Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Kgerisa—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe

Go Kgerisa—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe

Go Kgerisa—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe

“Fa o ka tla sekolong ka moso, re tlile go go bolaya.”—Moithuti mongwe wa kwa Canada yo o bidiwang Kristen o ne a tshosediwa jalo mo founong ke mosetsana mongwe yo o neng a se ka a itsise leina la gagwe. *

“Ga ke motho yo o laolwang ke maikutlo, mme ke ne ka simolola go ikutlwa ke sa batle go ya sekolong. Ke ne ke segwa ke mala, mme moso mongwe le mongwe fa ke sena go fitlhola, ke ne ke kgwa.”—Hiromi, moithuti wa dingwaga tsa bolesome kwa Japane, o gakologelwa nako ya fa a ne a kgerisiwa.

A O KILE wa kgerisiwa ke mongwe? Bontsi jwa rona re kile ra diragalelwa ke seno ka nako nngwe. Gongwe e ne e le kwa sekolong kana kwa tirong, kana gongwe seno se ile sa direga mo lelapeng—lefelo le bosheng jaana seno se diregang thata mo lone. Ka sekai, buka nngwe ya kwa Boritane e fopholetsa gore diperesente di le 53 tsa batho ba ba godileng ba kgobiwa ka mafoko ke balekane ba bone ba lenyalo kana balekane ba ba nnang le bone fela kwantle ga lenyalo. Batho ba ba kgerisang le ba ba kgerisiwang e ka nna banna kana basadi, e bile e ka nna batho ba maemo ape fela mo botshelong mo karolong epe fela ya lefatshe.

Tota go kgerisa ke eng? Ga go tshwane le go tlhorontsha kana go tlhasela. Gantsi go akaretsa ditiro di le dintsi tse dinnye tse di nnang di oketsega fa nako e ntse e ya go na le gore e nne tiragalo e le nngwe kana di le mmalwa fela. Moithutatlhaloganyo e bong Dan Olweus, yo o di gogang kwa pele mo dipatlisisong tse di kaga go kgerisa, o tlhalosa dilo dingwe tse motho a ka lemogang boitshwaro jono ka tsone, tse di jaaka go ikgalefisa le go gatelela batho ba ba sa kgoneng go iphemela.

Gongwe tlhaloso e le nngwe fela ga e a lekana go tlhalosa gore go kgerisa ke eng, mme go kgerisa go ile ga bidiwa gore ke “go batla go utlwisa ba bangwe botlhoko ka boomo le go ba ngomola pelo.” Motho ga a ngomolwe pelo fela ke se se diragalang ka yone nako eo mme gape o ngomolwa pelo ke go boifa se se ka nnang sa direga. Ditsela tsa go kgerisa di ka akaretsa go kgesa motho ka mafoko a a bogale, go tshwaya motho diphoso nako le nako, go mo sotla, go mo seba le go mmatla dilo tse dintsintsi.—Bona lebokoso le le mo go tsebe 12.

Kristen, mosha wa dingwaga tsa bolesome yo o umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno, o ne a kgerisiwa thata mo dingwageng tsa fa a ne a tsena sekolo. Fa a ne a le mo sekolong se sepotlana, batho ba ba mo kgerisang ba ne ba rata go kgomaretsa tšhunkama mo moriring wa gagwe, ba mo sotla ka ditebego tsa gagwe ba bo ba mo tshosetsa ka gore ba tla mo itaya. Fa a le kwa sekolong se segolo, dilo di ne tsa nna maswe le go feta—go ya bokgakaleng jwa gore a tshosediwe mo founong gore o tla bolawa. Gone jaanong o na le dingwaga di le 18, mme o bolela jaana: “Sekolo ke lefelo la go ithuta, e seng la go kgerisiwa le go nna o tshosediwa ka gore o tla bolawa.”

Moitse mongwe wa malwetse a tlhaloganyo o akgela jaana: “Ke boemo jo bo utlwisang botlhoko mme gone e le jo bo tlwaelegileng jwa tsela e batho ba tshwaranang ka yone. Batho bangwe ba itumelela go nna ba nyenyefatsa batho ba bangwe.” Fa boitshwaro jo bo ntseng jalo bo ntse bo gola, bo ka dira gore motho a ipusolosetse ka tsela e e setlhogo. Ka sekai, modiri mongwe wa dipalangwa tsa botlhe yo o neng a na le bothata jwa go kwakwaetsa o ne a sotliwa le go kgerisiwa thata mo a ileng a feleletsa a bolaile badirimmogo le ene ba le banè, mme morago ga moo a bo a iphula ka tlhobolo.

Go Kgerisa go Fitlhelwa mo Lefatsheng Lotlhe

Go kgerisana ga bana ba ba tsenang sekolo go diragala mo lefatsheng lotlhe. Patlisiso e e gatisitsweng mo bukeng ya Pediatrics in Review e senola gore kwa Norway, diperesente di le 14 tsa bana di a kgerisa kana di a kgerisiwa. Kwa Japane, diperesente di le 15 tsa baithuti ba sekolo se sepotlana ba bolela gore ba a kgerisiwa, fa kwa Australia le Spain bothata jono bo diragalela diperesente di le 17 tsa baithuti. Kwa Boritane, mankge mongwe o bolela gore dimilione di le 1,3 tsa bana di a kgerisa kana di a kgerisiwa.

Porofesa Amos Rolider wa Emek Yizre’el College o ne a dira dipatlisiso ka baithuti ba le 2 972 mo dikolong di le 21. Go ya ka The Jerusalem Post, porofesa yono o fitlhetse e le gore “65% ya baithuti e ne e ngongorega ka go itewa, go ragiwa, go kgoromediwa kana go sotliwa ke baithuti ba bangwe.”

Mokgwa o mosha le o o bofitlha o o nnang gone ke wa go kgerisa ka didirisiwa tsa ileketeroniki—go romela melaetsa e e tshosetsang ka difouno tsa selula le dikhomputara. Basha gape ba itirela mafelo mangwe mo Internet a mo go one ba kwalang dilo tse di bontshang letlhoo ka motho yoo go akaretsa le tshedimosetso ya gagwe ya sephiri. Go ya ka Dr. Wendy Craig wa Queen’s University kwa Canada, tsela eno ya go kgerisa e “ka gobatsa ngwana yo o kgerisiwang fela thata.”

Kwa Tirong

Go kgerisiwa kwa tirong ke nngwe ya dilo tse di golang ka bonako tse go ngongoregwang ka tsone tse di amanang le tirisodikgoka ya kwa tirong. Tota e bile, dinaga dingwe di bega gore go kgerisiwa mo tirong go direga thata go gaisa go tlhaolwa ka lotso kana go tlhorontshiwa ka tlhakanelodikobo. Ngwaga le ngwaga, mo e ka nnang motho a le 1 mo go ba le 5 ba ba berekang kwa United States o a kgerisiwa.

Pego e e ileng ya ntshiwa ka 2000 ke University of Manchester Institute of Science and Technology kwa Boritane e boletse gore mo badiring ba le 5 300 ba dikhampani di le 70, diperesente di le 47 tsa bone di ile tsa bega fa di bone ditiragalo tsa go kgerisa mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng. Patlisiso ya 1996 ya European Union e e dirilweng mo dipotsolotsong di le 15 800 tsa dinaga tsa yone di le 15, e ile ya bontsha gore diperesente di le 8—e leng badiri ba le dimilione di le 12—ba ile ba tshosediwa kana ba kgerisiwa.

Mefuta yotlhe ya go kgerisa, e ka tswa e le kwa sekolong kana kwa tirong, go bonala e tshwana ka selo se le sengwe—go dirisa maatla go utlwisa ba bangwe botlhoko kana go ba nyenyefatsa. Mme gone, ke eng fa batho bangwe ba kgerisa ba bangwe? Matswela a seno ke eng? Go ka dirwa eng ka bothata jono?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Maina mangwe a fetotswe.

[Lebokoso mo go tsebe 12]

Mefuta ya Bakgerisi

Ba ba Kgerisang ka go Dirisa Dikgoka: Bano ba lemotshega motlhofo. Ba bontsha go galefa ga bone ka go itaya, go kgorometsa kana go raga motho yo ba mo kgerisang—kana go senya dilo tsa motho yo ba mo kgerisang.

Ba ba Kgobang Motho ka Mafoko: Ba dirisa mafoko go utlwisa botlhoko le go tlontlolola motho yo ba mo kgerisang, e ka tswa e le ka go mo taya maina, go mo tlhapatsa kana go mo kgoba ka mafoko a a bogale nako le nako.

Ba ba Senyang Motho Leina: Ba anamisa magatwe a a bosula ka motho yo ba mo kgerisang. Tsela eno ya go kgerisa e dirisiwa thata ke basadi.

Ba ba Kileng ba Kgerisiwa: Bano ke batho ba ba kileng ba kgerisiwa mme jaanong bone ka bobone ba fetogile bakgerisi. Ke boammaaruri gore, kgang ya go bo ba ile ba kgerisiwa ga e ba neye seipato sa gore le bone ba kgerise; e re thusa fela go itse lebaka la go bo ba kgerisa.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Motswedi: Take Action Against Bullying, ka Gesele Lajoie, Alyson McLellan, le Cindi Seddon