Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Fetofetoga ga Feshene ya Diaparo

Go Fetofetoga ga Feshene ya Diaparo

Go Fetofetoga ga Feshene ya Diaparo

E KA ne re lemoga kgotsa re sa lemoge, ditshwetso tsa rona tsa letsatsi le letsatsi tsa gore re tla apara eng di tlhotlhelediwa ka tsela nngwe ke feshene. Kgabagare, tlhotlheletso e feshene e nang le yone e laola thata se motho a ka se rekang.

Tota le diaparo dingwe tse gone jaanong re di tsayang e le tse di tlwaelegileng di kile tsa bo di le mo fesheneng. Ka sekai, dihempe tsa banna le dithai e ne ya nna feshene e e rategang thata mo dingwageng tse di fetang lekgolo tse di fetileng. Mme dijeresi tsa basadi di ne tsa tsena mo fesheneng ka bo1920.

Go na le dikeletso tse pedi tsa konokono tse di tlhotlheletsang madirelo a feshene—mme tsone ke keletso ya go batla go nna le selo se sesha le ya go batla go tshwana le ba bangwe. Mo e ka nnang mongwe le mongwe o rata go apara sengwe se sesha. Ke sone se se dirang gore ka dinako tse dingwe re reke diaparo, e se ka ntlha ya gore seaparo sa bogologolo se onetse mme e le fela ka gonne re batla se sengwe. Kafa letlhakoreng le lengwe, ga re batle go apara diaparo tse di ikelang go sele, ka jalo re reka diaparo tse di batlang di tshwana le tse di aparwang ke ditsala tsa rona. Mo makgolokgolong a dingwaga a a ntseng a feta madirelo a diaparo a ntse a dira diaparo go kgotsofatsa keletso ya go batla go nna le selo se sesha le ya go batla go tshwana le ba bangwe—mme ka dinako tse dingwe a dirisa dikeletso tseno ka tsela e e sa siamang.

Hisitori e Khutshwane

Badiri ba ba dirang ditaele tsa moaparo ba dirisa dilo di le tlhano tse di tlwaelegileng go dira ditaele: mmala wa letsela, popego ya lone, tsela e le nnang ka yone fa le menwa, tsela e le dirilweng ka yone le mokgabiso wa lone. Go ralala dingwaga batho ba ba dirang ditaele le ba ba dirang diaparo ba ile ba kgona go dira diaparo tsa mefutafuta ba dirisa dilo tse tlhano tseno. Ka sekai, kwa Egepeto wa bogologolo, letsela le le bonaletsang la leloba le le neng le dirwa koo, le ne le le mo fesheneng, e bile le ne le siametse maemo a fa go fisa thata. Mme e re ka go ne go se motlhofo gore letsela leno le fetolwe mmala, gantsi le ne le ka bonwa ka mmala o le osi fela—o mosweu twaa. Le fa go ntse jalo, batho ba ba dirang ditaele tsa feshene kwa Egepeto ba ne ba dira dipoliti mo letseleng gore tsela e diaparo tsa bone di nnang ka yone fa di menwa le popego ya tsone e nne ntle. Ka tsela eno, go ne ga simolola ga nna le nngwe ya ditaele tse di neng tsa tsaya lobaka lo loleele thata di sa fetoge.

Ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., go ne ga simolola ga nna le matsela a masha le mebala e mesha. Baroma ba ba humileng ba ne ba reka sei go tswa kwa China kgotsa kwa India, le fa madi a go e romela a ne a dira gore sei e e logilweng e ture jaaka gouta. Letsela le lengwe le lentle e ne e le la boboa jo bo fetotsweng mmala jo bo tswang kwa Ture, jo kilogerama ya jone e ka nnang didenario di le 2 000—e leng tuelo ya dingwaga di le thataro ya modiri fela wa maemo a a kwa tlase. Difetolammala tse disha le matsela a ne a dira gore basadi ba Baroma ba ba humileng ba kgone go apara stola—seaparo se seleele sa kafa ntle—sa letsela le le pududu le le tswang kwa India kgotsa sei e e serolwana e e tswang kwa China.

Le fa nako le nako go ne go tla ditaele tse disha, mo nakong e e fetileng seaparo se se turang se ne se kgona go nna mo fesheneng lobaka lo loleele. Diphetogo di ne di tla ka iketlo mme gantsi di ama batho ba maemo a a kwa godimo fela. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya go nna gone ga diphetogo tse dikgolo mo madirelong, feshene e ne ya simolola go ama le batho ba maemo a a kwa tlase.

Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, go ne ga nna le madirelo a a neng a dira diaparo tsa bahumi le tsa bahumanegi. Madirelo a go dirisiwang metšhine mo go one go dira letsela le boboa a ne a oketsega, mme tlhwatlhwa ya matsela e ne ya fokotsega. Ka ntlha ya metšhine e e rokang, diaparo di ne di ka dirwa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase thata mme difetolammala tse disha tse di itiretsweng di ne tsa dira gore go nne le mebala e mentsintsi.

Diphetogo tsa loago le thekenoloji di nnile le seabe se segolo mo go direng gore batho ba maemo a a kwa tlase ba nne le diaparo. Kwa Bophirima jwa Yuropa le kwa Amerika Bokone, batho ba ne ba na le madi. Ka bo1850, go ne ga tlhaga dimakasine tsa basadi, mme go ise go ye kae morago ga moo mabenkele a ne a simolola go rekisa diaparo tse di tlang di setse di fedile mme di dirilwe ka thulaganyo e e beilweng ya disaese. Gape mo lekgolong la bo19 la dingwaga, Charles Frederick Worth o ne a simolola ditshupo tsa feshene, a dira gore bomotlelara ba bontshe diaparo ka go di apara go ngoka batho gore ba di reke.

Mo lekgolong la bo20 la dingwaga, ditlhale tse disha tse di itiretsweng tse di jaaka rayon, nylon, le polyester di ne tsa dira gore batho ba ba dirang diaparo ba nne le mefuta e mentsi ya matsela. Ditaele tse di dirwang ka khomputara di dirile gore go nne motlhofo go dira ditaele tse disha mme ka ntlha ya go dira lefatshe selo se le sengwe fela, difeshene tse disha di kgona go bonwa motlhofo fela ka nako e le nngwe mo diterateng tsa Tokyo, New York, Paris, le São Paulo. Go ntse go le jalo, badiri ba ditaele le ba ba dirang diaparo ba bone ditsela tse disha tsa go buelela diaparo tsa bone.

Gompieno basha ke bone ba ba ratang feshene thata go feta bahumi. Ba le dimilione ba reka diaparo tse disha kgwedi le kgwedi mme madirelo a diaparo a dira diaparo tse di ka jang makgolokgolo a dibilione a didolara ngwaga le ngwaga. * A mme go na le dirai dingwe tse di fitlhegileng?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Mo ngwageng nngwe ya bosheng jaana, tlhwatlhwa ya diaparo tse di dirilweng e ne e akanyediwa gore e ka nna diranta di le dibilione di le 2,4.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]

Basimolodi ba Difeshene

Ka makgolokgolo a dingwaga dikgosi le batho ba maemo a a kwa godimo ba ne ba tlhoma tsela e go tshwanetseng ga aparwa ka yone. Mo lekgolong la bo17 la dingwaga, Kgosi Louis XIII wa Fora o ne a swetsa gore a rwale wiki go fitlha lefatlha la gagwe. Go ise go ye kae, batlotlegi ba Yuropa ba ne ba ipeola ditlhogo mme ba rwala diwiki—setaele se se neng sa nna gone lobaka lo lo fetang dingwaga di le lekgolo.

Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, dimakasine tsa basadi di ne di bontsha ditaele tsa feshene e bile di ne di ntsha dipaterone tse di sa tureng gore basadi ba kgone go itirela diaparo tsa bone. Mo lekgolong la bo20 la dingwaga, fa dibaesekopo le thelebishene di tlalatlala, batshameki ba ditshwantsho tsa dibaesekopo ba ne ba nna batho ba ba tseelwang kwa godimo ke batho ba ditšhabatšhaba mme ba ne ba tlhoma ditaele tsa feshene. Diopedi tse di itsegeng le tsone di ne di apara diaparo tsa ditaele tse di feteletseng, tse basha ba le bantsi ba neng ba di etsa ka bonako. Gompieno dilo ga di a fetoga go le kalo, jaaka baphasalatsi ba dirisa ditshupo tsa feshene, dimakasine tse dintlentle, mamati a magolo a diphasalatso, difensetere tsa mabenkele le diphasalatso tsa thelebishene ka tsela e e tlhotlheletsang batho gore ba batle diaparo tse disha.

[Setshwantsho]

Kgosi Louis XIII

[Motswedi wa Setshwantsho]

From the book The Historian’s History of the World

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Seaparo seno sa letsela la leloba sa Egepeto wa bogologolo e ne e le sengwe sa difeshene tsa lefatshe tse di neng tsa nna mo fesheneng ka lobaka lo loleele thata

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photograph taken by courtesy of the British Museum

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Kwa Roma wa bogologolo basadi ba ne ba apara “stola”

[Motswedi wa Setshwantsho]

From the book Historia del Traje, 1917

[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Kimono ga e bolo go nna gone go tloga mo e ka nnang ka 650 C.E.

[Motswedi wa Setshwantsho]

From the newspaper La Ilustración Artística, Volume X, 1891

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Seaparo se se turang mo metlheng ya bogologolo se ne se ka nna mo fesheneng ka lobaka lo loleele

[Motswedi wa Setshwantsho]

EclectiCollections

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Diphetogo tse dikgolo mo madirelong di dirile gore batho ba maemo a a kwa tlase ba amege thata ka feshene go feta pele

[Motswedi wa Setshwantsho]

EclectiCollections