Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sengwe se le Ditsuatsue di Neng si Ka se Kgone go se Gogola

Sengwe se le Ditsuatsue di Neng si Ka se Kgone go se Gogola

Sengwe se le Ditsuatsue di Neng si Ka se Kgone go se Gogola

KA BAKWADI BA TSOGANG! KWA JEREMANE, AUSTRIA, MEXICO, LE KOREA

KA NGWAGA wa 2002, dinaga di le dintsi di ne tsa tlhaselwa ke maemo a a sa siamang a bosa a a neng a baka masetlapelo a magolo. Yuropa e ne ya tlhaselwa ke merwalela ka go latelana e e neng ya baka tshenyo e kgolo. Kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, Mexico le Korea di ne tsa tlhaselwa ke ditsuatsue. Le mororo ditiragalo tseno di ne tsa baka masetlapelo a magolo, di ne tsa nonotsha lorato lwa Bakeresete ba boammaaruri.

Morago ga merwalela ya 2002 kwa Yuropa, mokanseleri wa pele wa Jeremane Bophirima e bong Helmut Schmidt o ne a bodiwa gore ke eng se batho ba ba amilweng ke masetlapelo ano ba neng ba tlhoka go thusiwa ka sone. O ne a araba jaana: “Batho ba tlhoka go tlamelwa ka dijo le bonno, ba tlhoka madi le go tlhokomelwa ka dilo tsa semoya.” Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nna le seabe se se botlhokwa thata mo go tlameleng batho ba ba neng ba amilwe ke masetlapelo a a bakilweng ke ditsuatsue tseno ka dilo tsa senama le tsa semoya. Akanya ka tiro ya namolo e ba neng ba e dira kwa Jeremane, Austria, Mexico le kwa Korea.

Baithaopi Kwa Jeremane

E ne ya re fa go sena go itsiwe gore Jeremane e gomagomelwa ke morwalela, Basupi ba le bantsi ba ga Jehofa kwa Jeremane ba ne ba ithaopela go thusa batho mo setšhabeng go dira tiro ya go faposa metsi a morwalela. Kathleen yo o nnang kwa Dresden yo o nang le dingwaga di le 19 o bolela jaana: “Ke ne ke sa kgone go nna fela ke sa dire sepe. E ne ya re fa ke utlwa gore batho bangwe ba ne ba le mo kotsing ya go latlhegelwa ke sengwe le sengwe se ba neng ba na le sone, ka tshwanelwa ke gore ke ye go thusa.”

Basupi ba kwa Jeremane ba ne ba simolola go rulaganngwa ka ditlhopha gore ba tle ba kgone go naya batho thuso e e mosola ya ka bonako. E re ka e le Bakeresete, ba ne ba ikutlwa ba patelesega go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone. Mme gape, ba ne ba bontsha gore ba rata baagelani ba bone. (Mareko 12:31) Ka jalo, baithaopi ba le 2 000 ba ne ba kgaoganngwa ka ditlhopha tsa batho ba le 8 go ya go 12, mme setlhopha sengwe le sengwe sa abelwa tiro e e kgethegileng mo lefelong le le wetsweng ke masetlapelo. Difouno di le 13 kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Selters, kwa Jeremane, di ne tsa beelwa kwa thoko gore e nne tse di dirisediwang go araba dipotso tsa batho ba le diketekete ba ba neng ba founa ba botsa ka masetlapelo ano e bile ba batla go ithaopela go thusa.

Ronnie le Dina ke badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa, ba ba dirisang nako ya bone go thusa ditsala tsa bone le baagelani ba bone go ithuta Baebele. E ne ya re fa ba utlwalela gore morwalela o ne o le gaufi le go tla, ba ya pele kwa toropong ya Dresden go ya go thusa mo maitekong a a neng a dirwa ka tlhoafalo a go sireletsa dikago tse di botlhokwa. Fa morwalela o sena go emisa, Ronnie le Dina ba ne ba bereka le Basupi ba bangwe mo go phepafatseng Holo ya Bogosi kwa Freital, e go neng go tamile metsi a a leswe mo go yone. Morago ga moo, setlhopha seno se ne sa simolola go thusa baagelani ba bone. Mong wa lebenkele le le neng le le fa pele ga holo eo o ne a itumela tota fa Basupi ba ne ba phepafatsa selara ya gagwe ka go tlosa matlakala le seretse mo go yone.

Siegfried le Hannelore ba nna kwa Colmnitz, motse o o bokgakala jwa dikilometara di ka nna 40 kafa borwabophirima jwa Dresden. Molapo o o neng o elela go kgabaganya motse ono o ne wa tlala wa nna morwalela, mme metsi a one a tlala ka ntlo le tshingwana ya bone. E ne ya re fa metsi ano a kokobela, baagelani ba gakgamala thata fa ba bona Basupi ba le 30, ba ba neng ba sa nne mo motseng oo, ba goroga go tla go phepafatsa legae la ga Siegfried le Hannelore. Morago ga moo, setlhopha seno sa simolola go phepafatsa tshingwana ya bone. Batho ba le mmalwa ba mo motseng ono ba ne ba ba botsa gore ke eng se se dirileng gore ba tseye loeto lwa dikilometara di le 100 go tla go thusa batho ba ba neng ba sa ba itse. Seno se ne sa dira gore Basupi ba kgone go kgothatsa batho ba ba neng ba amilwe ke masetlapelo ano ba mo Colmnitz semoyeng.

Ditorotswana tse di mo Wittenberg le tsone di ne tsa tlhaselwa ke merwalela. Pele morwalela o tla, banyalani bangwe ba Basupi e leng Frank le Elfriede ba ne ba fetsa malatsi a le mmalwa ba bereka le baagelani ba bone ba tlatsa dikgetsi ka mmu ba bo ba di tlhatlaganya go dira lebota ka tsone fa dintshing tsa noka. E ne ya re fa morwalela o sena go emisa, Frank le Elfriede ba etela botlhe ba ba neng ba amilwe ke masetlapelo a morwalela oo, ba ba isetsa dijo le go ba gomotsa. Frank o gakologelwa jaana: “Mosadi mongwe yo o neng a sa re itse, yo re neng ra mo etela, o ne a gakgamaditswe ke gore re ne re mo tliseditse dijo mahala. O ne a re bolelela gore ga go ope yo o neng a mo etela go tswa kwa kerekeng e a e tsenang. Batho ba mokgatlho mongwe ba ba neng ba mo tlisetsa dijo ba ne ba mo duedisa nako le nako fa ba di tlisa. Batho ba ne ba gakgamalela go bona Basupi ba ga Jehofa ba tsamaya ba tshotse dijo tse di thutafetseng e seng dibuka tsa Baebele.”

Austria—E Tsibogela Masetlapelo ka Bonako

Merwalela e ne ya baka tshenyo e kgolo le mo Austria e e fa gaufi le lefelo leno. Go ne ga tlhomiwa dikomiti di le tharo gore di okamele tiro ya go namola. Go ne ga simololwa pele ka go baakanngwa ga Diholo Tsa Bogosi di le tharo tse di neng di senyegile thata. Gape, malapa a ka nna 100 a Basupi, a ne a amilwe ke merwalela eno mme magae a le 50 a ne a tamile metsi. Bangwe ba ne ba senyegelwa ke sengwe le sengwe se ba neng ba na le sone mme ba sala fela ka diaparo tse ba neng ba di apere. Ofisi ya lekala ya kwa Austria e ne ya itsise diphuthego tsa lefelo leno ka boemo joo mme tsa dira gore go nne le letlole la go ntsha meneelo ya namolo. Ka September, ke fa go setse go dirilwe moneelo o o kana ka R275 000 (€ 30 000).

Mmè mongwe o ne a kwala jaana: “Morwaake yo o nang le dingwaga di le robedi ke ngame mme o ne a ipoloketse madi a a kana ka R115 [€ 12]. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa a utlwalela gore bangwe ba bakaulengwe ba rona ba senyegetswe ke dithoto tsotlhe tsa bone, a tsaya madi otlhe a a neng a a bolokile mme a a ntsha moneelo gore a tsenngwe mo letloleng la madi a namolo.”

Go ne ga rulaganngwa ditlhopha tse di neng di okametswe ke Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo, tse gantsi di okamelang go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa, gore di thuse go tsosolosa magae a a neng a sentswe ke merwalela. Motho mongwe yo o neng a bogetse o ne a bolela jaana: “Makwalodikgang a tshwanetse go bega ka tiro e lo e dirang mono.” Bangwe ba ile ba bo ba fetola tsela e ba lebang Basupi ba ga Jehofa ka yone. Motsadi mongwe yo e leng Mosupi o bolela jaana: “Gantsi bana ba me ba e seng Basupi, ga ba rate go ntheetsa fa ke bua le bone ka bodumedi jwa me. Mme ba a ntheetsa jaanong!”

Gape, go ne ga dirwa maiteko a go thusa ba le bantsi ba e neng e se Basupi. Ka sekai, mosadi mongwe o ne a amiwa maikutlo thata ke go bona Mosupi mongwe a tla mo ntlong ya gagwe ka 7:30 a.m. go tla go mmotsa gore a go na le tsela nngwe e a neng a ka mo thusa ka yone. Mosadi yono o ne a tshwanelwa ke go ntshiwa mo ntlong ya gagwe, e re ka metsi a ne a setse a simolola go tlala ka yone. Fa a boa, o ne a fitlhela Basupi ba mo tlogeletse lekwalonyana fa botsenong jwa tshingwana ya gagwe. Le ne le balega jaana: “Re itsise ka bonako fa o tlhoka thuso.” Basupi ba ne ba mo thusa go ntsha seretse le matlakala mo ntlong ya gagwe.

Setlhopha sa Basupi ba le 100 se ne sa ya kwa motsesetoropong mongwe o o bidiwang Au go ya go thusa Basupi ba lefelo leo le baagelani ba bone. Baeteledipele ba ditlhopha tseno ba ne ba tsamaya ka ntlo le ntlo ba botsa baagi gore a go na le thuso epe e ba neng ba e tlhoka. Batho ba ne ba gakgamadiwa ke go bona gore Basupi ba tlile ba tshotse didirisiwa tsa go tlosa metsi le dilo tsa go phepafatsa, tse di jaaka dipompo tse di gopang metsi, mafeelo le digarawe. Tiro e gantsi e neng e tsaya beng ba matlo beke go e fetsa, e ne ya wediwa mo diureng di sekae fela. Batho ba ne ba bogela ba sekile dikeledi.

Basupi ba lefelo leo ba ba ka nnang 400 ba ne ba tshwaregile mo tirong eno ya go namola—gantsi ba bereka bosigo le motshegare. Mo go ba ba neng ba bogetse, seno e ne ya nna bosupi jo bo bontshang maatla a Bokeresete jwa boammaaruri.

Mexico e Tlhaselwa ke Kgwanyape ya Isidore

Kgwanyape ya Isidore e simolotse e le setsuatsue se se neng se tswa kwa dinageng tsa boboatsatsi se se neng sa runya kafa bokone jwa Venezuela. Ka September 22, 2002, Kgwanyape ya Isidore e e neng e le ya category 3 e ne ya tlhasela Setlhaketlhake sa Yucatán. Kgwanyape eno ya diphefo tse di neng di tsamaya ka lobelo lwa dikilometara di le 190 e patilwe ke dipula tse di maatla, e ne ya baka tshenyo e kgolo go di gaisa mo hisitoring ya dinaga tsa Mexico tsa Yucatán le Campeche, ya ba ya baka tshenyo nngwe le mo nageng ya Quintana Roo. Kwa Yucatán fela, matlo a ka nna 95 000 a ne a senyega mo go maswe, mme seno sa ama batho ba le 500 000.

Basupi ba ga Jehofa ba ile ba nna le seabe se se botlhokwa tota mo tirong eno ya go namola kwa Yucatán mo e leng gore setlhogo se se kafa ntle sa lokwalodikgang kwa bokone jwa Mexico se ne se re: “Basupi ba ga Jehofa ba Namola Batho.” Go ne ga dirwa dikomiti tsa namolo go sa ntse go na le nako pele ditsuatsue di tla. Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa maemo a tshoganyetso tsa go batlela Basupi ba le makgolo a le mmalwa ba lefelo leo marobalo. Diphuthego dingwe tse di fa gaufi di ne tsa dira gore go nne le letlole la meneelo ya maemo a tshoganyetso. Batho ba ba falotseng kgwanyape eno, go akaretsa le ba bantsi ba e seng Basupi, ba ne ba romelelwa diaparo, melemo ya kalafi le ditone di le 22 tsa dijo. Bagolwane ba lefelo leo ba ne ba abelwa gore ba etele batho ba ba neng ba amilwe ke kgwanyape eno ya Isidore le go ba kgothatsa.

Fa kgwanyape eno e sena go tlhasela, go ne ga dirwa dikomiti tsa namolo tsa lefelo leo gore di thuse go batla Basupi ba go neng go sa itsiwe gore ba kae. Ba le mmalwa ba bone ba ne ba tshabetse kwa dikgweng le kwa mafelong a mangwe a ba ileng ba nna kwa go one malatsi a la mararo ba se na dijo le metsi. Mo mafelong mangwe, metsi a ne a tlhatlogetse kwa godimo thata mo e leng gore a ne a khurumeditse dipone tsa mo mebileng! Ka jalo, go ne ga batlwa mekoro e e nang le dienjene gore e dirisediwe go ya go batla batho ba ba neng ba amilwe ke morwalela ono, go ba naya dijo le go ba isa kwa mafelong a a babalesegileng.

Badiredi ba puso ba lefelo leo ba ne ba adima Basupi mekoro eo le didirisiwa tse dingwe, mme ba ya go thusa kwa mafelong a batho ba le bantsi ba neng ba se na bopelokgale jwa go ya go tsena kwa go one. Kwa tshimologong, modiredimogolo mongwe wa sesole o ne a sa batle gore Basupi ba tsene mo mafelong a a ntseng jalo a go neng go le kotsi go tsena mo go one. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa a bona moya wa bopelokgale o ba neng ba na le one, a re: “Ke kgona go bona gore lo ka ya le e leng ka dihelikopotara fa go tlhokega, go ya go namola batho. Re na le dikoloi tse lo ka di dirisang go isa batho ba lona gongwe le gongwe kwa lo batlang go ba isa teng.”

Mong wa lebenkele lengwe o ne a batla go itse gore ke eng fa Basupi bangwe ba ne ba reka mabotlolo a le mantsi jaana a a nang le metsi. Ba ne ba mo tlhalosetsa gore ba ne ba a rekela bakaulengwe ba bone ba semoya le batho ba bangwe ba ba a tlhokang. Monna yono o ne a swetsa ka gore a ba neye mabotlolo otlhe a a neng a na le one—mahala. Mo letsatsing le le latelang, o ne a ba naya metsi a mangwe a a oketsegileng—a le mantsi thata. Kwa lebenkeleng le lengwe, mongwe wa bareki o ne a botsa Mosupi mongwe gore ke ka ntlha yang fa ba ne ba reka dijo di le dintsi jaana. E ne ya re fa a utlwa gore di ne di rekelwa batho ba ba neng amilwe ke masetlapelo a morwalela, a ba ntshetsa moneelo gore ba reke tse dingwe tse di oketsegileng.

Le mororo malapa a ka nna 3 500 a Basupi a ile a latlhegelwa ke dithoto tse a neng a na le tsone ka ntlha ya kgwanyape ya Isidore, go ne ga fitlhelwa gore go ne go se na Basupi bape ba ga Jehofa ba ba neng ba timetse kgotsa ba ba neng ba sule. Le fa go ntse jalo, go ne go sa ntse go tlhokega gore go dirwe thulaganyo ya go tsosolosa dikago tse di senyegileng e re ka go ne go senyegile magae a le 331 a Basupi. Basupi ba ba itseng go aga ba ne ba etela legae lengwe le lengwe le Holo nngwe le nngwe ya Bogosi go ya go bona gore di ne di senyegile go le kana kang. Go tla go fitlha jaanong, go baakantswe magae a le 258 ga ba ga agiwa matlo a masha a le 172. Gape, Diholo Tsa Bogosi di le 19 tse di senyegileng di sa ntse di agiwa sesha.

Mogolwane mongwe mo phuthegong ya toropo ya Yucatán o ne a tlhotlheletsega go bolela jaana: “Ke badile ka tiro ya go namola e e neng e dirwa kwa dinageng tse dingwe mo dikgatisong tsa rona. Mme o e tlhaloganya botoka fa o nna le seabe ka tlhamalalo mo go yone. Tumelo ya me le ya bakaulengwe ba bangwe ba le bantsi e nonotshitswe ke go bona kafa phuthego ya ga Jehofa le bakaulengwe ba rona ba ba rategang ba neng ba amega ka gone le go re thusa ka bonako.”

Mosadi mongwe o ne a re: “Ke ne ke tla itumela tota fa kereke e ke e tsenang e ka bo e ile ya thusa jaaka lona Basupi lo ile lwa dira.” Mosadi yo mongwe, yo o neng a namolwa ke Basupi o ne a re: “Re sa ntse re tshela ka ntlha ya thuso e re neng ra e newa ke Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba re bontsha lorato ka go tsenya matshelo a bone mo kotsing go re namola fa ntlo ya rona e ne e khurumeditswe ke metsi.”

Korea e Tlhaselwa ke Sefefo

Ka August 31 le ka September 1, 2002, Typhoon Rusa e ne ya tlhasela bontsi jwa naga ya Korea. Song-pil Cho yo e leng mogolwane mo phuthegong, o ne a re: “E ne e kete ke tshelwa ke metsi a a tswang mo shawareng. Pula e ne ya nna ya tsorotla e sa kgaotse.” Go ne ga na pula ya dimilimetara di le 870 ka fa tlase ga sebaka sa diura di le 24 fela—e leng pula e e maatla e e neleng mo letsatsing le le lengwe fela, e e sa tshwaneng le epe e e kileng ya na.

Go ya ka pego ya The Korea Herald, mo nageng yotlhe, matlo a le 28 100 le diheketara di le 85 000 tsa masimo di ne di khurumeditswe ke metsi. Batho ba ka nna 70 000 ba ne ba patelesega gore ba tswe mo lefelong leno. Sefefo seno se ne sa bolaya diruiwa di le 301 000, sa nwetsa dikepe di le 126, mme sa diga dipale di le makgolokgolo tsa megala ya motlakase. Go ne ga begwa gore batho ba feta 180 ba ne ba sule kgotsa go ne go sa itsiwe gore ba kae. Mo go bone, go ne go na le Basupi ba babedi ba ga Jehofa.

Fela jaaka go ne ga direga kwa Yuropa le kwa Mexico, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tsibogela tiragalo eno ka bonako. Go ne ga goroga meneelo e e seng kana ka sepe e e tswang kwa Basuping mo nageng yotlhe. E ne e akaretsa diaparo, dikobo le dilo tse dingwe tse di tlhokegang. Mo godimo ga moo, go na le maloko a mangwe a phuthego a a neng a nna kwa mafelong a a kwa thoko a go neng go se motlhofo go tsena mo go one. Ditsela di ne di senyegile mme marogo le one a ne a gogotswe. Motlakase o ne o sa bereke le difouno di sa bereke. Ka jalo go ne ga rulaganngwa ditlhopha dingwe gore di tsene mo mafelong ao ka mokgwa ope fela o di neng di ka kgona ka one go ya go ba naya thuso e ba e tlhokang. Song-pil Cho, yo o neng a bereka le ditlhopha tse di dirang tiro ya go namola, o tlhalosa jaana ka lefelo lengwe le ba neng ba thusa batho mo go lone: “Marogo a le supa le tsela nngwe e kgolo di ne di gogotswe. E ne ya re fa kgabagare re fitlha kwa toropong, ra fitlhela ntlo nngwe le nngwe e senyegile. Go ne go nkga sebodu, go tletse diphologolo tse di suleng gongwe le gongwe. A bo re ne ra itumela jang ne fa re ne re kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba barataro ba Bakeresete! Ba ne ba latlhegetswe ke sengwe le sengwe se ba neng ba na le sone, mme botlhe fela ba ne ba sa ntse ba tshela e bile ba bolokesegile.”

Totatota, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ipaakanyeditse masetlapelo ano sentle. E re ka go se ke go nna le merwalela ka dipaka tsa dipula, Komiti ya bone ya Kago ya Kgaolo mo toropong ya Seoul e ne e setse e simolotse go dira dithulaganyo tsa go dira tiro ya go namola ya mo isagweng. Go simolola ka 1997, e ne ya etleetsa ka madi dithulaganyo tsa ngwaga le ngwaga tsa go ikatisetsa tiro eno gore ka nako eo, baithaopi ba bo ba siametse go tsena mo tirong fa go tlhaga maemo a tshoganyetso.

Ka September 2, maloko a Komiti ya Kago ya Kgaolo a a dirang tiro ya go namola, a ne a goroga mo toropong e e kafa botlhaba jwa losi lwa lewatle ya Kangnŭng, mme ba dirisa Holo ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa jaaka lefelo la konokono le tiro e neng e rulaganngwa mo go lone. Go ne go tshwanetse ga dirwa tiro efe pele e e botlhokwa? Go batlela bafalodi metsi a a phepa. Fa go nna le merwalela e megolo, gantsi dipeipi tsa metsi di a thubega; metsi a morwalela a nna leswe thata. Komiti ya Kago ya Kgaolo e ne ya rulaganyetsa gore dilori tse dikgolo tse di nang le ditanka tse di rwalang metsi di ise metsi kwa mafelong a a neng a amilwe ke masetlapelo ano.

Fa metsi a morwalela a sena go kokobela, sengwe le sengwe se sala se kgamathetswe ke seretse se sentsi se se nkgang bosula. Le fa go ntse jalo, go tlhamilwe mokgwa mongwe o o molemo wa go se tlosa. E re ka mo e batlang e nna matlo otlhe a a mo lefelong leno a dirilwe ka samente, a ne a phepafadiwa ka go tlosa pampiri e e manegilweng mo leboteng le linoleum ka metsi a a tswang mo lethompong.

Merwalela e dira gore dilo di le dintsi tsa motlakase di se ka tsa bereka. Le fa go ntse jalo, fa boramotlakase ba ba tshwanelegang sentle ba ka tlhatlhamolola dilo tsa motlakase tse di jaaka diforiji le diboelara tsa metsi morago ga malatsi a le mmalwa fela, ba bo ba di phepafatsa ka botlalo, ba di omisa, morago ga moo ba bo ba di kopanya gape, gantsi di tla simolola go bereka gape. Komiti ya Kago ya Kgaolo e rulaganyeditswe go dira tiro e e ntseng jalo. Diboelara tse di sa tlhokeng go emisediwa ka tse dingwe di ka dirisediwa go omisa matlo. Tiro eno yotlhe e tsaya dibeke di le pedi go ya go di le tharo.

Diaparo le dikobo tse di kolobeditsweng ke morwalela le tsone di tshwanetse go tlhatswiwa fela thata mo malatsing a le mmalwa fa e le gore di tlile go tswelela di dirisiwa. Baithaopi ba ba tswang mo diphuthegong tsa lefelo leo tsa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kokoanya dilo tsotlhe tse di leswafetseng tsa bakaulengwe ba bone ba Bakeresete. Go ne go se motlhofo go tlosa seretse se se neng se kgamathetse diaparo tseno—mme se ne se tshwanetse go tlhatswiwa ka diatla mo metsing a a elelang a a tsididi thata. E ne ya re fa mmegadikgang mongwe a sena go bona tiro eno e e dirwang ka lorato, a tsenya setshwantsho se segolo sa Basupi mo lokwalodikgannyeng lwa lefelo leo.

Merwalela e e neng ya baka masetlapelo kwa Yuropa, kwa Amerika Bokone le kwa Asia e ne ya gogola matlo, dikago ya bo ya bolaya batho ba le bantsintsi ba ba se nang molato. Le fa ditiragalo tseno e le tsa masetlapelo, gantsi di a direga mo “metlheng ya bofelo” ya tsamaiso eno ya dilo, ya “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) Gape, masetlapelo ano a ka re gakolola ntlha eno e e botlhokwa: Bakeresete ba boammaaruri ba a ratana e bile ba rata baagelani ba bone. Lorato lo lo ntseng jalo lo e seng lwa bopelotshetlha ke sengwe se le ditsuatsue di ka se kgoneng go se gogola.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

JEREMANE—Ntlo e e kgakgabaditsweng ke kgwanyape

[Ditshwantsho mo go tsebe 11]

JEREMANE—Baithaopi ba ba fetang 2 000 ba ne ba namola batho ka bonako

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

AUSTRIA—Ba baakanya Holo ya bone ya Bogosi kwa Ottensheim

Kafa molemeng: Setlhopha sa baithaopi se boile go tswa kwa Au, kwa se neng se ile go thusa Basupi ba lefelo leo gone le baagelani ba bone

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

MEXICO—Kafa mojeng: Komiti e e dirang tiro ya go namola e tlamela bafalodi ba kgwanyape ka metsi

Kwa tlase: Ntlo e agiwa sesha

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

KOREA—Go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng: Karolo ya toropo e e tletseng metsi a morwalela; go phepafadiwa ka metsi a a tswang mo lethompong; go tlhatswiwa dilo fa molapong o o fa gaufi