Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dilo Tse o di Tlhophang Tse di Amang Boitekanelo Jwa Gago

Dilo Tse o di Tlhophang Tse di Amang Boitekanelo Jwa Gago

Dilo Tse o di Tlhophang Tse di Amang Boitekanelo Jwa Gago

GANTSI go thata go ja ka tsela e e tshwanetseng le go nna o itekanetse sentle mo mmeleng. Ka ntlha ya kgatelelo e e leng teng gompieno, go bonala go le motlhofo go ja dijo tse di rekwang di setse di apeilwe go na le go ikapeela dijo, e bile go bonala go le motlhofo go senya nako fa pele ga thelebishene kgotsa khomputara go na le go nna le seabe mo tirong nngwe ya go itshikinya mmele. Le fa go ntse jalo, bagolo ba le bantsi le bana ba feleletsa ba na le mathata a a masisi a boitekanelo ka ntlha ya dilo tse ba di tlhophileng.

Makasine wa Asiaweek o bolela gore kwa Asia, “go ja dijo tse di tletseng mafura thata le go nna fela motho a sa dire sepe go dirile gore batho ba le bantsi ba nne le bolwetse jwa sukiri.” Se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore bolwetse jono bo tlhasela basha thata. The Globe and Mail e bega gore kwa Canada, “babatlisisi ba fitlhetse gore ke mosha a le mongwe mo go ba le supa ba ba mo dingwageng tse di kwa tlase ga tsa bolesome yo o jang maungo le merogo e e lekaneng mme ke ba ba kwa godimonyana ga halofo fela ba ba tshamekang go fitlha ba fufula. Mme botshelo jo basha bano ba bo tshelang bo dira gore ba tshwarwe ke bolwetse jwa pelo pele ga nako, fa ba fitlha fela mo dingwageng tsa bo30.”

Ka tsela e e tshwanang bomankge ba tsa boroko ba bolela gore bagolo ba tlhoka go robala diura di le robedi bosigo bongwe le bongwe fa basha bone ba tlhoka diura tse di fetang tseo. Tota e bile mo patlisisong e e neng e dirwa kwa Yunibesithing ya Chicago, makawana a a itekanetseng a a neng a robala diura di le nnè fela mo masigong a le marataro a a latelanang, a ne a nna le matshwao a bolwetse a gantsi a bonwang mo batsofeng. Le fa batho ba le bantsi ba itlhora boroko ka ntlha ya tiro, sekolo kgotsa boitlosobodutu, ba ka nna ba feleletsa ba sa fitlhelela se ba neng ba batla go se fitlhelela. Mankge wa tsa boroko e bong James Maas wa kwa Yunibesithing ya Cornell ya kwa New York o bolela gore, “e ka nna selo se se molemo go kgona go dira tiro mme go ne go ka nna botoka fa o ne o ka e dira o thantse, o kgona go akanya sentle mme o sa tle o otsela o kgweetsa mo tseleng.”

Gone ke boammaaruri gore go na le dilo tse dingwe gape tse di amang boitekanelo jwa rona. Ka sekai, go leba dilo ka tsela e e siameng go ka dira gore re itekanele sentle mo mmeleng. Mme go nna le boikaelelo jwa mmatota mo botshelong go ka re tlhotlheletsa gore re tlhophe dilo tse di tla re thusang gore re nne re itekanetse.