Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o re Segofatsa ka Dikhumo?

A Modimo o re Segofatsa ka Dikhumo?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Modimo o re Segofatsa ka Dikhumo?

“Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.”—DIANE 10:22.

ATEMANA ya Baebele e e nopotsweng fa godimo e raya gore Modimo o segofatsa batlhanka ba gagwe ka dikhumo? Batho bangwe ba dumela jalo. Ela tlhoko se se neng sa bolelwa ke mokwadi mongwe e bile e le moreri wa Pentecost wa kwa Australia: “Mo bukeng [ya me] ke tla go bolelela gore ke ka ntlha yang fa o tlhoka madi a a oketsegileng mme sa bobedi gore o ka bona jang madi a a oketsegileng . . . Fa o ka fetola tsela e o akanyang ka yone mme wa nna le mogopolo o o siameng ka madi, ke dumela gore Modimo o tla go segofatsa thata le go go atlegisa mme ga o kitla o nna le mathata a madi gape.”

Le fa go ntse jalo, go bua ka tsela e e ntseng jalo go raya gore batho ba ba humanegileng ba humanegile ka go bo Modimo a sa ba amogele. A go huma ke bosupi jwa masego a a tswang kwa Modimong?

Go ne Go na Le Mabaka a Gore ba Segofadiwe

Pego ya Baebele e bua ka dinako tse ka tsone Modimo a neng a segofatsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ka dikhumo. Ka sekai, Jakobe o ne a tlogela legae la gagwe a tshotse thobane ya gagwe fela mme fa a boela gae dingwaga di le 20 moragonyana, o ne a na le dinku tse dintsi, dikgomo le diesele tse di neng di dira mephato e le mebedi. Go ya ka Baebele khumo ya ga Jakobe e ne e le mpho e e tswang kwa Modimong. (Genesise 32:10) Sekai se sengwe gape: Jobe o ne a latlhegelwa ke dilo tsotlhe tse a neng a na le tsone, le fa go ntse jalo, moragonyana Jehofa o ne a mo segofatsa ka “dinku di le dikete di le lesome le bonè le dikamela di le dikete di le thataro le dipane di le sekete tsa dikgomo le diesele tse di namagadi di le sekete.” (Jobe 42:12) Jehofa o ne a naya Kgosi Solomone khumo e ntsi mo e leng gore le gompieno o sa ntse a tumile ka yone.—1 Dikgosi 3:13.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, Baebele e na le dipego di le mmalwa tsa baobamedi ba ba ikanyegang le ba ba neng ba utlwa Modimo ba ba neng ba humanegile. Ruri Modimo o ne a sa otlhaye batho ba bangwe ka khumanego fa ba bangwe bone a ba segofatsa ka dikhumo. Ka jalo he, ke ka ntlha yang fa ka dinako tse dingwe Modimo a ne a naya batho dikhumo?

Mabaka a teng ga a tshwane. Dikhumo tse Jakobe a neng a segofaditswe ka tsone di ne di tla thusa go simolola setšhaba e le go baakanyetsa go tla ga Losika lo lo solofeditsweng. (Genesise 22:17, 18) Dikhumo tsa ga Jobe tsone di ne tsa dira gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe ka gonne di ne di tlosa dipelaelo tse di neng di le teng tsa gore ke mang yo o tliseditseng Jobe masetlapelo. (Jakobe 5:11) Mme Solomone ene o ne a dirisa bontsi jwa khumo e Modimo a neng a mo neile yone go aga tempele e ntle. (1 Dikgosi 7:47-51) Se se kgatlhang ke gore gape Jehofa o ne a dirisa Solomone gore a kwale go tswa mo maitemogelong a gagwe gore dikhumo ga di mosola go le kalo.—Moreri 2:3-11; 5:10; 7:12.

Kafa Modimo a re Segofatsang ka Gone

Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba nne le boikutlo jo bo tshwanetseng ka madi fa a ne a ba bolelela gore ba ‘tlogele go tlhobaela’ ka dikhumo. O ne a ba bontsha gore tota le eleng Solomone mo kgalalelong yotlhe ya gagwe o ne a sa kgabe jaaka dithunya tsa masoma tsa legola. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a re: “Jaanong, fa Modimo a apesa dimela tsa naga jalo, . . . a go na le moo ga a na a apesa lona bogolo, lona ba lo nang le tumelo e potlana?” Jesu o ne a tlhomamisetsa Bakeresete gore fa balatedi ba gagwe ba batla pele Bogosi le tshiamo ya Modimo, dilo tse dingwe tse di jaaka dijo, diaparo le bonno ba tla di okelediwa. (Mathaio 6:25, 28-33) Tsholofetso eo e diragadiwa jang?

Fa re latela kgakololo ya Baebele re solegelwa molemo thata semoyeng. (Diane 10:22) Le fa go ntse jalo, re nna le melemo e mengwe gape. Ka sekai Lefoko la Modimo le kaela Bakeresete jaana: “A moutswi a se ka a tlhola a utswa, mme go na le moo a a dire ka natla.” (Baefeso 4:28) Gape le bolela gore, “yo o dirang ka seatla se se nyafalang o tla humanega, mme seatla sa yo o tlhoafetseng ke sone se tla humisang motho.” (Diane 10:4) Gantsi Bakeresete ba ba ikanyegang, ba ba berekang ka thata e bile ba latela kgakololo eno ba ratwa ke bathapi ba bone. Mme seno ke tshegofatso.

Gape Baebele e ruta Bakeresete gore ba tlogele mokgwa wa bopelotshetlha wa go itlosa bodutu ka go betšha, tlwaelo e e leswafatsang ya go goga le mokgwa o o koafatsang wa botagwa. (1 Bakorintha 6:9, 10; 2 Bakorintha 7:1; Baefeso 5:5) Ba ba latelang kgakololo eno, ga ba senyegelwe ke madi mme botsogo jwa bone bo a tokafala.

Selo se se Tlhwatlhwakgolo go Feta Gouta le Selefera

Le fa go ntse jalo, go nna le dikhumo ga se sone selo sa konokono se re ka ikaegang ka sone gore re bone gore Modimo o a re amogela e bile o a re segofatsa. Ka sekai, Jesu o ne a senola Bakeresete bangwe ba kwa Laodikea ba ba neng ba koafetse semoyeng fa a ne a ba bolelela jaana: “Wa re: ‘Ke humile e bile ke bapetse dikhumo mme ga ke tlhoke sepe gotlhelele,’ ga o itse gore o a hutsafatsa mme o tlhomola pelo o humanegile o foufetse e bile ga wa ikatega.” (Tshenolo 3:17) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa a ne a bua le Bakeresete ba kwa Semerena ba ba neng ba humanegile mme ba humile semoyeng Jesu o ne a re: “Ke itse pitlagano ya gago le lehuma—mme o humile.” (Tshenolo 2:9) Go bonala Bakeresete bano ba ne ba humanegile ba sena madi ka ntlha ya batho ba ba neng ba ba bogisetsa boikanyegi jwa bone, le fa go ntse jalo, ba ne ba na le dikhumo tse di tlhwatlhwakgolo go feta selefera le gouta.—Diane 22:1; Bahebera 10:34.

Jehofa Modimo o segofatsa matsapa a batho ba ba lekang ka natla go dira thato ya gagwe. (Pesalema 1:2, 3) O ba naya nonofo le ditsela tse di ka ba thusang go itshokela diteko, go tlamela ba malapa a bone le go batla Bogosi jwa gagwe pele. (Pesalema 37:25; Mathaio 6:31-33; Bafilipi 4:12, 13) Ka jalo, go na le go leba dikhumo e le sone selo sa konokono se Modimo a re segofatsang ka sone, Bakeresete ba boammaaruri ba leka ka natla go “huma ditiro tse di molemo.” Ka go nna le kamano e e gaufiufi le Mmopi, Bakeresete “ba ipolokela motheo o o molemo wa isagwe ka pabalesego.”—1 Timotheo 6:17-19; Mareko 12:42-44.