiwa ka dikotsi tsa go itewa ke marang a letsatsi ka tlhamalalo, se boile gape kwa dinageng dingwe se dirisiwa ka mokgwa o se neng se dirisiwa ka one kwa tshimologong, e leng wa go itshireletsa mo letsatsing. Ka jalo, fa o tswa mo gae gompieno, gongwe le wena o tla utlwa ba go gakolola ba re: “O se ka wa lebala sekhukhu!”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]
Go Reka Sekhukhu Le go Se Tlhokomela
Itlhophele gore a o batla go reka sekhukhu se sentle kgotsa se se nnang lobaka lo loleele. Go na le sekhukhu se se menwang ka go se tlhanola se bo se tsenngwa mo teng ga kgetsana e kgolo ya sone se se nang le ditshitswana di le mmalwa tse di gagamaditseng letsela la sone, mme sone ga se kgone go emelana le diphefo tse di maatla. Kafa letlhakoreng le lengwe, sekhukhu se se tswalwang ka tsela e e tlwaelegileng fela se ka ja madi a le mantsi mme gantsi ga se senngwe ke diphefo e bile se kgona go nna lobaka lo loleele. Ee ruri, sekhukhu se se thata se ka tshwarelela dingwaga di le dintsi. Go sa kgathalesege gore o tlhopha sefe, se tlhokomele gore se se ka sa tsenwa ke mouta le gore se se ka sa rusa ka go se tlogela se butswe gore se ome gotlhelele pele o se mena gape. Go se boloka se le mo teng ga kgetsana ya sone ka dinako tsotlhe go tla se boloka se le phepa e bile se sa tlale lerole.
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Motlhanka o sireleditse kgosi ya Asiria
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Mosadi wa kwa Gerika wa bogologolo o tshwere sekhukhu
[Motswedi wa Setshwantsho]
Drawings: The Complete Encyclopedia of Illustration/J. G. Heck
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Sekhukhu sa mo e ka nnang ka 1900
[Motswedi wa Setshwantsho]
Culver Pictures